LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/03 ts. 8
  • Kafa Boammaaruri bo re Gololang ka Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa Boammaaruri bo re Gololang ka Gone
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Batho Ba Ba Gololesegileng mme Ba Ikarabela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Lo Se Ka lwa Dirisa Kgololesego E Lo E Filweng Ke Modimo ka Tsela E E Phoso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Direla Modimo wa Kgololesego e Bong Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
  • Lo A Amogelwa kwa Dikopanong tsa Kgaolo tsa “Batho ba ba Ratang Kgololesego”!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
km 3/03 ts. 8

Kafa Boammaaruri bo re Gololang ka Gone

1 Ka nako nngwe, Jesu o ne a bolelela Bajuda ba ba neng ba dumela mo go ene jaana: “Lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.” (Joh. 8:32) O ne a bua ka kgololesego e e fetang kgakala kgololesego ya ditshwanelo tsa batho, kgololesego e e ka bonwang ke botlhe—bahumi le bahumanegi, barutegi le batho ba ba sa rutegang. Jesu o ne a ruta boammaaruri jo bo neng bo tla golola batho mo bokgobeng jwa boleo le loso. Jaaka fa Jesu a ile a tlhalosa, “modiri mongwe le mongwe wa boleo ke motlhanka wa boleo.” (Joh. 8:34) A bo re tlhologeletswe jang ne nako ya fa batho botlhe ba ba kutlo ‘ba tla gololwang mo go nneng batlhanka ba go bola mme ba nne le kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo’!—Bar. 8:21.

2 Boammaaruri kaga Jesu le seabe sa gagwe mo go diragadiweng ga maikaelelo a Modimo ke jone bo tlisang kgololesego e e ntseng jalo. Bo akaretsa go itse ka setlhabelo sa thekololo se a se re ntsheditseng. (Bar. 3:24) Tota le gone jaanong, go amogela le go ikobela boammaaruri jwa Baebele go dira gore re gololesege mo poifong, mo tlalelong le mo mefuteng yotlhe ya ditiro tse di kotsi.

3 Go Gololesega mo Poifong le mo Tlalelong: Ga re a tshwanela go tlalelwa ka ntlha ya maemo a lefatshe ka gonne re a itse gore ke ka ntlha yang fa boikepo bo le gone e bile re a itse gore gautshwane bo tla fedisiwa mo lefatsheng. (Pes. 37:10, 11; 2 Tim. 3:1; Tshen. 12:12) Mo godimo ga moo, boammaaruri bo re golola mo dithutong tsa maaka kaga boemo jwa baswi. Re a itse gore baswi ba ka se re gobatse, gore ga ba tlhokofadiwe ka bosakhutleng le gore Modimo ga a bolaye batho gore ba ye go nna le ene kwa legodimong.—Mor. 9:5; Dit. 24:15.

4 Boammaaruri jo bo ntseng jalo bo ne jwa gomotsa rre mongwe le mmè mongwe fa ngwana wa bone a ne a tlhokafala mo kotsing. Mmaagwe ngwana yono o ne a re: “Go bulegile phatlha mo botshelong jwa rona e e ka se tswalegeng go fitlha re bona morwaarona gape ka nako ya tsogo. Mme gone re a itse gore kutlobotlhoko ya rona ke ya nakwana fela.”

5 Go Gololwa mo Ditirong Tse di Kotsi: Boammaaruri jwa Baebele bo ka fetola tsela e motho a akanyang ka yone le botho jwa gagwe, mme ga felela ka gore a gololesege mo mathateng a a ka tilwang. (Baef. 4:20-24) Go nna motho yo o ikanyegang le yo o dirang ka natla go fokotsa khumanego. (Dia. 13:4) Go bontsha lorato lwa go intsha setlhabelo go ka tokafatsa kamano ya motho le ba bangwe. (Bakol. 3:13, 14) Go tlotla botlhogo jwa Bokeresete go fokotsa mathata a lelapa. (Baef. 5:33–6:1) Go tlogela botagwa, boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, motsoko le diokobatsi tse di tshwakgolang go tokafatsa botsogo jwa mmele.—Dia. 7:21-23; 23:29, 30; 2 Bakor. 7:1.

6 Lekawana lengwe le ne le palelwa ke go tlogela diokobatsi tse di neng di le tshwakgotse ka dingwaga di le robonngwe. Letsatsi lengwe o ne a kopana le mmoledi mongwe a le mo tirelong ya mmila. O ne a amogela dikgatiso, mme dithulaganyo di ne tsa dirwa gore a etelwe kwa legaeng la gagwe. Go ne ga simololwa thuto ya Baebele. Dikgwedi tse pedi moragonyana monna yono o ne a tlogela diokobatsi gotlhelele, mme morago ga dikgwedi di le robedi a ntse a ithuta, o ne a kolobediwa. Mogoloe le mogatsa mogoloe ba ne ba simolola go ithuta Baebele fa ba bona a tlogetse diokobatsi tse di neng di mo tshwakgotse jaana.

7 Thusa ba Bangwe go Gololesega: Botlhe ba ba sa bolong go golegiwa ke dithuto tsa maaka ba ka nna ba bona go le thata go tlhaloganya kgololesego e e tlisiwang ke Lefoko la Modimo. Go ba fitlhelela dipelo go ka tlhoka gore barutisi ba tlhoafale ka tsela e e kgethegileng le go baakanyetsa sentle. (2 Tim. 4:2, 5) Eno ga se nako ya gore re goge dinao mo tirong ya rona ya “go bolela kgololego mo go ba ba isitsweng botshwarwa.” (Isa. 61:1) Kgololesego ya Bokeresete e botlhokwa thata. Go e bona go raya botshelo jo bo sa khutleng.—1 Tim. 4:16.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela