Nnang lo Thantse Mme lo Seka Lwa Robala
1 Ka ntlha ya boemo jwa lefatshe joo bo fetogang bo sa kgaotse, abo e le selo se se tshwanelang jang ne go bo setlhogo sa kopano ya potologo ya ngwaga wa tirelo wa ka 1991 e le “Nnang Lo Thantse mme Lo Seka Lwa Robala.” (1 Bathes. 5:6) Metseletsele eno e tlile go simolola ka September. Rotlhe re tshwanetse ra dira dipaakanyetso tsa gore re nne gone re dire jalo ka bonako fela fa molebedi wa potologo a sena go re itsise ka matlha a tsone.
2 Dingwe tsa dintlhakgolo tsa thulaganyo di tlile go akaretsa simphosiamo se se nang le dikarolo di le nnè tseo di rulaganyeditsweng go re thusa gore re ‘nne re thantse mo dilong tsotlhe.’ (2 Tim. 4:5, NW) Go sa kgathalesege boeleele jo re ka tswang gongwe re ne re na le jone mo nakong e e fetileng, re ka nna le katlego jang jaanong mo go tileng dirai tsa ga Satane le go ganana le moya wa lefatshe? Tlhomamisa gore o seka wa fosiwa ke tshedimosetso eno ya botlhokwa. Mo kopanong eno yotlhe ya matsatsi a le mabedi, gape tlhokomelo ya rona e tlile go lebisiwa mo kgakololong e e mosola go ka dirisiwa eo e leng mo bukeng ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo. O ka nna wa rata go tla le sekaelo sa gago. Basha segolobogolo ba tla tshwanelwa ke gore ba tlhwae tsebe ka mo go kgethegileng ba e tlhwaela tshedimosetso eo e tla bong e lebisitswe mo go bone ke molebedi wa potologo ka Matlhatso. Jaaka ka metlha, go tlile go nna le dithulaganyo tsa gore go nne le kolobetso ka Matlhatso, ka gone bao ba batlang go bontsha boineelo jwa bone kwa kopanong eno ya potologo ba tshwanetse ba itsise molebedi yo o okamelang go santse go na le nako thata ka mo go ka kgonagalang ka gone.
3 Ka Sontaga mo mosong go tla rutwa dithuto di le dintsi tse di botlhokwa go dirisiwa metseletsele ya dipontsho tse di bontshang kafa re ka solegelwang molemo ka gone go tswa mo dilong tse di ngomolang pelo, go akaretsa le go tswa mo diphosong tsa rona ka namana. Mo tshokologong molebedi wa kgaolo o tla neela puo ya phatlalatsa e e nang le setlhogo se se reng “Go Dira Dilo ka Botlhale mo Lefatsheng Le Le Senang Tlhaloganyo.” Baboledi botlhe ba Bogosi mmogo le batho ba ba kgatlhegang ba tshwanetse ba leka ka bojotlhe gore ba nne teng.
4 Ereka dikgatelelo tsa botshelo di tswela pele go oketsega, re solofela gore botlhe ba tla solegelwa molemo le go lapolosiwa ke thulaganyo eno e e rulaganyeditsweng go re kgothatsa. Re tla bona ditsela tseo ka tsone re ka nnang re thanyeditse ditlhokafalo tsa rona ka namana tsa semoya mmogo le tsa malapa a rona le tsa ba bangwe ba ba mo phuthegong le eleng go feta. Ikemisetse gore o nne teng mo kopanong eno yotlhe ya potologo le go nna o reeditse ka kelotlhoko mo thulaganyong yotlhe, “gonne gompiyeno polokō e re atametse bogolo go yale ka re simolola go dumèla.”—Bar. 13:11.