Go Neela Mafoko a a Molemo—Ka go Simolola Dithuto Tsa Magae Tsa Bibela
1 Tsenyeletso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya August 1991 e ile ya re gakolola ka boikarabelo jwa rona jwa go jala le go nosetsa mo tirong ya go dira barutwa ba ga Keresete. E ne ya re bontsha gore re tshwanetse ra tlhotlheletsega go tshwara dithuto tsa Bibela ka ntlha ya go rata ga rona batho ba ba arabelang molaetsa wa Bogosi. Go simolola dithuto tsa magae tsa Bibela go tla re thusa gore re diragatse thomo ya rona ya go dira barutwa.—Math. 28:19, 20.
2 Go a itumedisa go bona gore ba le bantsi ba rona ba simolotse go dirisa kgothatso e e molemo eo re e neetsweng. Dipego di bontsha gore go ne ga tshwarwa dithuto tse dintsi tse di oketsegileng tsa Bibela. Ka 1991, palo ya dithuto tsa Bibela tse di begilweng mo Afrika Borwa e tlhatlogile mo e ka nnang ka 6 lekgolong go feta ya ngwaga wa tirelo wa 1990. Ruri, bao ba simolotseng go tshwara dithuto e le lekgetlo la ntlha ba a itumela mo seabeng seo ba nang le sone mo tirong eno ya go dira barutwa. Mme lefa go ntse jalo ba ba oketsegileng ba ka nna le seabe mo karolong eno e e duelang ya bodihedi jwa rona jang?
3 Dirisang Mpho ya Kgwedi: November ke kgwedi eo segolobogolo e tshwanelang thata ya go senka go simolola dithuto tse disha tsa Bibela. Re tla bo re tsamaisa buka ya Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? Tsela e e molemo ya go tsosa kgatlhego ya mong wa ntlo e tla nna go dirisa dikakantsho tseo di leng mo bukeng ya Go Fetolana.
4 Re ka dira gore Bibela e nne sedirisiwa se segolo ka go dirisa diketapele tseo di akantshitsweng mo go tsebe 10 ya buka ya Go Fetolana. Go na le ditsela di le tlhano tse di farologaneng tseo go tlotliwang ka tsone eleng ditsela tsa go lebisa tlhokomelo kwa Bibeleng. Go kgothaletsa batho gore ba batle dikarabo tse di tswang mo Bibeleng eleng dikarabo tsa dipotso tse di amanang le botshelo go ka nna ga felela ka gore thuto ya Bibela e simologe.
5 Kafa tlase ga setlhogwana se se reng “Thuto ya Bibela ya Legae” se se mo go tsebe 12 ya buka ya Go Fetolana, go na le dikakantsho di le pedi tseo di ka nnang mosola fela thata mo go lebiseng tlhokomelo kwa bukeng ya Lefoko la Modimo. Bobeding jwa tsone di kgothaletsa gore buka eno e dirisiwe ka mokgwa wa go e ithuta ka thulaganyo. Fa e le gore o simolola thuto ya Bibela ka go dirisa mokgwa wa go e buelela ka tlhamalalo, o ka latelela dikakantsho tse di molemo tse di mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya September 1991.
6 Ikanye Jehofa: Gore re atlege mo tirong ya go tshwara dithuto tsa Bibela, re tshwanetse ra gakologelwa gore go atlega mo go simololeng dithuto tsa magae tsa Bibela go ka fitlhelelwa fela ka thuso ya ga Jehofa. O na le seabe se segolo thata mo maitekong a rona a go thusa batho ba bangwe. (1 Bakor. 3:6) Ka gone, re tshwanetse go rapela eseng fela gore re bone mongwe yo re ka ithutang nae mme lefa go ntse jalo re tshwanetse ra rapela gape gore bao ba kgatlhegang bao re ba boneng ba gatele pele. (Yoh. 16:23) Re tshwanetse ra gakologelwa gore re “badihi mmogō le Modimo.”—1 Bakor. 3:9.