LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 6/1 ts. 10-15
  • Batho Ba Ba Gololesegileng mme Ba Ikarabela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Batho Ba Ba Gololesegileng mme Ba Ikarabela
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgololesego ya Bomodimo—E Na le Boikarabelo
  • Kgololesego ya Batho ba Modimo O Ba Itlhophetseng
  • Kafa Kgololesego ya Bokeresete E Ntseng ka Gone
  • Ba Gololesegile Mme Ba Ikarabela
  • Direla Modimo wa Kgololesego e Bong Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
  • Lo Se Ka lwa Dirisa Kgololesego E Lo E Filweng Ke Modimo ka Tsela E E Phoso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • O ka Bona Jang Kgololesego ya Mmatota?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
  • Lo A Amogelwa kwa Dikopanong tsa Kgaolo tsa “Batho ba ba Ratang Kgololesego”!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 6/1 ts. 10-15

Batho Ba Ba Gololesegileng mme Ba Ikarabela

“Lo tla itse boamarure, me boamarure bo tla lo golola.”—YOHANE 8:32.

1, 2. (a) Kgololesego e ile ya nna le seabe sefe mo hisitoring ya motho? (b) Ke mang fela yo o nang le kgololesego ya boammaaruri? Tlhalosa.

KGOLOLESEGO. Abo lefoko leo le le maatla jang ne! Setho se itshoketse dintwa le diphetogo tse dintsintsi tsa dipolotiki mmogo le tlhakatlhakano e kgolo thata mo setšhabeng ka gonne batho ba eletsa go gololesega. Ebile tota, The Encyclopedia Americana e bolela jaana: ‘Ga go na kgopolo epe eo e ileng ya nna le seabe se se botlhokwa thata go feta kgololesego fa tlhabologo e ntse e fetofetoga.’

2 Lefa go ntse jalo, ke batho ba le bakae bao ba gololesegileng eletota? Ke ba le bakae bao ba itseng totatota gore kgololesego ke eng? The World Book Encyclopedia e bolela jaana: “Gore batho ba nne le kgololesego e e feletseng, ga ba a tshwanela gore ba thibelwe ka tsela epe kafa ba akanyang ka gone, kafa ba buang ka gone, kana kafa ba dirang dilo ka gone. Ba tshwanetse gore ba bo ba itse dilo tse ba ka di tlhophang, le gone ba tshwanetse go nna le thata ya go dira tshwetso ya gore ba tla tlhopha eng mo dilong tseo tse ba ka di tlhophang.” Malebana le seno, a o itse mongwe yo eleruri a gololesegileng? Yo o ka reng ‘ga a thibelwa ka gope kafa a akanyang ka gone, kafa a buang ka gone, kana kafa a dirang dilo ka gone’? Boammaaruri ke gore, motho yo o tshwanelang go tlhalosiwa jalo o mongwe felafela mo lobopong lotlhe: Jehofa Modimo. Ke ene fela a nang le kgololesego e e feletseng. Ke ene fela a ka tlhophang sengwe le sengwe se a se batlang a bo a se dira go sa kgathalesege gore o ganediwa go le kana kang. Ke ene “Mothataeotlhe.”—Tshenolō 1:8; Isaia 55:11.

3. Gantsi batho ba nna le kgololesego kafa tlase ga boemo bofe?

3 Mo bathong ba maemo a a kwa tlase, kgololesego e lekanyeditswe. Gantsi e neelwa ke babusi bangwe kana e nna bone ba tlhomamisang gore e nna gone ebile e tlhoka gore re ineele mo go bone babusi bao. Eleruri, mo e batlileng e le ka dinako tsotlhe, motho a ka gololesega fela fa a amogela gore mmusi yo o mo tlhomamisetsang kgololesego ya gagwe o na le thata mo go ene. Ka sekai, batho ba ba nnang mo “lefatsheng le le gololesegileng” ba solegelwa molemo ke dilo di le dintsi, tse di tshwanang le kgololesego ya go tsamaya mo ba batlang teng, kgololesego ya go bua, le kgololesego ya bodumedi. Ke eng seo se tlhomamisang gore motho a ka gololesega ka ditsela tse di ntseng jalo? Ke molao wa naga eo. Motho a ka nna le yone fela fa e le gore o utlwa molao. Fa a sa dirise kgololesego ya gagwe sentle a bo a tlola molao, babusi ba mo pega molato, mme kgololesego ya gagwe e ka nna ya fokodiwa fela thata ka go atlholelwa kgolegelo.—Baroma 13:1-4.

Kgololesego ya Bomodimo—E Na le Boikarabelo

4, 5. Baobamedi ba ga Jehofa ba na le kgololesego efe, mme o tla ba tsaya ba ikarabelela eng?

4 Jesu o ne a bua kaga kgololesego mo lekgolong la ntlha la dingwaga. O ne a raya Bajuda a re: “Ha lo nna mo lehokuñ ya me, hoñ lo bo lo le barutwa ba me rure; me lo tla itse boamarure, me boamarure bo tla lo golola.” (Yohane 8:31, 32) O ne a sa bue kaga kgololesego ya go bua kana kgololesego ya bodumedi. Kwantle ga pelaelo o ne a sa bue ka go gololesega mo kgatelelong ya Roma, e le selo seo Bajuda ba le bantsi ba neng ba se eletsa. Nnyaa, seno e ne e le sengwe se se tlhwatlhwakgolo go feta, kgololesego eo e sa neweng ke melao ya batho kana ke mogopolo wa mmusi mongwe wa motho, mme e newa ke Molaodi yo mogolo wa lobopo lotlhe ebong Jehofa. E ne e le go gololesega mo tumelobotlhoding, go gololesega mo boemong jwa go tlhoka kitso kaga bodumedi, le dilo tse dingwe tse di oketsegileng. Kgololesego eo Jehofa a e nayang ke kgololesego ya mmatota, le gone e tla nnela ruri ka bosakhutleng.

5 Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Morèna ke èna Mōea; me kwa Mōea oa Morèna o gōna, ke gōna kwa go nañ le kgololèsègō.” (2 Bakorintha 3:17) Mo makgolong a dingwaga ao a ntseng a feta Jehofa o ntse a dirisana le setho gore batho ba ba ikanyegang kgabagare ba tle ba gololesege ka tsela e e molemo go ya kafa batho ba lebang ka gone ebile e le kgolo go gaisa, “[kgololesego] ea kgalalèlō ea bana ba Modimo.” (Baroma 8:21) Go ntse go le jalo, Jehofa o re neela selekanyo se se rileng sa kgololesego a dirisa boammaaruri jwa Bibela, mme re a ikarabelela fa re sa dirise kgololesego eo sentle. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Ga go na sebopiwa sepè se se sa bōnatshegeñ mo matlhoñ a ōna: me dilō cotlhe di apogile, di senogile ha pele ga matlhō a ōna o re nañ le go [ikarabela go ona, NW].”—Bahebera 4:13.

6-8. (a) Adame le Efa ba ne ba gololesegile ka ditsela dife, mme ba ne ba ka tswelela ba na le mefuta eo ya kgololesego kafa tlase ga boemo bofe? (b) Ke eng se se neng sa latlhegela Adame le Efa le bana ba bone?

6 Go ikarabela ga rona mo go Jehofa go ne ga bonala sentle fa batsadi ba rona ba ntlha ba batho, Adame le Efa, ba santse ba tshela. Jehofa o ne a ba bopa ba na le mpho e e tlhwatlhwakgolo ya go itlhophela se ba se batlang. Fela fa ba ne ba dirisa kgololesego eo ya go itlhophela se ba se batlang sentle, ba ne ba itumelela masego a mangwe, a a jaaka go gololesega mo poifong, go gololesega mo bolwetsing, go gololesega mo losong, le kgololesego ya gore ba ka atamela Rraabone wa selegodimo ka segakolodi se se phepa. Mme lefa go ntse jalo dilo tsotlhe tseo di ne tsa fetoga fa ba sa dirise kgololesego ya bone ya go itlhophela se ba se batlang sentle.

7 Jehofa o ne a baya Adame le Efa mo tshimong ya Edena, mme o ne a ba neela maungo a ditlhare tsotlhe tse di mo tshimong gore ba a itumelele—kwantle ga se le sengwe fela. Sone o ne a se ipeetse; e ne e le “setlhare sa kicō ea molemō le bosula.” (Genesise 2:16, 17) Adame le Efa ba ne ba tla bo ba supa fa ba amogela gore Jehofa ke ene fela a gololesegileng go baya melao ya gore ke eng se se molemo le gore ke eng se se bosula ka go ithiba mo go jeng leungo la setlhare seo. Fa ba ne ba ka dira dilo sentle mme ba ithiba mo go jeng leungo la setlhare se ba se ileditsweng, Jehofa o ne a tla tswelela pele a tlhomamisa gore ba gololesega ka ditsela tse dingwe gape.

8 Ka maswabi, Efa o ne a reetsa kakantsho e e boferefere ya Noga ya gore o ne a tshwanetse gore ene ka boene a ‘itse molemo le bosula.’ (Genesise 3:1-5) E ne ya nna ene wa ntlha go ja leungo leo ba neng ba le ileditswe, morago ga latela Adame. Ka jalo, fa Jehofa Modimo a ne a tla go bua le bone mo tshimong ya Edena, ba ne ba tlhabiwa ke ditlhong mme ba iphitlha. (Genesise 3:8, 9) Jaanong e ne e le baleofi bao ba neng ba sa tlhole ba na le kgololesego ya go atamela Modimo e ba neng ba ikutlwa ba na le yone pele ka ntlha ya segakolodi se se phepa. Ka ntlha ya seo, gape ba ne ba sa tlhole ba gololesegile mo bolwetsing le mo losong, bone le bana ba bone. Paulo o ne a re: “Boleo bo tsenye mo lehatshiñ ka motho a le moñwe hèla [Adame], le losho ka boleo; me yalo losho loa hetèla mo bathuñ botlhe, ka botlhe ba leohile.”—Baroma 5:12; Genesise 3:16, 19.

9. Ke bomang bao go itsegeng gore ba ile ba dirisa selekanyo se ba neng ba na le sone sa kgololesego sentle?

9 Lefa go ntse jalo, setho se ne se santse se gololesegile go itlhophela se ba se batlang, mme fa nako e ntse e ya batho bangwe ba ba sa itekanelang ba ne ba dirisa kgololesego eno ka tsela e e bontshang boikanyegi ba direla Jehofa. Re boloketswe mangwe a maina a bone go tloga bogologolo tota. Banna ba ba tshwanang le bo Abele, Enoke, Noa, Aberahame, Isake, le Jakobe (yo gape a bidiwang Iseraele) ke dikai tsa batho bao ba neng ba dirisa selekanyo se ba neng ba santse ba na le sone sa kgololesego go dira thato ya Modimo. Mme go ne ga felela ka gore ba atlege.—Bahebera 11:4-21.

Kgololesego ya Batho ba Modimo O Ba Itlhophetseng

10. Kgolagano e Jehofa a neng a e dira le batho ba gagwe ba ba kgethegileng e ne e akaretsa eng?

10 Mo metlheng ya ga Moshe, Jehofa o ne a golola bana ba Iseraele—bao ka nako eo ba neng ba le dimilionemilione ka palo—mo botshwarong kwa Egepeto mme a dira kgolagano le bone eo e neng ya ba dira batho ba gagwe ba ba kgethegileng. Kafa tlase ga kgolagano eno, Baiseraele ba ne ba na le boperesiti le tsamaiso e mo go yone ba neng ba ntsha ditlhabelo tsa diphologolo tseo di neng di bipa maleo a bone ka tsela ya tshwantshetso. Ka jalo, ba ne ba gololesegile go atamela Modimo go mo obamela. Gape ba ne ba na le tsamaiso ya melao le melawana eo e neng e tla ba boloka ba gololesegile mo go direng ditiro tsa tumelobotlhodi le mo kobamelong ya maaka. Moragonyana, ba ne ba tla neelwa Lefatshe Le Le Solofeditsweng e le boswa jwa bone, gape ba ne ba tla tlhomamisediwa gore Modimo o tla ba thusa kgatlhanong le baba ba bone. Kafa letlhakoreng la bone kgolagano e ne e tlhoka gore Baiseraele ba boloke Molao wa ga Jehofa. Baiseraele ba ne ba iketleeletsa go amogela boemo jono, ba re: “Gotlhe mo Yehofa o go buileñ re tla go diha.”—Ekesodo 19:3-8; Duteronome 11:22-25.

11. Go ne ga felela ka eng fa Baiseraele ba ne ba palelwa ke go dira se kgolagano ya bone le Jehofa e neng e se tlhoka mo go bone?

11 Baiseraele ba ne ba nna le kamano eo e e kgethegileng le Jehofa ka dingwaga tse di fetang 1 500. Mme lefa go ntse jalo gangwe le gape ba ne ba palelwa ke go boloka kgolagano eo. Ba ne ba gogelwa ke kobamelo ya maaka kgapetsakgapetsa mme ba nna makgoba a kobamelo ya medimo ya disetwa le tumelobotlhodi, ka jalo Modimo o ne wa ba letla gore e nne batlhanka ba mmatota ba baba ba bone. (Baatlhodi 2:11-19) Go na le gore ba itumelele masego a a gololang ao a neng a tla ka ntlha ya go tshegetsa kgolagano, ba ne ba otlhaiwa ka ntlha ya go e tlola. (Duteronome 28:1, 2, 15) Kgabagare, ka 607 B.C.E., Jehofa o ne a letla morafe oo gore o isiwe botshwarwa kwa Babelona.—2 Ditihalō 36:15-21.

12. Kgabagare go ne ga senoga eng malebana le kgolagano ya Molao wa ga Moshe?

12 Seno e ne e le thuto e e botlhoko. Ba ne ba tshwanetse go ka bo ba ile ba ithuta mo go yone kafa go leng botlhokwa ka gone go tshegetsa Molao. Lefa go ntse jalo, fa Baiseraele ba boela kwa nageng ya bone morago ga dingwaga di le 70, ba ne ba nna ba ntse ba palelwa ke go tshegetsa Molao sentle. Mo e ka nnang dingwaga di le lekgolo ba sena go boa, Jehofa o ne a raya baperesiti ba Iseraele a re: “Lona lo hapogile tsela; lo kgopisitse batho ba le bantsi mo molaoñ; lo bodisitse kgōlaganō ea ga Lefi.” (Malaki 2:8) Eleruri, le eleng Baiseraele ba ba dipelo di phepa go gaisa ba ne ba sa kgone go dira ka botlalo dilo tse Molao o o itekanetseng o neng o ba laela go di dira. Go na le go nna tshegofatso, o ne wa nna “phutsègō,” jaaka moaposetoloi Paulo a bolela. (Bagalatia 3:13) Go phepafetse he gore, go ne go tlhokega sengwe se segolwane go feta kgolagano ya Molao wa ga Moshe gore se tlise batho ba ba itekanetseng, ba ba ikanyegang mo kgololesegong e e galalelang ya bana ba Modimo.

Kafa Kgololesego ya Bokeresete E Ntseng ka Gone

13. Kgabagare go ne ga neelwa eng se se botoka se se neng se naya kgololesego?

13 Sengwe se segolwane seo e ne e le setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete. Mo e ka nnang ka ngwaga wa 50 C.E., Paulo o ne a kwalela phuthego ya batlodiwa ba Bakeresete ba kwa Galatia. O ne a tlhalosa kafa Jehofa a neng a ba golotse mo botlhankeng jwa kgolagano ya Molao ka gone go tswa foo a bo a bolela jaana: “Keresete o re golotse ka kgololō: me ke gōna, tlhōmamañ, me lo se ka loa tlhōla lo ikgweleanya ka yokwe ea botlhanka.” (Bagalatia 5:1) Jesu o ne a golola batho ka ditsela dife?

14, 15. Jesu o ne a golola badumedi ba Bajuda le ba e seng Bajuda ka ditsela dife tse di molemo?

14 Fa Jesu a sena go swa, Bajuda bao ba neng ba mo amogela jaaka Mesia ba bo ba nna balatedi ba gagwe ba ne ba tsena mo kgolaganong e ntšha, eo e neng e emisetsa kgolagano e kgologolo ya Molao. (Yeremia 31:31-34; Bahebera 8:7-13) Kafa tlase ga kgolagano eno e ntšha, bone—mmogo le badumedi ba e seng Bajuda bao ba neng ba kopanela le bone moragonyana—ba ne ba nna karolo ya morafe o mosha, wa semoya o o neng o emisetsa Iseraele wa senama jaaka batho ba Modimo ba ba kgethegileng. (Baroma 9:25, 26; Bagalatia 6:16) Ka jalo, ba ne ba nna le kgololesego eo Jesu a neng a e solofetsa fa a re: “Boamarure bo tla lo golola.” Kwantle ga go ba golola mo phutsong ya Molao wa ga Moshe, boammaaruri bo ne jwa golola Bakeresete ba Bajuda mo dingwaong tsotlhe tse di gatelelang tse baeteledipele ba bodumedi ba neng ba di ba tlhometse. Gape go ne ga golola Bakeresete ba e seng Bajuda mo kobamelong ya medimo ya disetwa le mo tumelobotlhoding ya kobamelo ya bone ya pele. (Mathaio 15:3, 6; 23:4; Ditihō 14:11-13; 17:16) Mme go ne go santse go na le mo go oketsegileng.

15 Fa a ne a bua kaga boammaaruri jo bo gololang, Jesu o ne a re: “Amarure, amarure, kea lo raea, Moñwe le moñwe eo o leohañ ke motlhanka oa boleo.” (Yohane 8:34) Ereka Adame le Efa ba ne ba leofa, motho mongwe le mongwe yo o kileng a tshela e ne e le moleofi ka jalo a le lekgoba la boleo. Motho a le esi fela yo o sa leofang e ne e le Jesu ka boene, mme setlhabelo sa ga Jesu se ne sa golola badumedi mo bokgobeng joo. Ke boammaaruri, ba ne ba santse ba sa itekanela ebile e le baleofi. Lefa go ntse jalo, jaanong ba ne ba ka ikotlhaela maleo a bone le go kopa boitshwarelo ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jesu, ba tlhomamisa gore dikopo tsa bone di ne di tla utlwiwa. (1 Yohane 2:1, 2) Modimo o ne wa bolela fa ba siame ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jesu, ka jalo ba ne ba ka mo atamela ka segakolodi se se tlhapisitsweng. (Baroma 8:33) Mo godimo ga moo, ereka thekololo e ne e neela tsholofelo ya go tsosediwa mo botshelong jo bo sa khutleng, boammaaruri bo ne jwa ba jwa ba golola mo go boifeng loso.—Mathaio 10:28; Bahebera 2:15.

16. Kgololesego ya Bokeresete e ne e akaretsa batho ba ba oketsegileng jang go feta kgololesego epe e sele eo e neelwang ke lefatshe?

16 Banna le basadi ba ne ba kgona go bona kgololesego ya Bokeresete mo dilong tse di ba amang jaaka batho ka tsela e e molemo go sa kgathalesege boemo jwa bone. Bahumanegi, magolegwa, le eleng makgoba, ba ne ba ka gololesega. Kafa letlhakoreng le lengwe, batho ba maemo a a kwa godimo ba merafe bao ba neng ba gana molaetsa o o neng o bolela kaga Keresete ba ne ba santse ba le mo bokgobeng jwa tumelobotlhodi, boleo, le go tshaba loso. Ga re a tshwanela le ka motlha ra kgaotsa go leboga Jehofa ka ntlha ya kgololesego eno e re nang le yone. Lefatshe ga le re neele sepe se se batlileng se lekana le yone.

Ba Gololesegile Mme Ba Ikarabela

17. (a) Bangwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ne ba latlhegelwa jang ke kgololesego ya Bokeresete? (b) Ke ka ntlha yang fa seo se lebegang ekete ke kgololesego mo lefatsheng la ga Satane se sa tshwanela go re tsietsa?

17 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, gongwe bontsi jwa Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba itumelela kgololesego ya bone ba bo ba boloka bothokgami jwa bone go sa kgathalesege seo se neng se ka ba diragalela. Lefa go ntse jalo, ka maswabi, bangwe ba ne ba latswa kgololesego ya Bokeresete le masego otlhe a yone go tswa foo ba bo ba e latlhaganya, ba boela kwa bokgobeng kwa lefatsheng. Ke ka ntlha yang fa go ne go ntse jalo? Kwantle ga pelaelo tumelo ya bangwe ba bantsi e ne ya koafala, mme ba ne ba ‘katogela koo.’ (Bahebera 2:1) Ba bangwe ba ne ba ‘kgoromeletsa tumelo le segakolodi se se molemo koo mme ba senyegelwa ke tumelo.’ (1 Timotheo 1:19) Gongwe ba ne ba wela mo go rateng dilo tse di bonalang kana mo go tsheleng botshelo jo bo tletseng boitsholo jo bo sa siamang. Abo go le botlhokwa jang ne gore re dise tumelo ya rona re bo re e agelele, re nne re tshwaregile ka go ithuta motho ka namana, re kopanele le ba bangwe, re rapele, re bo re dire ditiro tsa Bokeresete! (2 Petere 1:5-8) A le ka motlha re se ka ra kgaotsa go anaanela kgololesego ya Bokeresete! Ke boammaaruri, bangwe ba ka nna ba gogelwa ke boiketlo jo ba bo bonang kwa ntle ga phuthego, ba akanya gore ba ba mo lefatsheng ba gololesegile go re feta. Lefa go ntse jalo, tota seo se lebegang jaaka ekete ke kgololesego mo lefatsheng gantsi e a bo e le go tlhoka boikarabelo fela. Fa re se batlhanka ba Modimo, re batlhanka ba boleo, mme botlhanka joo bo na le tuelo e e botlhoko.—Baroma 6:23; Bagalatia 6:7, 8.

18-20. (a) Batho bangwe ba ne ba nna “baba ba mokgōrō” jang? (b) Bangwe ba ne ba ‘ntsha kgololesego ya bone kobo ya go bipa boikepo’ jang?

18 Gape, Paulo o ne a kwala jaana mo lokwalong lo a neng a lo kwalela Bafilipi: “Batho bantsi ba sepela e le baba ba mokgōrō oa ga Keresete, e le ba ke ba lo boleletseñ gantsi, me gompiyeno ke lo bolèlèla hèla ka go lela.” (Bafilipi 3:18) Ee, go ne go na le batho ba pele e neng e le Bakeresete bao ba neng ba fetoga baba ba tumelo, gongwe ba nna batenegi. Abo go le botlhokwa jang ne gore re se ka ra latela tsela ya bone! Petere o ne a oketsa ka go kwala jaana: “Lo nnè yaka ba ba gololesegileñ, me kgololesègō ea lona lo se e ntshe kobō ea go bipa boikèpō, me lo nnè yaka batlhanka ba Modimo.” (1 Petere 2:16) Motho a ka ntsha kgololesego ya gagwe kobo ya go bipa boikepo jang? Ka go dira maleo a a masisi—gongwe a dira jalo mo sephiring—a ntse a kopanela le phuthego.

19 Gakologelwa Dioterefese. Yohane o ne a bolela jaana kaga gagwe: “Dioterefese, eo o eletsañ ea bo e le èna tlhōgō mo [phuthegong], ga a re chole. . . . Ga a chole bakauleñwe, le ba ba eletsañ go diha yalo oa ba itsa, me a ba lèlèke mo phuthegoñ.” (3 Yohane 9, 10) Dioterefese o ne a dirisa kgololesego ya gagwe jaaka kobo go bipa go rata maemo ga gagwe.

20 Morutwa Jude o ne a kwala jaana: “Go na le batho bañwe ba ba kukunetseñ mo teñ, eboñ ba ba baakanyedicweñ tshekishō e, galè bogologolo; e le batho ba ba sa reñ Modimo sepè, ba hetola tshegōhaco ea Modimo oa rona bopèpè, ba itatola eo e leñ èna Muñ oa rona le Morèna oa rona eo o esi, eboñ Yesu Keresete.” (Yude 4) Batho bano ba ne ba tlhotlheletsa ba bangwe go dira bosula, ba ntse ba kopanela le phuthego. (Yude 8-10, 16) Re bala mo go Tshenolō gore kwa phuthegong ya kwa Peregamo le ya kwa Thiatira, go ne go na le makoko, go obamelwa medimo ya disetwa, go na le boitsholo jo bo sa siamang. (Tshenolō 2:14, 15, 20-23) Abo kgololesego ya Bokeresete e ne e sa dirisiwe sentle jang ne!

21. Bao ba sa diriseng kgololesego ya bone ya Bokeresete sentle ba tla diragalelwa ke eng?

21 Bao ba sa diriseng kgololesego ya bone ya Bokeresete sentle jaana ba tlile go diragalelwa ke eng? Gakologelwa seo se diragaletseng Baiseraele. Baiseraele e ne e le morafe o o itlhophetsweng ke Modimo, mme lefa go ntse jalo e ne ya re kgabagare Jehofa a o latlha. Ka ntlha yang? Ka gonne Baiseraele ba ne ba dirisa kamano ya bone le Modimo jaaka kobo e e bipang boikepo jwa bone. Ba ne ba ikgantsha ka gore e ne e le bana ba ga Aberahame mme lefa go ntse jalo ba ne ba gana Jesu, Losika lwa ga Aberahame ebile e le Mesia yo o itlhophetsweng ke Jehofa. (Mathaio 23:37-39; Yohane 8:39-47; Ditihō 2:36; Bagalatia 3:16) “Iseraela oa Modimo” ka kakaretso ga a ne a itshupa a sa ikanyege ka tsela e e ntseng jalo. (Bagalatia 6:16) Mme lefa go ntse jalo Mokeresete ope fela yo o dirang ditiro tse di leswe tse di kgotlelang bomoya kana boitsholo e tla re kgabagare a otlhaiwe, le eleng go atlholwa ka katlholo e e botlhoko. Rotlhe re ikarabelela kafa re dirisang kgololesego ya rona ya Bokeresete ka gone.

22. Bao ba dirisang kgololesego ya bone ya Bokeresete go direla Modimo ba itumela ka tsela efe?

22 Abo go le botoka jang ne go nna motlhanka wa Modimo mme ka jalo o bo o gololesegile ka boammaaruri. Jehofa ke ene fela a neelang kgololesego eo tota e nang le mosola. Seane sa re: “Morwaaka u tlhalehè, me u ipedisè pelo ea me, gore ke tlè ke hetolè èna eo o nkgōbañ.” (Diane 27:11) A re diriseng kgololesego ya rona ya Bokeresete go tlotlomatsa Jehofa. Fa re dira jalo, matshelo a rona a tla nna le bokao, re tla itumedisa Rraarona wa selegodimo, mme kgabagare re tla bo re le gareng ga bao ba nang le kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.

A O Ka Tlhalosa?

◻ Ke mang fela yo ruri a gololesegileng?

◻ Adame le Efa ba ne ba na le mefuta efe ya kgololesego, mme ke ka ntlha yang fa e ile ya ba tswa diatleng?

◻ Baiseraele ba ne ba nna le mefuta efe ya kgololesego fa ba ne ba dira go ya ka kgolagano ya bone le Jehofa?

◻ Bao ba neng ba amogela Jesu ba ne ba nna le mefuta efe ya kgololesego?

◻ Bangwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ne ba latlhegelwa ke kgololesego ya bone ya Bokeresete jang kana ba ne ba se ka ba e dirisa sentle jang?

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Kgololesego eo e lerilweng ke Jesu e ne e le botoka go feta kgololesego epe e motho a ka e nayang

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela