Rera O bo O Neele Bosupi ka Botlalo
1 Jaaka “moeteledipele le molaodi,” Jesu o ne a thapisetsa barutwa ba gagwe tiro e kgolo ya go rera e e neng e sa ntse e larile kwa pele. (Isa. 55:4; Luke 10:1-12; Dit. 1:8) Moaposetoloi Petere o ne a tlhalosa thomo e Jesu a ba e neileng ka mafoko ano: “O ne a re laela go rerela batho le go neela bosupi ka botlalo gore yono ke Ene yo Modimo a neng a mo naya taelo ya go nna moatlhodi wa batshedi le baswi.” (Dit. 10:42) Go neela bosupi ka botlalo go akaretsang?
2 Re ka ithuta go le gontsi fa re sekaseka sekao sa ga moaposetoloi Paulo. Fa a ne a kopane le banna ba bagolwane ba kwa phuthegong ya Efeso, o ne a ba gakolola jaana: “Ke ne ke sa ithibe go lo bolelela sepe sa dilo tse di neng di na le poelo le fa e le go lo ruta phatlalatsa le ka ntlo le ntlo. Mme ke ne ka naya bosupi ka botlalo mo Bajudeng le mo Bagerikeng kaga boikwatlhao mo Modimong le tumelo mo Moreneng wa rona Jesu.” Le fa Paulo ka boene a ne a lebana le diteko, o ne a dira ka natla gore a fitlhelele batho ba le bantsi ka mo a ka kgonang ka gone ka dikgang tse di molemo. O ne a sa kgotsofalela fela go ruta bareetsi ba gagwe dithuto tsa motheo, mme o ne a batla go ba bolelela “boikaelelo jotlhe jwa Modimo.” O ne a iketleeleditse go dira ka natla le go intsha setlhabelo gore a kgone go fitlhelela seno. O ne a bolela jaana gape: “Ga ke tseye moya wa me e le o o botlhokwa o o rategang mo go nna, fa fela ke ka wetsa lobelo lwa me le bodiredi jo ke neng ka bo amogela jwa Morena Jesu, gore ke neye bosupi ka botlalo jwa dikgang tse di molemo tsa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo.”—Dit. 20:20, 21, 24, 27.
3 Re ka etsa jang sekao sa ga Paulo gompieno? (1 Bakor. 11:1) Ka go batla batho ba ba tshwanelang le fa rona ka borona re lebane le diteko, ka go leka go fitlhelela batho ba ditso tsotlhe le dipuo ka dikgang tse di molemo le ka go tlhagolela ka tlhoafalo kgatlhego e re e bonang. (Math. 10:12, 13) Seno se tlhoka nako, maiteko le go rata batho.
4 A o ka Nna Mmulatsela yo o Thusang? March le April e ka nna tshono ya gago e ntle ya go neela bosupi ka botlalo ka go nna mmulatsela yo o thusang. A bo go ne go kgothatsa jang ne mo ngwageng o o fetileng go bona ba le bantsi ba dira maiteko a a kgethegileng a go nna babulatsela ba ba thusang!
5 Kgaitsadi mongwe wa dingwaga tse 80 yo o lwalang thata o ne a tlhotlhelediwa ke kgothatso e e tswang mo phuthegong ya ga Jehofa. O ne a kwala jaana: “E ne ya tsosa keletso e ke neng ke na le yone mo pelong ka lobaka lo loleele, mme e ne ya dira gore ke ikutlwe gore ke tshwanetse go tsaya bobulatsela jo bo thusang gape.” O ne a swetsa go bula tsela ka March. O ne a bolela jaana: “Selo sa ntlha se ke neng ka se dira e ne ya nna go nna fa fatshe mme ke tlhatlhobe dilo go bona gore a nka kgona. Ke ne ka buisana le morwadiake ka gone ka gonne ke ne ke tla tlhoka thuso ya gagwe. O ne a nkgakgamatsa fa le ene a ne a dira kopo ya go nna mmulatsela.” Mo kgweding eo, kgaitsadi yono yo o godileng o ne a dirisa diura di le 52 mo bodireding. “Ke ne ka rapela Jehofa ka dinako tse dintsi gore a nneye nonofo fa ke ne ke ikutlwa ke felelwa ke maatla. Kwa bofelong jwa kgwedi ke ne ke itumetse thata e bile ke kgotsofetse, mme ke ne ka leboga Jehofa gantsi go bo a nthusitse. Nka rata go bo tsaya gape.” Maitemogelo a gagwe a a itumedisang a ka kgothatsa ba bangwe ba ba ratang thata go tsaya bobulatsela jo bo thusang le fa ba na le mathata a botsogo jo bo bokoa.
6 Mokaulengwe mongwe yo o neng a tlogedisiwa tiro a sa lebelela o ne a sola nako eo molemo ka go tsaya bobulatsela jo bo thusang. Fa kgwedi e ntse e ya, o ne a tlhoafalela tiro ya go rera le go feta, mme kwa bofelong jwa kgwedi eo o ne a setse a simolotse thuto e ntšha ya Baebele. Fa a akanya ka boitemogelo jono, o ne a re: “E ne e le kgwedi e e molemo tota!” A bo a ne a itumetse jang ne go bo Jehofa a ile a mo kaela le go mo thusa! Ee, Jehofa o ne a tshololela mokaulengwe yono masego a magolo ka ntlha ya maiteko a gagwe a a neng a a dira mo bodireding, mme le wena o tla go direla jalo.—Mal. 3:10.
7 Go nna mmulatsela yo o thusang ga se selo se se motlhofo mo go ba le bantsi. Le fa go ntse jalo, bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ne ba kgona go bula tsela le fa ba ne ba na le maikarabelo a kwa tirong, a lelapa le mathata a mangwe. Gantsi go neela bosupi ka botlalo go tlhoka gore re dirise nako ya rona e e botlhokwa le maatla, mme gone masego a re a bonang a magolo thata.—Dia. 10:22.
8 March le April ke dinako tse di siameng tsa go tsaya bobulatsela jo bo thusang. March e na le mafelobeke a le matlhano. Go dirisa mafelobeke ano le diura tsa maitseboa ka botlalo go ka dira gore bangwe ba batho ba ba berekang letsatsi lotlhe ba kgone go tsaya bobulatsela jo bo thusang. Mo godimo ga moo, o ka kgona go dirisa malatsi a boikhutso mo kgweding ya April. Bangwe ba ka nna ba bona malatsi a boikhutso go tswa kwa sekolong kana kwa tirong e leng se se ka ba thusang go fitlhelela diura tse di batlegang tse 50. Gape, go rulagantswe gore Letsatsi le le kgethegileng la Dimakasine le nne ka Matlhatso, April 5. E le gore o rulaganyetse diura di le 50 mo bodireding ka March kana April, a o ka dirisa nngwe ya dikai tsa dithulaganyo tsa bobulatsela jo bo thusang tse di tsentsweng mo kgatisong eno? Tlotla le ba bangwe ka thulaganyo ya gago; kwantle ga pelaelo, fa o dira jalo, seo se tla kgothatsa bangwe gore ba tsamaye le wena mo bodireding. Fa o sa kgone go tsaya bobulatsela jo bo thusang, ipeele mokgele o o rileng mo dikgweding tseno, mme o tshegetse ba ba kgonang go bula tsela. Rulaganya gone jaanong gore ka March le April o oketse tirelo ya gago.
9 Bontsha Gore o Anaanela Segopotso: Ngwaga le ngwaga ka paka ya Segopotso, ba le bantsi ba bontsha gore ba lebogela thekololo ka go “ithekela nako” ya gore ba nne babulatsela ba ba thusang. (Baef. 5:15, 16) Go ne go na le babulatsela ba ba thusang ba le 8 104 mo Afrika Borwa ngwaga o o fetileng ka March le ba ba 4 929 ka April. Seo se dira palogare ya batho ba le 6 516 mo go nngwe le nngwe ya dikgwedi tse pedi tseno. Bapisa palogare eo le ya 1 600 ya ba ba neng ba tsenela bobulatsela jo bo thusang mo kgweding nngwe le nngwe ya tse di fetileng tsa ngwaga wa tirelo. (Ngogola, go ne go na le babulatsela ba ba thusang ba le 120 kwa Botswana ka March le ba le 78 ka April, kwa Lesotho ba le 160 le ba le 203, kwa Namibia ba le 145 le ba le 71, kwa St. Helena ba le 14 le ba le 4 mme kwa Swaziland ba le 219 le ba le 139.) Re na le tshono e nngwe gape e e molemo mo pakeng eno ya Segopotso ya go bontsha gore re anaanela setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete ka bopeloephepa ka go oketsa seabe sa rona mo bodireding jwa tshimo.
10 Jaaka fa April 16 e ntse e atamela, akanya ka se Segopotso se se kayang mo go wena. Akanya ka ditiragalo tse di neng tsa direga pele ga loso lwa ga Keresete le dilo tse a neng a tshwenyegile thata ka tsone. Gape, akanya ka boipelo jo bo neng bo beilwe fa pele ga ga Jesu le kafa bo mo thusitseng ka gone gore a itshokele tshotlo e e ntseng jalo. Akanya ka boemo jo a leng mo go jone ga jaanong e le Tlhogo ya phuthego, a okametse tiro ya go rera le ya go dira barutwa. (1 Bakor. 11:3; Baheb. 12:2; Tshen. 14:14-16) Morago ga moo, bontsha gore o anaanela sotlhe se Keresete a se dirileng ka go nna le seabe ka botlalo mo tirong ya go rera go ya kafa maemo a gago a go letlang ka gone.
11 Kgothaletsa ba Bangwe go Neela Bosupi ka Botlalo: Fa bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba tsaya bobulatsela jo bo thusang, seo se tla ba naya tshono e e molemo ya gore ba kgothatse ba bangwe. Fa ba bereka le baboledi mo bodireding jwa tshimo le fa ba dira maeto a bodisa, ba na le tshono e e molemo ya gore ba thuse ba bangwe go nna le seabe ka botlalo mo tirong eno e e kgethegileng. E kete rotlhe re ka akanyetsa seno ka thapelo, mme seno se tla nonotsha maiteko a rona rotlhe a go neela bosupi ka botlalo.
12 Le fa gone bagolwane le batlhanka ba bodiredi botlhe ba tla bo ba dirisana mmogo le dithulaganyo tsa phuthego tsa go oketsa tirelo ya bone mo dikgweding tsa March le April, molebedi wa tirelo ke ene yo segolobogolo a tshwanetseng go dira dithulaganyo tse di tshwanetseng tsa tiro ya go rera. O tshwanetse go rulaganya mafelo a tirelo ya tshimo e tla tshwarelwang kwa go one, malatsi le nako e e siametseng bontsi jwa baboledi mme a dire gore go itsisiwe nako le nako. Go ka dirwa dithulaganyo tsa gore go kopanwe ka dinako di le mmalwa tse di sa tshwaneng mo letsatsing gore botlhe mo phuthegong ba nne le tshono ya go nna le seabe mo dikarolong tse di farologaneng tsa go rera. Tseno di ka akaretsa go bereka tshimo mo mafelong a kgwebo, go rera mo mmileng, go rera ka ntlo le ntlo, go dira maeto a go boela le go neela bosupi ka thelefouno. Mo godimo ga moo, o tshwanetse a rulaganya gore go nne le dibuka le dimakasine tse dintsi le gore tshimo e e berekiwang e nne gone mo dikgweding tseo.
13 Kgatiso e e tsamaisiwang ka March e tla bo e le buka ya Kitso, ka boikaelelo jwa go simolola dithuto tsa Baebele. Go na le dikakantsho tse di molemo tsa go tsamaisa buka ya Kitso mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya January 2002. Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka April e tla bo e le dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Leka go dirisa dikakantsho tse di tlhagelelang mo setlhogong se se reng “Se re Ka se Buang ka Dimakasine.” Botlhe ba tshwanetse go ipha nako ya go baakanyetsa sentle gore ba kgone go neela bosupi ka botlalo.
14 A bo re itumela jang ne go bo mo tirong ya rona re kaelwa ke Tlhogo ya phuthego, Keresete Jesu, le go nna le tshiamelo ya go bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo! Fa dikgwedi tsa March le April di ntse di atamela, a re lekeng gape go di dira dikgwedi tsa rona tse di itumedisang go gaisa ka go ikobela taolo ya ga Keresete ya gore re rere le go neela bosupi ka botlalo.
[Box on page 4]
Dithulaganyo Tse di Farologaneng Tsa go Tsaya Bobulatsela jo bo Thusang ka March le April 2003
Letsatsi Diura
Mantaga 1 2 — — 2 —
Labobedi 1 — 3 — — —
Laboraro 1 2 — 5 — —
Labone 1 — 3 — — —
Labotlhano 1 2 — — — —
Matlhatso 5 4 3 5 6 7
Sontaga 2 2 3 2 2 3
March 56 56 54 55 50 50
April 50 50 51 53 — —
A o ka dirisa nngwe ya dithulaganyo tseno?