LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 7/03 ts. 1
  • Go Anaanela Bopelotlhomogi Jwa Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Anaanela Bopelotlhomogi Jwa Modimo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Rraalona o Kutlwelobotlhoko’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Re Direla Modimo yo o “Kutlwelobotlhoko”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Rera Dikgang Tse di Molemo Tsa Bopelonomi Jo bo Sa re Tshwanelang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Batho ba ba Anaanelang Bopelonomi Jo bo Sa re Tshwanelang Jwa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
km 7/03 ts. 1

Go Anaanela Bopelotlhomogi Jwa Modimo

1 Pele moaposetoloi Paulo a nna Mokeresete, o ne a ganetsa go anama ga Bokeresete a dirisa dikgoka. Le fa go ntse jalo, e re ka a ne a dira seo ka go tlhoka kitso, o ne a bontshiwa bopelotlhomogi. Jehofa o ne a bontsha Paulo bopelonomi jo bo sa mo tshwanelang mme a mo naya kabelo ya botlhokwa ya go rera. O ne a rata kabelo eo thata. (Dit. 26:9-18; 1 Tim. 1:12-14) Go anaanela bopelotlhomogi jwa ga Jehofa go ne ga rotloetsa Paulo gore a dire bodiredi jwa gagwe ka natla.—2 Bakor. 12:15.

2 Le rona Modimo o re bontshitse bopelotlhomogi ka go re naya bodiredi. (2 Bakor. 4:1) Fela jaaka Paulo, re ka bontsha gore re anaanela bopelotlhomogi jo re bo bontshitsweng ka go dira ka natla go thusa ba bangwe gore ba gatele pele semoyeng. Tsela nngwe e re ka dirang jalo ka yone ke ka go simolola le go tshwara dithuto tsa Baebele.

3 Go Simolola Dithuto Tsa Baebele: Tsela nngwe e re ka simololang dithuto tsa Baebele ka yone ke ka go nna le batho ba re ba tsamaisetsang dimakasine ka metlha. Fa re ntse re ba etela ka metlha, re tla itse dilo tse ba amegileng ka tsone. Kgabagare, re ka nna ra bona setlhogo sengwe mo go nngwe ya dimakasine, se re ka se dirisang go simolola thuto ya Baebele mo boroutšhareng jwa Re Direng. Mo makgetlhong a a latelang re ka nna ra kgona go tsweledisa motlotlo mo boroutšhareng jwa Re Direng fa re isetsa mong wa ntlo dimakasine.

4 Go Tlhokega Boiteko le Thapelo: Go rapela le go dira ka natla go tla tokafatsa tiro ya rona ya go rera. Kgaitsadi mongwe wa mmulatsela yo o neng a na le thuto e le nngwe fela ya Baebele o ne a rapela Jehofa gore a mo neye dithuto tse di oketsegileng. Mo godimo ga moo, o ne a dira go dumalana le dithapelo tsa gagwe. O ne a sekaseka bodiredi jwa gagwe ka kelotlhoko mme a lemoga gore nako e yotlhe o ne a sa kope go ithuta le batho Baebele fa a dira maeto a go boela. O ne a simolola go dira jalo mme go ise go ye kae a nna le dithuto tse dingwe tse pedi.

5 A bo re na le tshiamelo e kgolo jang ne ya go nna le seabe mo go itsiseng “dikgang tse di molemo tsa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo”! (Dit. 20:24) E kete go anaanela bopelotlhomogi jwa Modimo go ka re tlhotlheletsa gore re thuse ba bangwe ka tlhoafalo gore ba solegelwe molemo ke bopelonomi jwa ga Jehofa jo bo sa re tshwanelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela