Go Sikara Morwalo wa Rona wa Boikarabelo
1 Mogopolo wa go nna le boikarabelo o lebega e le mokgweleo mo bathong bangwe gompieno. Ba le bantsi ba leka go o tila. Seno se felela ka gore banna ba tlogele basadi ba bone, bommè ba latlhe bana ba bone, basha ba tlogele sekolo, mme baagi ba tile go duela makgetho. Ditiro tse di bontshang go tlhoka boikarabelo ga di felele foo mme di a tswelela. Motho yo o nang le boikarabelo ke yo o ikanyegang, a iketleeditse ebile a kgona go arabela boitshwaro jwa gagwe. Ka jalo, Lefoko la Modimo le bontsha ka phepafalo gore Mokeresete “moñwe le moñwe o tla ithwalela morwalō oa gagwè.” (Bagal. 6:5) Abo go tswanela jang ne gore setlhogo sa kopano ya potologo ya ngwaga wa tirelo wa 1992 se bo se re “Go Sikara Morwalo wa Rona wa Boikarabelo”! Motseletsele ono o tla simologa ka September. Rotlhe re tshwanetse ra dira dithulaganyo tse di tlhomameng tsa go nna gone.
2 Go dirisiwa dipolelo, metshameko e mekhutshwane, dipontsho, maitemogelo, le dipotsolotso, thulaganyo e e molemo eno ya kopano ya potologo e tla bontsha ka phepafalo maikarabelo ao rotlhe re nang le one jaaka Bakeresete. Mo thapameng ya Matlhatso, go tla bo go na le simposiamo ya dikarolo tse nne eo e tlhalosang kafa rotlhe re ka tlhokomelang maikarabelo a rona ka boipelo ka gone. Basha ba rona ba na le maikarabelo ao ba tshwanetseng ba a rwala, mme polelo ya molebedi wa potologo eo e tla nnang gone ka Matlhatso thapama e tla bo e lebisitswe ka mo go kgethegileng mo go bone. Ka Matlhatso gape go tla bo go na le tshono ya gore botlhe bao ba sa tswang go ineela bosheng ba kolobediwe. Botlhe bao ba rulaganyetsang go kolobediwa kwa kopanong eno ya potologo ba tshwanetse ba itsise molebedi yo o okamelang nako e santse e le gone gore go tle go dirwe dipaakanyetso tsa seno.
3 Mo mosong wa Sontaga simposiamo e nngwe gape ya dikarolo tse nne e tla bua thata ka boikarabelo jwa rona jwa Bokeresete jwa go rera. Go tswa foo, ka Sontaga thapama, puo ya phatlalatsa ya setlhogo se se reng “Lefatshe Le Lesha la Modimo—Ke Mang Yo O Tla Tshwanelegelang go Tsena mo go Lone?” e tla neelwa ke molebedi wa kgaolo. Nna o ntshitse matlho dinameng gore o laletse botlhe ba ba sa tswang go kgatlhega bosheng gore ba reetse polelo eno.
4 Rotlhe re tla batla go rulaganya mabaka a rona gore re bo re le gone mme re solegelwe molemo ka botlalo ke thulaganyo eno e e molemolemo ya malatsi a mabedi. Molebedi wa lona wa potologo o tla lo itsise lefelo le matlha ao a rulaganyeditsweng phuthego ya lona.