Go ya Tshimong le Setlhopha go a Itumedisa
1 Fa Jesu a ne a romela barutwa ba ba 70 gore ba ye go rera, o ne a ba ruta se ba tla se buang, a ba tsamaisa ka bobedi ka bobedi a bo a ba bontsha tshimo e ba neng ba tla e dira. Seno se ne sa ba itumedisa. (Luke 10:1-17) Ka tsela e e tshwanang, le gompieno go ya tshimong le setlhopha go thusa batho ba Modimo gore ba rulaganngwe sentle, ba kgothadiwe le go tlhomelelwa sentle mo tirong ya go rera.
2 Bagolwane ba Etelela Pele: Bagolwane ba na le boikarabelo jwa botlhokwa jwa go thusa botlhe gore ba dire tiro ya go rera ka metlha. Molebedi wa tirelo ke ene a etelelang pele ka go dira dithulaganyo tsa tshimo ya mo gare ga beke. Molebedi mongwe le mongwe wa thuto ya buka ke ene a tshwanetseng a rulaganya tiro ya setlhopha sa gagwe, bogolo jang ka mafelobeke. Gangwe le gape fa phuthego e kopane yotlhe go ya tirelong ya tshimo, gongwe e le morago ga Thuto ya Tora ya Tebelo, molebedi mongwe le mongwe wa thuto ya buka o tshwanetse a direla setlhopha sa gagwe dithulaganyo tsa tirelo ya tshimo.
3 “Ka Mokgwa o Montle le ka Thulaganyo”: Yo o abetsweng go tshwara pokano ya tirelo ya tshimo o tshwanetse a simolola ka nako mme pokano e se ka ya feta metsotso e le 10 kgotsa 15. Go ka nna molemo gore a abe baboledi a bo a ba bolelele gore ba tla bereka tshimo efe (ntle le fa balebedi ba thuto ya buka e le bone ba dirang jalo, jaaka go tlhalositswe fa godimo) pele a konela ka thapelo. Seno se dira gore go se ka ga tlhokega gore baboledi ba kokoane mo mebileng, se se ka dirang gore tiro ya rona e se ka ya nna le seriti. Seno gape se dumalana le kgakololo eno ya ga Paulo: “A dilo tsotlhe di diragale ka mokgwa o montle le ka thulaganyo.” (1 Bakor. 14:40) Botlhe ba ba nnang teng mo dipokanong tseno ba tshwanetse ba dira gore thulaganyo eno e atlege ka go goroga ka nako, go dirisana ka botlalo le yo o eteletseng pele le go ya tshimong ka bonako fela fa pokano ya tshimo e fela.
4 Go Kopana Mmogo ka Kutlwano: Dithulaganyo tsa go ya tshimong le setlhopha di re naya sebaka se se molemolemo sa go itsane le ba bangwe mo phuthegong. Le fa gone go se phoso go rulaganya go sa le gale gore o tsamaye le mongwe mo tshimong, gape go ka nna molemo thata gore re ye dipokanong tsa tirelo ya tshimo re sa dira dithulaganyo dipe. Re ka nna ra abelwa go tsamaya le mongwe yo re sa mo tlwaelang, mme ka jalo ra kgona go ‘pitlologa’ mo loratong lwa rona.—2 Bakor. 6:11-13.
5 Go ya tshimong le setlhopha go a re kgothatsa e bile go re kopanya mmogo gore re nne “badirimmogo mo boammaaruring.” (3 Joh. 8) A re nneng le seabe ka botlalo mo go rereng le setlhopha!