Dikgakololo Tsa Segopotso
Monongwaga Segopotso se tla ketekwa ka Laboraro, April 16. Bagolwane ba tshwanetse go ela tlhoko dintlha tse di latelang:
◼ Fa lo rulaganyetsa nako e go tla kopanwang ka yone, tlhomamisang gore ditshwantshetso ga di tsamaisiwe pele ga letsatsi le phirima.
◼ Batho botlhe, go akaretsa le sebui, ba tshwanetse ba itsisiwe nako e e tshwanetseng le lefelo le Segopotso se tla ketekelwang kwa go lone.
◼ Senkgwe le beine tse di tshwanetseng di tshwanetse go nna gone le go baakanngwa.—Bona Tora ya Tebelo ya February 15, 1985, tsebe 17.
◼ Dijana, digalase, tafole e e tshwanetseng le letsela la tafole di tshwanetse go tlisiwa kwa holong le go baakanngwa go sa le gale.
◼ Holo ya Bogosi kgotsa lefelo le lengwe le go tla kopanelwang mo go lone le tshwanetse go phepafadiwa sentle nako e sa le gone.
◼ Batlhokomedi le ba ba tla tsamaisang ditshwantshetso ba tshwanetse go tlhophiwa go sa le gale le go itsisiwe ditiro tsa bone, tsela e e tshwanetseng e ba tshwanetseng go dira dilo ka yone le gore ba apare le go ipaakanya ka tsela e e tlotlegang.
◼ Go tshwanetse ga dirwa dithulaganyo tsa gore batlodiwa bape fela ba ba paletsweng ke go nna gone ka ntlha ya bokoa jwa mmele ba tsamaisediwe ditshwantshetso.
◼ Fa motho yo o kgaotsweng a ka ja ditshwantshetso, ga a tshwanela go balwa e le mongwe wa ba ba jang mme a ka nna a balwa e le mongwe wa batho ba ba nnileng gone.—Bona Tora ya Tebelo ya February 1, 1976, tsebe 30.
◼ Fa go rulagantswe gore Holo e le nngwe ya Bogosi e dirisiwe ke diphuthego di feta e le nngwe, diphuthego tseno di tshwanetse tsa dirisana sentle gore go se ka ga nna le go kgotlhagana go go sa tlhokegeng mo kgorong, le ka kwantle ga holo le mo lefelong la go paka dikoloi. Kwa go kgonegang gone, go molemo gore go nne le metsotso e le 45 morago ga Segopotso pele ga se sengwe se simolola.