Go Kopana le Batho Ba Ba Ratang Kgololesego E Ba E Neilweng Ke Modimo
BASUPI BA GA JEHOFA ba tlhomologile ka ditsela tse dintsi. Ke bone fela ba buang “puō e e itshekileñ.” (Sefania 3:9) Ke bone fela ba ba utlwanang, ba ba nang le lotshwao lo lo ba tlhaolang lwa lorato loo Jesu Keresete a neng a lo tlhalosa. (Yohane 13:35) Ebile ke bone fela ba ba nang le kgololesego e Jesu Keresete a neng a bolela gore boammaaruri bo tla e ba naya, jaaka go kwadilwe mo go Yohane 8:32 jaana: “Me lo tla itse boamarure, me boamarure bo tla lo golola.”
Mafoko ao a Jesu Keresete, Morwa Modimo, a neng a a bua le barutwa ba gagwe a ile a nna boammaaruri. Mme Basupi botlhe ba ga Jehofa ba ba neng ba le teng kwa Dikopanong tsa Kgaolo tsa “Batho Ba Ba Ratang Kgololesego” jaanong ba a itumelela go gaisa nako epe fela e e fetileng. Thulaganyo ya kopano e ne ya gatelela dintlha tse di farologaneng kaga kgololesego ya bone, kafa ba tshwanetseng go e dirisa ka teng, boikarabelo jo kgololesego ya bone e bo ba nayang, le kafa ba leng lesego ka teng go nna batho ba ba gololesegileng.
Dikopano tseno tse di tlileng ka nako e e tshwanetseng le tse di mosola thata di ne tsa simolola kwa Hemisefereng e e kwa Bokone ka June 7, 1991, kwa Los Angeles, kwa California, kwa U.S.A. Thulaganyo e ne ya simolola ka 10:20 a.m. ka go lediwa ga mmino, morago ga one go ne ga opelwa pina mme ga rapelwa. Puo e e simololang e ne e le maatla tota e thailwe mo go Yakobe 1:25. Temana eno e balega jaana mo go The Jerusalem Bible: “Motho yo o tlhomameng mo go ithuteng molao o o itekanetseng wa tshiamo a bo a dira gore seo e nne mokgwa wa gagwe—a sa reetse fela a bo a lebala, mme a o dirisa—o tla itumela mo dilong tsotlhe tse a di dirang.” Fela jaaka re leba seipone go bona koo re tlhokang go tokafatsa teng mo tebegong ya rona, fela jalo re tlhoka go tswelela re ntse re leba mo molaong o o itekanetseng wa Modimo wa kgololesego gore re kgone go bona koo re tlhokang go fetola botho jwa rona gone. Mme re tshwanetse go nna ka metlha re leba mo seiponeng seo.
Morago go ne ga latela puo ya modulasetulo. “Lo A Amogelwa, Lona Lotlhe Batho Ba Lo Ratang Kgololesego.” Basupi ba ga Jehofa ba rata kgololesego, ebile ba batla go nna ba ntse ba gololesegile. Sebui se ne sa tsopola mafoko a batho bangwe ba ba itseng molao ba ba neng ba bontsha gore kgololesego ga e kake ya nna teng fa go sena molao. Ee, Bakeresete ga ba a gololesega go itirela jaaka ba rata mme ba gololesegile go dira thato ya ga Jehofa. Ba batla go dirisa kgololesego ya bone sentle ka botlalo mme lefa go ntse jalo ba sa e dirise kafa go sa tshwanelang. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba itumelela go nna le kgololesego e kgolwane segolobogolo go tloga ka 1919. Sebui se ne sa bontsha kafa ditlhogo tsa kopano le dikgatiso tsa Bokeresete di gatelelang kgololesego ka teng. Botlhe ba ba neng ba tlile kopanong ba ne ba tlile go ithuta go le gontsi ka kgololesego e ba e neilweng ke Modimo le kafa ba tshwanetseng go e dirisa ka teng.
Dikakgelo tse di tlileng ka nako e e siameng tseo di ne tsa latelwa ke go botsolodiwa ga batho ba ba ratang kgololesego ba ba neng ba itumelela go nna teng kwa kopanong. Dikopano tse di ntseng jalo ke dinako tsa boitumelo, fela jaaka Baiseraele ba bogologolo ba ne ba na le meletlo e meraro ngwaga le ngwaga e ba neng ba e itumelela thata. Dipuisano di le mmalwa go botsolodiwa bangwe di ne tsa supa gore dikopano ke dinako tse mo go tsone re agiwang semoyeng le tse re itumelang fa re le mo go tsone.
Morago go ne ga latela puo ya setlhogo e e neng e re “Boikaelelo jwa Kgololesego E Re E Filweng ke Modimo le Kafa Re ka E Dirisang ka Gone.” Batho ba ba neng ba tlile kopanong ba ne ba ithuta go tswa mo puong eno gore Jehofa ke ene fela yo a nang le kgololesego e e sa lekanyediwang gonne ke Molaodi yo Mogolo ebile ke mothatayotlhe. Lefa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe ga a dirise kgololesego ya gagwe ka selekanyo sa yone se se tletseng ka go bo o nna bonya go galefa ebile o a ikgapa fela ka ntlha ya leina la gagwe le gore dibopiwa tsa gagwe di solegelwe molemo. Kgololesego e dibopiwa tsotlhe tsa gagwe tse di botlhale di nang nayo e lekanyeditswe, gonne o a di laola ebile di laolwa gape ke melao ya ga Jehofa ya lobopo le ya boitsholo. Jehofa o ba neile kgololesego gore ba itumele mme o e ba neile segolobogolo gore ba mo tlotle le go mo itumedisa ka go mo obamela. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba itsege mo lefatsheng lotlhe ka boitsholo jwa bone jo bontle le go nna tlhaga mo bodiheding jwa bone gonne ba dirisa kgololesego ya bone sentle.
Labotlhano Thapama
“A O Tshwaregile mo Ditirong Tse Di Suleng Kana mo Tirelong ya ga Jehofa?” e ne e le setlhogo se se neng se dira gore motho a akanye tota se se neng se simolola thulaganyo ya Labotlhano thapama. Ditiro tse di suleng ga di akaretse fela ditiro tsa nama mme gape le tse dingwe tsa go swa semoyeng, tsa lefela, le tse di senang mosola—jaaka mekgwa ya go dira madi. Mo ntlheng eno, re tlhoka go itshekatsheka ka borona ka boikanyegi go bona gore a re baya Bogosi kwa pele mo botshelong jwa rona.
Puo e e latelang e e neng e re “Go Diragatsa Thomo ya Rona Jaaka Badiredi Ba Modimo” e ne e na le boikaelelo jo bo tshwanang. Sebui se ne sa bontsha gore Bakeresete ga ba a tshwanela go kgotsofalela go dira seo jaaka seomodiro fela kana fela gore ba dire diura tse di rileng. Ba tshwanetse ba dira gore e nne ditswerere mo dikarolong tsotlhe tsa bodihedi jwa bone jwa Bokeresete. Dintlha tseno di ne tsa otlelelwa ka dipontsho le ka go botsolotsa bangwe. Botlhe ba ne ba kgothalediwa go dira bodihedi jwa bone ka botlalo kafa ba ka kgonang ka teng.
Mo puong e e neng e re “Batho Ba Ba Gololesegileng Lefa go le Jalo Ba Ikarabela,” sebui se ne sa gatelela gore lemororo batho ba ga Jehofa ba itumelela kgololesego e boammaaruri bo dirileng gore ba e bone, ba tshwanetse go gakologelwa gore e ba rwesa boikarabelo. Ga ba a tshwanela go dirisa kgololesego ya bone jaaka seipato sa go nna le boitsholo jo bo sa siamang, mme ba tshwanetse go e dirisetsa go galaletsa Jehofa. Jaaka Bakeresete, ba ikarabela mo ‘babusing ba bagolo’ gape ba tshwanetse ba dirisana mmogo le bagolwane ba phuthego. (Baroma 13:1) Mo godimo ga moo, ba ikarabela ka tsela e ba aparang, ba ikgabisang le go itshola ka yone. Ga ba a tshwanela le ka motlha ba bo ba lebala gore “moñwe le moñwe oa rona o tla ikarabèla Modimo.”—Baroma 14:12; 1 Petere 2:16.
Morago go ne ga latela puisano ya gore Bakeresete botlhe ba tshwanetse “Go Se Boife Sepe Jaaka Bokhutlo jwa Lefatshe Leno Bo Atamela.” E re ntswa batho ba boifa seo se ka nnang sa diragala mo isagweng, Bakeresete ba tshwanetse go nna pelokgale fa ba dira bodihedi jwa bone. Go tlhoka poifo go tla ka ntlha ya go bo motho a ikanya Jehofa, ka go bo fa Mokeresete a ntse a boifa go dira selo se se sa itumediseng Modimo, ga a ketla a boifa dibopiwa. Go tshwara dikwalo tse di gomotsang ka tlhogo go tla nonotsha motho gore a se ka a boifa. Batlhanka ba Modimo gape ba tlhoka go dirisa sentle ditshono tsa go kopanela le badumedi ba bangwe gore ba nonofe sentle semoyeng le gore ba se ka ba boifa. Mongwe le mongwe gape o tlhoka go gakologelwa seabe se thapelo e nang le sone mo go tlhokeng poifo. Bakeresete ba tla nna ba na le kamano e e molemo le Jehofa Modimo ka go nna ba sa boife.
Thulaganyo ya letsatsi la ntlha e ne ya konela ka terama e e neng e ruta tota e e reng Go Fiwa Kgololesego ya go Tsweledisa Kobamelo ya Boammaaruri Pele. E ne ya bontsha kafa lelapa la segompieno le neng la ithuta sengwe ka gone go tswa go Esere le mophato wa gagwe wa batho ba ba 7 000 ba ba neng ba tlogela dilo dingwe tse ba neng ba di rata gore ba boele kwa Jerusalema. E ne ya thusa mongwe le mongwe yo a neng a tlile kopanong go sekaseka dilo tse a di lebang di le botlhokwa le go oketsa ditshiamelo tse a nang le tsone tsa tirelo. Terama eno e ne e ruta bagolo le bannye ka go tshwana.
Matlhatso mo Mosong
Morago ga thulaganyo ya go lediwa ga mmino, pina le thapelo, le fa go sena go tlotliwa ka temana ya letsatsi le letsatsi ya Bibela, thulaganyo ya Matlhatso mosong e ne ya tla ka simposiamo ya setlhogo se se neng se re “Kgololesego E E Nang le Boikarabelo mo Teng ga Lelapa.” Mo karolong ya ntlha e e neng e re “Kafa Borre Ba ka Etsang Jehofa ka Gone,” borre ba ne ba gakololwa ka ditsela tse di farologaneng tse ba ka etsang Rraarona wa selegodimo ka tsone. Timotheo wa Ntlha 5:8 e ba laela gore ba se ka ba tlamela fela ka dilo tsa nama mme ba tlamele gape le ka tsa semoya. Ba etsa Jehofa ka go ruta malapa a bone ka tsela e e molemo le ka go neela kotlhao ka lorato fa go tlhokega jalo. Dintlha tseno di ne tsa tshwantshiwa ka go botsolotsa batho ba le mmalwa.
“Seabe sa Mosadi Yo O Nyetsweng sa Go Ema Nokeng” e ne e le karolo e e latelang ya simposiamo eno. E ne ya simolola ka go gatelela gore mosadi o na le boemo jo bo tlotlegang tota jwa go nna yo o tshegetsang mo lelapeng la Bokeresete. Seno se batla gore a dire eng? Gore a ikobe ka tshwanelo, le ka motlha a se ka a gatelela monna wa gagwe gore a dire fela dilo tse di batliwang ke ene. O tshwanetse go dira ditiro tse a tshwanetseng go di direla monna wa gagwe le bana sentle, mme a ka itumela thata fa a tshola legae la gagwe le le phepa ebile le baakantswe sentle. Ebile jaaka modihedi wa Mokeresete a ka nna le ditshiamelo tse dintsi tsa go nna le seabe mo tirelong ya tshimo. Lelapa le le neng la botsolodiwa le ne la otlelela gore kgakololo e e ntseng jalo ya Dikwalo e botlhale.
Go ne ga buisanngwa le batho ba babotlana mo karolong e e reng “Bana Ba Ba Reetsang Ba Bile Ba Ithuta.” Batsadi ba tlotla Jehofa le go supetsa bakaulengwe ba bone ba semoya mmogo le bana ba bone lorato ka go ruta bana ba bone go reetsa le go ithuta. Batsadi le bana ba tla nna le kamano e e nonofileng tota fa ba senya bogolo jwa nako ba le mmogo. Batsadi ba tshwanetse ba bo ba na le kitso e e lekaneng gore ba kgone go araba dipotso tsa bana ba bone le go dira gore ba nyorelwe go bona kitso. Ba ba neng ba botsolodiwa ba ne ba supa kafa seno se ka dirwang ka teng.
Morago go ne ga latela kgakololo eno e e molemo “Ipoloke O Gololesegile go Direla Jehofa.” Seno se dirwa jang? Ka go se latelele go ithutela ditiro tsa selefatshe, ditiro tsa go itlosa bodutu tse di jang nako e ntsi, le mekgele ya go batla dilo tse di bonalang. Jesu le moaposetoloi Paulo ba ne ba re tlhomela sekao se se molemo tota ka go intsha setlhabelo. Batho ba ga Jehofa ba tlhoka go tshola leitlho la bone le bona sentle, le lebile fela mo dilong tse di direlwang Bogosi. Fa go tla mo go nneng le dilo tse di bonalang, go botlhale go boloka madi jaanong o bo o reka moragonyana go na le go reka jaanong o bo o duela moragonyana. Basha ba tshwanetse go itisa go se ijese dijo tsa ditoro ka menate ya tlhakanelodikobo le ditiro tsa selefatshe. Go botsolodiwa ga mmulatsela mongwe yo o seng mo lenyalong go ile ga bontsha masego a a bonwang fa motho a itshola a gololesegile go direla Jehofa.
Thulaganyo ya Matlhatso mo mosong e ne ya khutla ka puo e e reng “Tsena mo Kgololesegong ka Boineelo le Kolobetso.” Ba ba neng ba tlile go kolobediwa ba ne ba gakololwa gore lemororo popo e ne ya tsenngwa mo bokgobeng fa Adame a ne a tsuologa, Mogolodi yo o maatla, Jesu Keresete, o ne a bula tsela e e isang kwa kgololesegong ka go intsha setlhabelo. Sebui se ne sa bontsha seo motho a tlhokang go se dira go ikgolola gore a dire thato ya Modimo mme se ne sa otlelela boikarabelo le masego a a tla bonwang ke bao ba kolobediwang.
Matlhatso Thapama
Thulaganyo ya Matlhatso thapama e ne ya simolola ka potso eno e e hukutsang maikutlo “Ke Mang Yo O Batlang A Solegelwa Molemo?” Lefatshe le supa moya o o tshwanang le wa ga Diabolo wa go batla dilo tse di kgatlhang motho ka namana. Lefa go ntse jalo, Bakeresete ba tshwanetse go etsa moya wa ga Jesu Keresete wa go intsha setlhabelo. A sekao ruri se a se tlhomileng! O ne a tloga kwa kgalalelong kwa legodimong a bo a tla go ntsha botshelo jwa gagwe jwa motho setlhabelo gore re solegelwe molemo. Kgwetlho ya gore re itshupe gore re batla mang a solegelwa molemo e itshupa fa Bakeresete ba na le dikgogakgogano mo kgwebong kana mo dikgannyeng tse di amang madi, fa botho jwa bone bo sa tshwane, jalo le jalo. Dilo tse di ntseng jalo di leka lorato lwa Bokeresete. Fa motho a batla gore ba bangwe le bone ba bone molemo, eleruri o tla lemoga lesego le legolo la go aba, mme o tla ratwa ke Jehofa.
Morago go ne ga latela setlhogo se se amanang thata le seo se se reng “Go Lemoga le go Fenya Bokoa jwa Semoya.” Puo eno e ne ya otlelela botlhokwa jwa go lemoga matshwao a a supang fa motho a nna bokoa semoyeng le go tsaya kgato ka tlhamalalo go lwa go fenya Satane le go tila mamena a gagwe. Batlhanka ba ga Jehofa ba tshwanetse go tlhagolela lorato lo lo boteng tota mo go ene le go ila se se bosula. Seno se tlhoka gore ba itse Jehofa ka go nna le thuto ya Bibela ya ka metlha le e e nang le boikaelelo tota ya motho ka namana le ya lelapa. Ba tshwanetse go tila mefuta yotlhe ya boitlosobodutu e e tlotlomatsang thubakanyo le boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo. (Baefesia 5:3-5) Go rapela le go ya dipokanong ka metlha go botlhokwa thata gore motho a kgone go fenya gore a se ka a koafala semoyeng.
Gongwe puo e go neng ga buiwa ka yone thata go feta dipuo tse dingwe tse di neng tsa newa kwa kopanong e ne e le eno ya setlhogo se se reng “A Lenyalo Ke Lone Tharabololo ya go Bona Boitumelo?” Batho ba bantsi ba babotlana ba akanya jalo! Mme sebui se ne sa phepafatsa gore go na le dibopiwa tse di senang palo tse di ikanyegang tsa semoya tse di itumetseng lemororo di se mo lenyalong, le eleng Bakeresete ba bantsi ba ba ineetseng ba itumetse tota lemororo ba se mo kgolaganong ya lenyalo. Mo godimo ga moo, banyalani ba bantsi ga ba a itumela, jaaka seo se bontshiwa ke selekanyo se se kwa godimo se go tlhalanwang ka sone. Motho o tlhoka fela go akanya ka masego a mantsi ao Bakeresete botlhe ba ba ineetseng ba a itumelelang e le gore a lemoge gore, lemororo e le lesego, ga se sekopololo sa go bona boitumelo.
Eno e ne ya latelwa ke simposiamo ya setlhogo se se reng “Kgololesego ya Bokeresete mo Motlheng wa Rona.” Sebui sa ntlha se ne sa tlotla ka “Ditsela tsa Kafa Re Gololesegileng ka Gone Jaaka Bakeresete.” Tseno di akaretsa go gololesega mo dithutong tsa bodumedi jwa maaka jaaka Tharonngwe, go sa sweng ga moya wa motho, le go bogisiwa ka bosakhutleng. Gape go na le go gololesega mo go nneng motlhanka wa boleo. Lemororo Bakeresete ba sa itekanela, ba golotswe mo mekgweng e e maswe e e jaaka go goga, go betšha, botagwa, le boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo. Gape ba gololesegile mo go tlhokeng tsholofelo, ka go bo ba na le tsholofelo ya go tshela mo Paradaiseng e e ba rotloetsang gore ba e bolelele ba bangwe.
Sebui se se latelang se ne sa botsa potso e e reng “A O Ngomaela Kgololesego Eno ka Bowena?” Go ngomaela go raya go rata selo, go se somarela ka kelotlhoko. Motlhanka wa Modimo o tshwanetse go itisa kgatlhanong le go raelwa go tlola melelwane ya kgololesego ya Bokeresete gore a tle a kgone go dira jalo. Kgololesego ya lefatshe ke maaka fela a a tsietsang, ka go bo e felela ka gore motho e nne lekgoba la boleo le tshenyego.
Sebui sa bofelo mo simposiamong eno se ne sa bua ka setlhogo se se reng “Batho Ba Ba Ratang Kgololesego Ba Ema Ba Nitame.” Bakeresete ba ka dira jalo fela fa ba ka ngaparela batsadi ba bone ba selegodimo eleng Jehofa le phuthego ya gagwe ya sekamosadi. Batho ba ga Jehofa ga ba kake ba itesa gore ba faposiwe ke tshedimosetso e e senyang ya batenegi; ba tshwanetse go ganana le bao ba tlang ka dikgopolo tse di thulanang le melaometheo ya boitsholo. Bakeresete ba tshwanetse ba “tshela ka Mōea” gore ba kgone go tlhomama mo kgolosegong ya bone ya bomodimo.—Bagalatia 5:25.
Puo ya bofelo ya letsatsi leo e ne e le kgotla o mone tota. Setlhogo sa yone se ne se re “Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela.” Jesu Keresete e ne e le ene monna yoo yo mogolo go gaisa botlhe, gonne o ne a ama botshelo jwa batho ka tsela e e maatla tota go gaisa masole, masole a lewatle, dipalamente le dikgosi, tsotlhe di phuthilwe mmogo. E ne e le Morwa Modimo, yo a neng a ile a tshela kwa legodimong pele a tla mo lefatsheng. Jesu o ne a etsa Rraagwe wa selegodimo sentle fela ka seo a neng a se bua le seo a neng a se ruta le ka tsela e a neng a tshela ka yone mo a neng a bolela jaana: “Eo o mponyeñ o bonye Rara.” (Yohane 14:9) Abo Jesu a ne a supa sentle jang ne gore “Modimo o loratō”! (1 Yohane 4:8) Fa a sena go bua ka boleele ka dinonofo tsa ga Jesu, sebui se ne sa bolela gore motseletsele wa ditlhogo tsa setlhogo se se reng “Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu” o ile wa gatisiwa go Tora ya Tebelo go tloga ka April 1985. Go ya kafa batho ba bantsi ba ileng ba nna ba kopa ka teng, Mokgatlho jaanong o ne o ntsha buka e ntšha Monna yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. E na le ditlhogo di le 133 ebile e gatisitswe ka mebala. Tshedimosetso e e mo motseletseleng ono e ile ya tlhabololwa, mme e ne ya tsenngwa yotlhe mo bukeng eno ya ditsebe tse 448. Eleruri, letsatsi leno la kopano le ne la felela ka boitumelo tota!
Sontaga Mosong
Go ne ga tla simposiamo e e reng “Go Direla Jaaka Batshwari Ba Batho” kwa tshimologong fela ya thulaganyo ya Sontaga mosong. Puo e e neng e re “Go Tshwara Ditlhapi—Ga Mmatota le ga Tshwantshetso” e ne ya thaya motheo o dipuo tse dingwe tse di latelang di neng tsa tsamaya fela mo go one. Sebui se ne sa bontsha gore fa Jesu a sena go dira gore ba tshware ditlhapi ka kgakgamatso, o ne a laletsa batshwari ba ba neng ba tshwara ditlhapi gore ba tle go nna batshwari ba batho. Jesu o ne a katisa barutwa ba gagwe gore e nne batshwari ba batho ka lobakanyana, mme go tloga ka Pentekosete 33 C.E. ba ne ba atlega tota mo go thuseng boidiidi jwa banna le basadi gore e nne barutwa.
Sebui se se latelang se ne sa bua ka setshwantsho sa lotloa seo go begilweng ka sone mo go Mathaio 13:47-50. O ne a bontsha gore lotloa loo lwa tshwantshetso lo ne lo akaretsa Bakeresete ba ba tloditsweng mmogo le Labokeresete, bano ba ba umakilweng morago e le ka ntlha ya tiro e ba e dirang ya go ranola, le go gatisa, le go phasalatsa Dibibela, lemororo ka tiro eno ya bone ba ile ba phutha boidiidi jwa ditlhapi tse di sa siamang. Go ile ga nna le tiro ya go tlhaola segolobogolo go tloga ka 1919, mme ditlhapi tse di sa siamang di ne tsa latlhiwa, fa tse di siameng tsone di ile tsa phuthelwa mo diphuthegong tsa sekankgo tseo di neng tsa thusa go sireletsa le go boloka Bakeresete ba boammaaruri gore ba kgone go direla Modimo.
Puo ya boraro e e neng e re “Go Tshwara Batho mo Metsing a Lefatshe Lotlhe,” e ne ya gatelela boikarabelo jwa Bakeresete botlhe ba ba ineetseng jwa go nna le seabe mo tirong ya lefatshe lotlhe ya go tshwara ditlhapi. Jaanong go na le ba ba fetang 4 000 000 bao ba nnang le seabe mo tirong eno mo dinageng tse 200, mme mo dingwageng tsa bosheng go ile ga nna le ba ba fetang 230 000 ba ba ileng ba kolobediwa ngwaga le ngwaga. Batho botlhe ba ga Jehofa ba ne ba kgothalediwa go tlhokotsa botswerere jwa bone jwa go tshwara ditlhapi, mme go ile ga tlotliwa le bangwe ba le mmalwa bao segolobogolo e leng “batshwari ba ditlhapi” ba ba atlegang tota.
Mo puong e e latelang, ya setlhogo se se reng “Go Nna Re Thantse ‘mo Motlheñ oa Bohèlō,’” sebui se ne sa umaka dilo tse supa tse di thusang batho ba Modimo go nna ba thantse: go lwa le dikgoreletsi, go rapela, go bolela tlhagiso kaga bokhutlo jwa tsamaiso eno, go kgomarela phuthego ya ga Jehofa, go itlhatlhoba, go tlhatlhanya ka boperofeti jo bo diragaditsweng, le go nna ba gakologetswe gore jaanong poloko ya bone e atametse go gaisa ka nako ya fa ba ne ba simolola go dumela.
Thulaganyo ya mo mosong e ne ya konela ka go tlotla ka gore “Ke Mang Yo O tla Falolang ‘Motlha oa Khuduègō’?” Sebui se ne sa bontsha kafa boperofeti jwa ga Joele bo neng jwa diragadiwa ka teng mo metlheng ya baaposetoloi, kafa bo neng bo diragadiwa ka teng gape jaanong, la kafa bo tla diragadiwang ka teng ka botlalo gautshwane mo isagweng.
Sontaga Thapama
Thulaganyo ya thapama e ne ya simolola ka puo ya phatlalatsa e e reng, “Go Amogela Lefatshe le Lesha la Modimo la Kgololesego ka Boitumelo!” Puo eno e ne ya tsweletsa setlhogo sa kopano se se neng se bua ka kgololesego. Go ne ga bontshiwa gore Lefoko la Modimo le bolelela pele ka lefatshe le lesha leo le tla bong le gololesegile mo go gatelelweng ke bodumedi jwa maaka, dipolotiki, ikonomi, le dikgang tse dingwe tsa ditso. Le tla bo gape le gololesegile mo boleong le mo losong. Mebele ya batho e tla bo e itekanetse sentle mo batho ba tla kgonang go tshela ka bosakhutleng ka boitumelo mo lefatsheng la paradaise. Ka jalo, batho ba ba ratang tshiamo ba na le mabaka otlhe a go baka Modiri wa lefatshe ka go tlhaeletsa ba re: “Re a go leboga Jehofa ka go bo kgabagare re bone kgololesego ya boammaaruri!”
Puo ya phatlalatsa e ne ya latelwa ke sengwe se sesha mo dikopanong tsa kgaolo—motlotlo wa thuto ya beke eo ya Tora ya Tebelo. Morago kopano e ne ya konelwa ka puo e e neng e gapa tlhokomelo le e e kgothatsang tota e e neng e re “Batho Ba Ba Ratang Kgololesego, Nnang Lo Ntse Lo Gatela Pele.” Sebui se ne sa bua ka bokhutshwane ka dintlha tse dikgolo tsa setlhogo sa kopano sa kgololesego. O ne a gatelela kafa batho ba ga Jehofa ba itumelang ka teng ka ntlha ya kgololesego ya bone mme o ne a umaka ditsela tseo Bakeresete ba ileng ba gatela pele ka tsone, mme a ba kgothaletsa gore ba nne ba tswelele pele jalo ka kutlwano gore ba tle ba bone masego a mangwe gape. O ne a konela ka mafoko ano: “Fa re ntse re dira seno, a Jehofa a tswelele go segofatsa mongwe le mongwe wa lona lotlhe gore lo nne lo gatele pele jaaka batho ba ba ratang kgololesego.”
“Gonne lobopō lo no lo beilwe mo taoloñ ea boithamakō, e señ ka go rata ga lōna, me e ne e le ka ntlha ea ōna o o lo beileñ mo taoloñ, Ka cholohèlō ea gore, lobopō le lōna lo tla gololwa mo botlhankeñ yoa go bōla, lo isiwa mo kgololesegoñ ea kgalalèlō ea bana ba Modimo.”—Baroma 8:20, 21.
[Ditshwantsho mo go tsebe 25]
Motho yo mmotlana yo a neng a tlile kopanong kwa Prague, kwa Czechoslovakia
[Ditshwantsho mo go tsebe 26]
1. Ba ba tlileng go kolobediwa ba ya kwa lefelong le ba yang go kolobediwa kwa go lone kwa Prague, kwa Czechoslovakia
2. Go kolobediwa jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa kwa Tallinn, kwa Estonia
3. Dikgatiso tse disha di ne tsa itumedisa ba ba neng ba tlile kopanong kwa Usolye-Sibirskoye, Siberia
4. Fa go ne go gololwa “New World Translation of the Holy Scriptures” ka Se-Czech le Se-Slovak kwa kopanong kwa Prague