LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 2/03 ts. 7
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
km 2/03 ts. 7

Dikitsiso

◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka February le March: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Go tla dirwa maiteko a a kgethegileng go simolola dithuto tsa legae tsa Baebele. April le May: Tsamaisa dikhopi tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Fa re boela kwa bathong ba ba kgatlhegang, re leke go tsamaisa boroutšhara jwa Re Direng. Go tshwanetse ga dirwa boiteko bongwe le bongwe go simolola thuto ya legae ya Baebele.

◼ Molebedi yo o okamelang kana mongwe yo o tlhophilweng ke ene o tshwanetse go tlhatlhoba diakhaonto tsa phuthego ka March 1 kana ka bonako jo bo kgonegang morago ga moo. Fa seno se dirilwe, itsise phuthego morago ga gore go balwe pego ya diakhaonto. Bala makwalo le fa e le afe a a bontshang go amogelwa ga meneelo e phuthego e e ntsheditseng tiro ya lefatshe lotlhe le a letlole le fa e le lefe le le tshegediwang ke mokgatlho.

◼ Mokwaledi le molebedi wa tirelo ba tshwanetse go sekaseka tiro ya babulatsela botlhe ba ka metlha. Fa go na le bape fela ba ba nang le bothata jwa go fitlhelela diura tse di lebeletsweng mo go bone, bagolwane ba tshwanetse go rulaganya gore ba thusiwe. Go bona dikakantsho, sekaseka makwalo a ngwaga le ngwaga a S-201. Bona gape le dirapa 12-20 tsa tsenyeletso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya August 1986.

◼ Setlhogo sa puo e e kgethegileng ya paka ya Segopotso ya 2003 se tla bo se re “A Nako ya go Atlholwa ga Babelona e Gorogile?” Bona kitsiso e e malebana le puo eno mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya September 2002.

◼ E re ka thulaganyo ya go amogela dipeeletso ka poso e ne ya khutlisiwa, go botlhokwa gore diphuthego di ntshe dimakasine tsa tsone tse disha tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka bonako fela fa di sena go di amogela. Seno se tla kgontsha baboledi go nna le dimakasine tsa bone ba bo ba tlwaelane le se di se buang pele ba ya go di tsamaisa kwa tirelong ya tshimo.

◼ Go simolola ka makasine wa March 1, 2003, Tora ya Tebelo ya mokwalo o mogolo e tla bo e le teng ka Se-Chichewa.

◼ Dikgatiso le dikhasete tse di latelang di dintsi thata mo setokong sa rona. Iponele khopi ya gago ka go e otara mo motlhankeng wa dibuka:

Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I—Sesotho

Go Reetsa Morutisi yo Mogolo—Seburu

Go Reetsa Morutisi yo Mogolo (ka khasete)—Seburu, Sezulu

Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo—Seburu

Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela (ka khasete)—Seburu, Sexhosa, Sezulu

Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele—Seburu, Sepedi, Sesotho, Sexhosa, Sezulu

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela