Lo A Amogelwa kwa Dikopanong tsa Kgaolo tsa “Batho ba ba Ratang Kgololesego”!
KGOLOLESEGO! Abo lefoko leno le utlwala le le monate jang ne! Ga go na motho ope yo o ipelelang go nna mo kgolegong kana mo botshwarong. Mo dingwageng tsa bosheng fela jaana go ile ga nna le ditiragalo di le dintsi tseo di neng di lebisa kwa go bonweng ga kgololesego e e solofetsweng ya sepolotiki go gaisa dipe fela tse di ka gakologelwang.
Lefa go ntse jalo, lemororo kgololesego ya sepolotiki e le selo se se eletsegang thata jalo, go na le kgololesego e e leng botlhokwa thata le go feta ebile e le e e eletsegang. Ke kgololesego eo Jesu Keresete eleng Morwa Modimo, a neng a bua ka yone fa a ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana: “Ha lo nna mo lehokuñ ya me, hoñ lo bo lo le barutwa ba me rure; Me lo tla itse boamarure, me boamarure bo tla lo golola.” (Yohane 8:31, 32) Seno ke kgololesego ya go tswa mo ditumelong tsa maaka tsa bodumedi, kgololesego ya go boifa motho, kgololesego ya go nna lekgoba mo go tshwakgolweng ke go dira boleo, le tse dingwe tse dintsintsi.
Ke kgololesego eno eo eleng setlhogo sa Dikopano tsa Kgaolo tsa “Batho Ba Ba Ratang Kgololesego” eo e tla tshwarwang ke Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe go tloga fa setlha sa selemo sa 1991 se simologa. Fa esale ka ngwaga wa 1919, o o neng wa tshwaiwa ke go gololwa ga melao ya puso mo bathong bao ba ba eteletseng pele, batho ba Modimo ba ntse ba ipelela kgololesego e e oketsegileng malebana le kobamelo ya boammaaruri.
Go a tshwanela go bo setlhogo sa kgololesego e ntse e le sone se se tlotlomadiwang thata mo dingwageng di le dintsi kwa dikopanong tsa bolegodimo, ka ditlhogo tse di ntseng jalo tse di jaaka “‘Kopano ya Bolegodimo ya Morafe O O Gololesegileng” le “Dikopano tsa Kgaolo tsa ‘Barwa ba Modimo ba Kgololesego.’” Kgololesego gape e tlotliwa ka botlalo mo dibukeng tse di ntseng jaaka “The Truth Shall Make You Free” le Life Everlasting—In Freedom of the Sons of God.
Kgololesego e e tswang kwa Modimong eo batlhanka ba ga Jehofa ba nang le yone ga se fela ya go ba boloka ba na le pholo e e molemo kana ba itumetse. Jaaka fa re bala mo go Bagalatia 5:13 jaana: “Gonne lona, ba ga echo, lo biledicwe kgololesègō; me lo se ka loa hetola kgololesègō ea lona sebaka sa nama go itihèla; me lo nnè batlhanka, moñwe oa eo moñwe, mo loratoñ.” Kopano ya Kgaolo ya “Batho Ba Ba Ratang Kgololesego” e tla re thusa gore re lemoge boikaelelo jwa kgololesego ya rona, e tla dira gore re kgone go tshwarelela kgololesego ya rona e e tlhwatlhwakgolo, le go re bontsha gore re ka e dirisa ka tsela e e ntseng jang e e molemolemo.
Kopano eno e tla simolola ka Labotlhano mo mosong ka 10:20 ka thulaganyo ya mmino eo e tla re dirang gore megopolo ya rona e siamele go amogela dijo tsa semoya tseo di tla bong di latela. Setlhogo sa letsatsi la ntlha ke “Go Itse Boammaaruri Jo Bo Re Gololang,” seo se thailweng go Yohane 8:32. Mo thulaganyong ya mo mosong go tla nna le dikakgelo tsa modulasetulo tsa go amogela le puo ya setlhogo, “Boikaelelo jwa Kgololesego E Re E Filweng ke Modimo le Kafa Re Ka E Dirisang ka Gone.” Puo eno e tla tlotlomatsa pharologanyo e e leng gone mo gare ga kgololesego e e feletseng ya ga Jehofa le kgololesego e nnye eo Modimo o re neelang yone. Gape e tla re kgothaletsa gore re dirise kgololesego e re nang le yone ka tsela e e molemolemo. Thulaganyo ya mo thapameng e tla tlotla ka dikarolo tse di farologaneng tsa kgololesego ya rona le bodihedi jwa rona mme e tla konela ka terama e e reng, Go Fiwa Kgololesego ya go Tsweledisa Kobamelo ya Boammaaruri Pele.
Setlhogo sa letsatsi la bobedi ke “Go Ema Re Tiile mo Kgololesegong E Re E Neilweng ke Modimo,” se se thailweng mo go Bagalatia 5:1. Thulaganyo ya mo mosong e tla bo e na le simposiamo seo se bontshang kafa maloko mangwe le mangwe a lelapa a ka ipelelang kgololesego eo a e neilweng ke Modimo mo teng ga lelapa ka teng. Bao ba ipaakanyeditseng gore ba ka kolobediwa ba tla anaanela dintlha tse di leng malebana le ka moo kgololesego e bonwang ka gone ka boineelo le kolobetso. Mo thulaganyong ya thapama go tla bo go na le motlotlo o o kgatlhisang wa gore a lenyalo ke selo sa konokono seo se lereng boitumelo kana nnyaa. Gape go tla bo go na le simposiamo se se buang ka dikarolo tse di farologaneng tsa kgololesego mme go latele puo e e konelang eo e bontshang Moemedi Yo Mogolo wa Modimo a re neela kgololesego le botshelo jo bo sa khutleng.
Sontaga e na le setlhogo se se reng “Go Dirisa Kgololesego ya Rona Tumalanong le Moya wa Modimo,” se se thailweng go 2 Bakorintha 3:17. Karolo eno e tla bo e na le karolo e e kgatlhisang thata ya simposiamo se se tla bong se bua ka setshwantsho sa ga Jesu se se leng go Mathaio 13:47-50, seo se bontshang kafa Basupi ba ga Jehofa ba direlang ka gone jaaka batshwari ba batho. Puo ya phatlalatsa ka thapama ya re “Go Amogela Lefatshe le Lesha la Modimo la Kgololesego ka Boitumelo!” E tla bo e latelwa ke karolo e ntšha ya kopano ya kgaolo: eleng tshobokanyo ya thuto ya Tora ya Tebelo ya beke eo. Mme thulaganyo eno e tla konela ka kgakololo ya Dikwalo ya gore re nne re tswelele pele mo go diriseng kgololesego ya rona e re e neilweng ke Modimo mo boitshwarong jwa rona le mo bosuping jwa rona.
Go batho botlhe ba ba ratang kgololesego, re bolela jaana ka mafoko a ga mopesalema Dafide: “A lo ko lo lekeñ lo bōnè ha Yehofa a le molemō.” (Pesalema 34:8) Dira maiteko otlhe ao o ka a kgonang gore o nne gone kwa kopanong eno. Dira gore o nne gone go tloga ka thulaganyo e e simololang mo mosong wa Labotlhano go ya go fitlha ka puo e e konelang ka Sontaga thapama. Fa o tla o eleditse dijo tsa semoya, o itse ka botlalo kafa o tlhokang dijo tsa semoya ka gone, o tla itumela eleruri! (Mathaio 5:3) Mme a re se ka ra bo ra itlhokomolosa molaomotheo ono, “Yo o jalang ka bontsi o tla roba ka bontsi.” Seno gape se ama kafa re dirang ka natla ka gone go baakanyetsa e santse e le nako gore re nne gone, ka moo re reetsang ka tlhoafalo ka gone fa thulaganyo e neelwa, le tlhagafalo e re tla tsayang ditshiamelo dipe fela tsa tirelo ya boithaopo tseo re di bonang kwa Dikopanong tsa rona tsa Kgaolo tsa “Batho Ba Ba Ratang Kgololesego.”—2 Bakorintha 9:6.