Kafa o ka Solegelwang Molemo ka Gone ke Setlhopha sa Tirelo ya Tshimo
1. Ke melemo efe e e neng e le teng mo thulaganyong ya Thuto ya Buka ya Phuthego e e sa ntseng e le teng mo setlhopheng sa rona sa tirelo ya tshimo?
1 A go na le dilo tse o neng o di itumelela mo Thutong ya Buka ya Phuthego? Ditlhopha di ne di le dinnye e bile di se na batho ba bantsi. Seno se ne se dira gore re nne le ditsala tse di neng di re nonotsha mo tumelong. (Dia. 18:24) Molebedi wa thuto ya buka o ne a itse maemo a rona a a farologaneng e bile o ne a kgona go kgothatsa mongwe le mongwe wa rona. (Dia. 27:23; 1 Pet. 5:2, 3) Re sa ntse re ka bona melemo eno mo setlhopheng sa rona sa tirelo ya tshimo.
2. Re ka tsaya kgato pele jang gore re simolole botsala jo bo ka re nonotshang mo tumelong mo ditlhopheng tsa rona tsa tirelo ya tshimo?
2 Tsaya Kgato Pele: Gantsi ditlhopha tsa tirelo ya tshimo di lekana le tse e neng e le tsa thuto ya buka. Re ka kgona go atamalana le batho ba bangwe fa re dira “mmogo” le bone mo bodireding. (Bafil. 1:27) O setse o berekile le ba ba kae mo setlhopheng sa gago? A o ka ‘pitlologa’ mo ntlheng eno? (2 Bakor. 6:13) Mo godimo ga moo, ka dinako dingwe re ka laletsa mongwe mo setlhopheng sa rona gore a nne gone mo Kobamelong ya rona ya Lelapa ya maitseboa kgotsa a tle go ja le rona. Mo diphuthegong dingwe, ditlhopha tsa tirelo ya tshimo di refosana ka go amogela sebui sa moeng. Mo bekeng e mo go yone setlhopha se abetsweng go amogela moeng, se a kopana go ja dijo mmogo le go kgothatsana le fa sebui se sa kgona go tla go ja le bone.
3. Re bulegelwa ke ditshono dife tsa go nonotshiwa mo setlhopheng sa rona sa tirelo ya tshimo?
3 Le fa gone jaanong phuthego e kopana gabedi mo bekeng, seno ga se reye gore maeto a bodisa a a direlwang baboledi a tshwanetse go fokotsega. Mo setlhopheng sengwe le sengwe go na le balebedi ba ditlhopha ba ba tlhophilweng go kgothatsa mongwe le mongwe le go ba thapisetsa bodiredi. Fa molebedi mo setlhopheng sa gago a ise a dire thulaganyo ya go dira le wena mo bodireding, ke ka ntlha yang fa o sa kope go dira le ene? Mo godimo ga moo, molebedi wa tirelo o dira gore mo kgweding, ka mafelobeke mangwe a etele setlhopha sengwe. Mo diphuthegong tse dinnye tse di nang le ditlhopha di le mmalwa tsa tirelo ya tshimo, a ka nna a rulaganya go etela setlhopha sengwe le sengwe gabedi mo ngwageng. A o dira dithulaganyo tsa go nna gone mo bodireding fa a etetse setlhopha sa lona?
4. (a) Dipokano tsa tirelo ya tshimo di rulagantswe jang? (b) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go akanyetsa go bula magae a rona go tshwara dipokano tsa tirelo ya tshimo?
4 Gantsi go molemo gore ditlhopha di kgaogane ka mafelobeke go ya tirelong ya tshimo. Fa go na le mafelo a le mmalwa a go tshwara pokano ya tshimo mo e batlang e le ka nako e le nngwe, go ka nna ga dira gore go nne motlhofo gore baboledi ba ye dipokanong tsa tirelo ya tshimo gongwe le go ya tshimong. Baboledi ba ka abiwa ka bonako ba bo ba ya kwa tshimong ka tlhamalalo ntle le go okaoka. Gape go nna motlhofo gore molebedi wa setlhopha a tlhokomele ba ba mo setlhopheng sa gagwe. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya maemo go ka nna molemo gore ditlhopha tse pedi kgotsa go feta di kopane. Fa phuthego yotlhe e kopana mo pokanong ya tirelo ya tshimo ka Matlhatso wa ntlha wa kgwedi kgotsa morago ga Thuto ya Tora ya Tebelo, gantsi go molemo gore setlhopha sengwe le sengwe se nne mmogo mme molebedi wa setlhopha a newe metsotso e se kae go rulaganya ba setlhopha sa gagwe pele pokano ya tirelo e konelwa ka thapelo.—Bona lebokose le le reng “A o Ka Bula Legae la Gago?”
5. Le fa thulaganyo ya Thuto ya Buka ya Phuthego e sa tlhole e le teng, re ka tlhomamisega ka eng?
5 Le fa thulaganyo ya Thuto ya Buka ya Phuthego e sa tlhole e le teng, Jehofa o tswelela a re naya sengwe le sengwe se re se tlhokang go dira thato ya gagwe. (Baheb. 13:20, 21) Ga re tlhoke sepe fa re tlhokometswe ke Jehofa. (Pes. 23:1) Go na le masego a mantsi a re a bonang mo ditlhopheng tsa rona tsa tirelo ya tshimo. Fa re tsaya kgato pele mme re ‘jala ka bogolo’ re tla “roba ka bogolo.”—2 Bakor. 9:6.
[Lebokose mo go tsebe 6]
A o Ka Bula Legae la Gago?
Diphuthego dingwe di kopanya ditlhopha tsa tshimo ka mafelobeke ka gonne go se na magae a a lekaneng a ba ka kopanang kwa go one. Dipokano tsa tirelo ya tshimo ke karolo ya thulaganyo ya dipokano, ka jalo go tshwarela dipokano tseno kwa magaeng a rona ruri ke tshiamelo. A o ka bula legae la gago? O se ka wa ikgogona go dira jalo ka gonne legae la gago e le la maemo a a kwa tlase. Bagolwane ba tla akanyetsa lefelo le legae la gago le leng kwa go lone le dintlha tse dingwe tse di tshwanang le tse ba neng ba di akanyetsa fa ba ne ba tlhopha mafelo a go tshwara thuto ya buka. Fa e le gore o ka rata go bula legae la gago, itsise molebedi wa setlhopha sa gago.