Go Jala le go Nosetsa—Dikgato Tse di Gogelang kwa go Direng Barutwa
1 “Nna ka yala, Apolose a nosa; me Modimo oa uñwisa.” (1 Bakor. 3:6) Ka go rialo moaposetoloi Paulo o ne a balolola dikgato tse tharo tsa motheo tsa go dira barutwa ba ga Keresete. Dikgato tsa ntlha tse pedi, go jala le go nosetsa, di akaretsa tshiamelo le boikarabelo tse di mo batlhankeng ba Modimo ba ba ineetseng ebile ba kolobeditswe.
2 Seno se tlhoka go rera phatlalatsa le ka ntlo le ntlo, ka tsela e e seng ya ka tlwaelo, le ka ditsela tse dingwe. Gape go akaretsa go tswelela pele o ruta batho go tlhokomela dilo tsotlhe tse Jesu a di laotseng. (Math. 28:19, 20) Kgato eno ya bofelo e ka dirwa fela ka go dira maeto a go boela kwa go bao ba bontshitseng kgatlhego, go tlotla le bone ka Bibela, le go tshwara dithuto tsa Bibela le bone. A o itshupa o le modirimmogo yo o ikanyegang, o dirisana le Jehofa ka go jala peo ya boammaaruri go tswa foo o bo o e latelela ka go e nosetsa le go e tlhagolela ka mo go tlhokegang?—1 Bakor. 3:9.
LEMOGA MATSWELA A A KA BONWANG LE TLHOKAFALO
3 Ka ngwaga wa tirelo wa 1990 mo Afrika Borwa, re ne ra anamisa dibuka le dibukana di ka nna 837 000 le dimakasine tse di fetang dimilione tse 5,5! (Kwa Botswana go ne ga anamisiwa dibuka le dibukana di le 18 148 le dimakasine di le 65 690; kwa Lesotho 12 812 le 79 729; kwa Namibia 29 137 le 83 097; kwa St. Helena 409 le 11 188 mme kwa Swaziland di le 14 961 le 82 654.) Gape re ne re na le batho ba ba fetang 130 000 kwa Segopotsong, e le palo e e fetang kgakala palogare ya baboledi ba ba 46 595 mo ngwageng oo. Go anamisa dibuka ke karolo ya botlhokwa mo letlhakoreng la go jala la tiro ya rona. Dipeo tsa boammaaruri tseo di jalwang ka tsela e e ntseng jalo di dira gore go kgonege tota gore go dirwe barutwa ba basha, mme lefa go ntse jalo a rona, jaaka badirimmogo ba Modimo, re ikutlwa re tlhotlheletsega gore re dire maeto a go boela mo bathong bano le go tlhagolela kgatlhego ya bone mo dikgannyeng tsa Bibela? Baboledi ba diphuthego tsa Afrika Borwa jaanong ba na le palogare ya dithuto tsa Bibela di le 0,6. (Kwa Botswana ba na le palogare ya dithuto tsa Bibela di le 0,8; kwa Lesotho e le 1; kwa Namibia di le 0,7; kwa St. Helena di le 0,5 mme kwa Swaziland 0,9.) Re tshepa gore palogare eno e ne e ka tokafala fa mmoledi mongwe le mongwe a ne a ka tlhatlhoba sentle ka tsela e e tlhomameng boikarabelo jwa gagwe ka namana jwa gore a a ka se ka a dira se se fetang go jala dipeo tsa boammaaruri fela mme a leke le go tshwara dithuto tse di gatelang pele tsa magae tsa Bibela. Lemororo ba bangwe, ka ntlha ya ditekanyetso tse di farologaneng, ba ka nna ba se ka ba kgona go tsamaisa thuto ya Bibela ya legae e le nngwe kana go feta foo, go molemo gore mongwe le mongwe a tlhatlhobe maemo a gagwe ka namana.
4 Go a kgatlhisa go bona seo se diragalang mo mafelong a mangwe. Diphuthego di na le tshimo e e ungwang mme di bega palogare ya dithuto tsa Bibela tsa magae e le nngwe go ya go tse pedi mmoledi mongwe le mongwe. Koketsego ya barutwa ba basha e tsamaisana le palo ya dithuto tse di tshwarwang tsa Bibela. Seno se ka bonwa ka go bapisa palogare ya baboledi le palo ya dithuto tsa Bibela mo dinageng tse di farologaneng jaaka fa e begilwe go 1991 Yearbook.
5 Seo se tshwanetseng sa re tlhotlheletsa go tshwara dithuto tsa Bibela e tshwanetse ya nna lorato lwa rona mo bathong bao ba arabelang mo molaetseng wa Bogosi oo re o rerang. Re tshwanetse gore ka bopeloephepa re nne le kamego e e lorato eo e tshwanang le eo Jehofa a nang le yone mo bathong mme re tlhaloganye gore ba tla bolokiwa fa ba gola semoyeng. (1 Pet. 2:2) Fela jaaka dijalo tsa mmatota di tlhoka metsi gore a di tlamele gore di gole, batho bao ba simololang go bontsha kgatlhego mo molaetseng wa Bogosi ga se gantsi ba ka simololang go nna gone kwa dipokanong fa ba sa kaelwe ka metlha go ya kwa phuthegong ya Modimo ka dithuto tsa Bibela tsa magae.
6 Go nna kutlo ga rona le gone go na le seabe. Jesu o ne a re bao ba leng kafa letlhakoreng la boammaaruri ba reetsa lentswe la gagwe. (Yoh. 18:37) O ne a laela barutwa ba gagwe gore ba rere ba bo ba rute, mme o ne a ba tlhomelela gore ba dire tiro eo. Ka sekao sa gagwe se se tlhomologileng jaaka morutisi le ka go amega ga gagwe mo go boteng ka batho, Jesu o ne a re tlhomela sekao se re tshwanetseng ra se latela fa re thusa ba bangwe. (Luke 6:40; Yoh. 13:13; 14:12) Maiteko a rona a ka nna le seabe mo go direng gore rona mmogo le bao re ba rutang re bolokwe.—1 Tim. 4:16.
DITHUSO TSA GO SIMOLOLA DITHUTO TSA BIBELA
7 Go siamisa tiro ya gagwe, modiri yo o setswerere o tlhopha didirisiwa tsa gagwe go tswa mo go tse dingwe tse di farologaneng tseo a ka di dirisang. Jaaka barutisi, re na le dikgatiso tse dintsintsi tseo re ka di dirisang, tse di akaretsang diboroutšhara le dipampitshana, tseo di dirilweng e le didirisiwa tseo di ka re thusang go fitlhelela dipelo tsa batho bao ba tswang mo mafelong a a farologaneng ebile ba leba dilo ka ditsela tse di farologaneng.
8 Baboledi bangwe ba ile ba itemogela matswela a a molemo a go dirisa dipampitshana le diboroutšhara jaaka diketapele tsa metlotlo e e tswang mo Bibeleng. Ka sekai, pampitshana ya Botshelo mo Lefatsheng le Lesha le le nang le Kagiso e bontsha kana e tsopola ditemana di feta 20 tse di farologaneng go tlhalosa tsholofetso eno e e molemolemo. Dikwalo tseno di ka dirisiwa go tlhagolela metlotlo e le mmalwa ya Bibela e e tsosang kgatlhego. Diboroutšhara tsa rona, ka tsela e e gogelang ebile e le motlhofo, gape di ka tlwaelanya batho le boammaaruri jwa motheo jwa Bibela mme di ka ba tlhotlheletsa gore ba batlisise mo go oketsegileng.
9 A o itse mongwe yo o sa rutegang kana yo a sa boneng sentle? A o kile wa leka go dirisa boroutšhara ya Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng! go simolola motlotlo o o tswelelang pele wa Bibela le motho yo o ntseng jalo? Boroutšhara ya Bōnañ ke sedirisiwa se sengwe se se molemo se se nang le dirapa tse di simololang tseo ka botswerere di dirang gore mong wa ntlo a tsenelele mo go ithuteng kaga ditsholofetso tsa Modimo tsa isagwe. Mme kwantle ga pelaelo buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, eo e golotsweng ka 1982, e ile ya nna le matswela mo go thuseng palo e kgolo ya batho ba ba fetang 1 700 000 bao ba ileng ba kolobediwa fa esale go tloga foo.
GO DIRA KA BOIKARABELO MALEBANA LE BAO BA KGATLHEGANG
10 O ka nna wa go fitlhela go le mosola gore o lebe karata ya gago ya “Congregation’s Publisher Record” mme o lebe palo ya dibuka le dibukana (go akaretsa le diboroutšhara), le dimakasine tseo o di tsamaisitseng mo dikgweding tse 12 tse di fetileng. A go ile ga felela fela mo go tsamaiseng dibuka tseno? Kana a o ile wa dira se se fetang go jala fela? Mo bathong bao ba neng ba bontsha kgatlhego e e lekaneng gore ba tseye dingwe tsa dibuka tsa rona, ke ba le kae ba bone bao o ileng wa ikopanya le bone gape ka bofefo? A o ne wa boela go ya go bona gore a peo eo o e jadileng e ne e tlhogile? A o ne wa tswelela pele go nosetsa kafa go tlhokegang ka gone go tswa foo o bo o rapela Jehofa gore a ungwise?—Bapisa Ditihō 16:14 le 2 Bathesalonia 3:1.
11 Gongwe ga o dire maeto a go boela le gone ga o tshware thuto ya Bibela ka gonne o ikutlwa gore o ka se ka wa kgona. Gongwe seno e ka tswa e le ka ntlha ya tsela eo o lebang dilo ka yone e seng gore ga o kgone. Jehofa ga a ka a romela batho ba gagwe gore ba ye go dira tiro mme a sa ba dira gore ba tlhomelele sentle ba bo ba tshwanelegele seo. A dirisa Lefoko la gagwe le le boitshepo le phuthego ya gagwe, o re baakanyetsa “tihō ñwe le ñwe e e molemō.” (2 Tim. 3:16, 17; 2 Bakor. 3:5, 6) O re neela seo re se tlhokang a dirisa moya o o boitshepo, dikgatiso, tao e e neelwang ka molomo le dipontsho tseo di neelwang mo seraleng, re sa bue sepe ka dikao tse di tshelang tsa batlhanka ba ba ditswerere le ba ba ineetseng bao ba iketleeditseng go re thusa. Ga re tlhoke thutego e kgolwane ya lefatshe e le gore re tle re tshware thuto ya Bibela. Mme gone re tlhoka go tsaya kgato ka thuto e e kwa godimo ya semoya eo e neelwang ke phuthego ya ga Jehofa.—Bapisa Ditihō 4:13.
12 Go tlhokega gore motho ka namana a dirise seo se neelwang go Tirelo ya Rona ya Bogosi, Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo, Dipokano tsa Tirelo, le ke mekgwa e mengwe ya go laya. Ka tlhamalalo moaposetoloi Paulo o ne a bolelela Bakeresete ba Bahebera jaana: “Gonne, ha e le kaga lobaka, lo bo lo chwanetse loa bo ne ne hano lo le baruti, me lo bile lo sa nntse lo tlhōka gore bañwe ba lo rutè ditlhaka tsa tshimologō tsa mahoko a Modimo.” (Baheb. 5:12) Motho yo o dirang tiro nngwe ka lobaka lwa dingwaga di le mmalwa o solofelwa gore a bo a bapetse selekanyo se se rileng sa botswerere jwa go dirisa didirisiwa tsa gagwe. Botswelelopele jwa rona mo go ithuteng gore re ka nna le metlotlo ya Bibela jang bo tla bonala fa re bontsha kgatlhego ya mmatota mme re iteka ka tlhoafalo.—Dia. 12:24; 22:29.
13 Go boela kwa bathong bao ba bontshang kgatlhego mo molaetseng wa Bogosi le go tsweledisa motlotlo le bone ka dikgang tsa Bibela go lopa nako le boiteko. Mme lefa go ntse jalo re tshwanetse go lemoga gore go bo re le mo boammaaruring ke tshupo ya ga Jehofa ya lorato le bopelonomi jo bo sa tshwanelang. Bo ile jwa bontshiwa go dirisiwa mongwe yo o ileng a senya diura di le dintsi a re ruta boammaaruri ka bopelotelele. Fela jalo, lorato lo tshwanetse lwa re tlhotlheletsa gore re senye nako e e lekaneng mme re e dirisetse tiro eno e e botlhokwa segolo ya go dira barutwa.—2 Bakor. 5:14, 15; Baef. 5:15, 16.
14 Diphuthego di le dintsi di ile tsa latela kakantsho e e dirilweng ke Mokgatlho ya go dira dithulaganyo tsa go neela bosupi maitseboa. Diura tsa fa go sa le lotlatlana gantsi ke yone nako e e siametseng go dira maeto a go boela mo go bao ba ileng ba bontsha kgatlhego. Rekoto ya ka ntlo le ntlo, eo e neelang tshedimosetso e e tlhokegang kaga batho bao ba neetsweng bosupi, e botlhokwa gore go dirwe maeto a go boela ao a nang le matswela le go simolola metlotlo kaga Bibela. O se ka wa tsenya direkoto tseno mo bukeng kana mo Bibeleng o bo o di lebala. Go se gakologelwe go dira loeto lwa go boela go fitlha dibeke moragonyana fa go direga gore o bo o le mo tikologong eo go dira gore motho yoo a nne le phatlha ya go ka etelwa ke barongwa ba ga Satane, bao ba itumelelang go phamola seo se ka tswang se jadilwe mo pelong ya motho yoo. (Luke 8:12) A o tla fenya maano a ga Satane ka go boela ka bonako? Fa o lemoga boikarabelo jwa gago mme o anaanela tshiamelo ya gago, o tla boela ka bonako, fa go kgonega.—1 Bakor. 9:16, 23.
KAFA O KA SIMOLOLANG THUTO YA BIBELA KA GONE
15 Go simolola thuto ya Bibela ga go akaretse mokgwa mongwe o o bokete, o o raraaneng. Batho bangwe e ka nna ya re ka bofefo fela ba amogela mpho eo ba e neelwang ka tlhamalalo ya go ba tshwarela thuto ya Bibela ya legae. Lefa go ntse jalo, baboledi ba le bantsi ba tlhopha gore ba se ka ba umaka thuto mme ba dire fela gore motlotlo wa Bibela o lebe gone koo.
16 Go tlhokega lorato lwa go rata batho le keletso ya boammaaruri ya go ba thusa. Gape go tlhokega go baakanyetsa sentle. Seno se tshwanetse sa akaretsa go boeletsa dintlha tseo o ka tswang o di kwadile kaga seo o setseng o se buile le motho yoo le go dira tshwetso ya gore o tla dira jang go tsweledisa motlotlo wa Bibela. Nna o akantse gore ka kakaretso dikakgelo tsa gago di tla leba kae. A o tla tlhopha ditemana tse dingwe gape di sekae tse di malebana le kgang eo lo e tlotlileng pelenyana? Kana a o ka bula pampitshana kana buka eo motho yoo a nang le yone mme o bo o tlhatlhoba dirapa di sekae tse di kwa tshimologong le ene? O ka nna wa tlhopha kgang eo a ileng a bontsha kgatlhego mo go yone. Fa o simolola, dirisa metsotso e le 10 kana 15 fela. Fa go ntse go ya nako e ka nna ya okediwa, go ikaegile ka gore kgatlhego eo e bontshiwang e kana kang. Go sekaseka dilo sentle ga gago go tshwanetse ga go thusa go lemoga gore o ka tswelela jang le gore o ka nna lobaka lo lo kae.
17 Mo dingwageng tse di ntseng di feta go ile ga neelwa dikakantsho tse dintsi tse di mosola go go thusa go tsaya dikgato tse di tswelelang pele tsa go dira barutwa. E le karolo ya metseletsele, ditokololo tsa October le November tsa 1990 tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi di ne di na le ditlhogo tse di mosola tse di reng “Fitlhelelang Dipelo Ka go Tshwara Dithuto Tse Di Nang le Matswela” le “Go Kaela Diithuti tsa Bibela kwa Phuthegong ya ga Jehofa.” Tirelo ya Rona ya Bogosi ya February 1987 e ne e na le setlhogo se se reng “Go Baakanyetsa Dithuto tsa Magae tsa Bibela le Go Di Tsamaisa.” Go tlhodumela Index ka bofefo kafa tlase ga “Bible Studies” go tla go kaela kwa tshedimosetsong e e oketsegileng e e mosola.
18 Ela tlhoko seo se dirwang kwa Thutong ya Buka ya Phuthego, eo e leng sekao sa kafa go ka tshwarwang thuto ka gone. Gone ke boammaaruri, mo thutong ya legae ya Bibela, ga go nne le selekanyo se se rileng sa tshedimosetso seo se tlhophiwang go sa le pele gore se tla akarediwa. Ka jalo o tshwanetse wa akaretsa tshedimosetso ka selekanyo se se laolwang ke nonofo eo seithuti se kgonang go tshwara dintlha ka yone le ditlhokafalo tsa sone. Mo godimo ga moo, molebedi wa tirelo le baboledi ba bangwe bao ba nang le boitemogelo le babulatsela ba ka itumelela thata gore ba tsamaye le wena mme ba neele dikakantsho tse di mosola tsa go tshwara dithuto tsa Bibela tse di nang le matswela.
19 Ka go lemoga gore Jehofa o na le karolo e kgolo mo maitekong a rona a go thusa batho, re tshwanetse ra rapelela eseng fela gore re bone mongwe yo re ka ithutang le ene mme gape re rapelele gore ba ba kgatlhegang bao re ba boneng ba gatele pele. Tsela eo re lebang dilo ka yone le maikutlo a rona a tshwanetse a tshwana le a ga moaposetoloi Paulo fa a ne a rerela Kgosi Ageripa: “Leha e ka bo e le ka bonnye leha e le ka bogolo, Modimo o ka ka oa mma, go re, e señ wèna wesi, e leñ botlhe ba ba nkutlwañ gompiyeno, ba nnè yaka nna.” (Dit. 26:29) Paulo o ne a batla gore batho ba ba mo utlwang ba fetoge barutwa ba ga Keresete ba mmatota, lefa seno se ne se ka tlhoka nako e khutshwane kana nako e telelenyana ya gore batho bao ba thusiwe ka namana.
20 Go tshwara dithuto tsa Bibela go dira gore re kgone “go shupa Mahoko a a Molemō a tshegōhaco ea Modimo.” (Dit. 20:24) Go ka tswa go santse go na le batho ba le bantsintsi bao ba ka ntshiwang mo lefifing mme ba tsenngwa mo leseding le go tswa mo taolong ya ga Satane ba ya mo go ya Modimo. (Dit. 26:18) Wena, motho yo o ineetseng, motlhanka yo o kolobeditsweng wa ga Jehofa, o tshwanetse wa dira karolo ya gago ka go jala dipeo tsa boammaaruri go tswa foo o bo o tswelela pele ka go di nosetsa o dirisa metlotlo ya Bibela le dithuto tsa ka metlha tsa magae tsa Bibela. Ka tsela e e ntseng jalo o ka ipelela go bona batho ba fetoga barutwa ba bo ba kopanela mo go thuseng ba bangwe gape gore e nne barutwa ba ga Jesu Keresete.