Thulaganyo ya Thuto ya Buka ya Phuthego
Karolo 5—Loeto Lwa Molebedi wa Tirelo
1 Molebedi wa tirelo e tshwanetse go nna moreri wa efangele le morutisi. O na le seabe se segolo thata mo go thuseng phuthego gore e dire boikarabelo jwa yone jwa go rera le go ruta mafoko a a molemo mo tshimong eo e e abetsweng. (Mar. 13:10) Fa a dira boikarabelo jwa gagwe ka masisi ebile mongwe le mongwe a mo ikobela, baboledi ba tla nna ditswerere ka tsela e e oketsegileng mo go neeleng mafoko a a molemo ebile tshimo e tla akarediwa yotlhe fela ka bonako.
2 Molebedi wa tirelo o tlhoma mogopolo wa gagwe mo go kgothaletseng gore go berekwe ka thata mo tirelong ya tshimo. Seno se fitlhelelwa segolobogolo ka Thuto ya Buka ya Phuthego. Gantsi molebedi wa tirelo o abelwa go tshwara thuto ya buka, mme lefa go ntse jalo yo o mo thusang go e tshwara a ka nna a e mo tshwarela gangwe ka kgwedi nngwe le nngwe fa ene a etela setlhopha se sengwe.—km 12/81 dits. 1, 8.
3 Go Baakanyetsa Loeto: Pele ga beke ya loeto lono, molebedi wa tirelo o tshwanetse gore a sekaseke dikarata tsa Tlaleho Ea Mohoeletsi Ea Phutheho e leng dikarata tsa bao ba kopanelang mo setlhopheng seo a se etelang. Gape o tshwanetse gore a rulaganye gore a kopane le motshwari wa thuto wa mo setlhopheng seo mme a boeletse tiro eo e dirwang ke baboledi bao ba kopanelang mo setlhopheng seo a dira jalo a na le motshwari yoo wa thuto. Motshwari wa thuto a ka nna a bolelela molebedi wa tirelo ka mathata ape fela ao a amanang le bodihedi kana ka dilo dipe fela tse di tlhokegang tseo di ka nnang tsa se ka tsa supiwa ke dikarata tseno tsa pego. Motshwari wa thuto o tshwanetse go gakololwa gore thuto e tshwanetse go nna boleele jwa metsotso e le 45 fela e le go dira gore go tle go nne le nako ya puo ya tirelo eo e tsayang metsotso e le 15 ka molebedi wa tirelo.
4 Boikaelelo jwa go neelwa ga puo eo e tla nna go thusa baboledi gore ba anaanele bodihedi ka mo go oketsegileng. Fa e le gore baboledi ba tlhoka thuso mo dikarolong dingwe tsa bodihedi, molebedi wa tirelo o tshwanetse go ba naya dikakantsho tse di mosola e le gore ba tle ba kgone go tokafatsa mo dikarolong tseo. Dikakgelo tsa gagwe di tshwanetse go nna tse di siameng le tse di kgothatsang e le gore a tle a se ka a tlhabisa ope ditlhong kana gore a tle a se ka a kgoba ope marapo ka dikakgelo tsa gagwe tse di sa siamang. Seno se tla dira fela gore loeto lwa gagwe e nne le le senang mosola. Puo ya gagwe e tshwanetse gore e kgothatse botlhe gore ba tokafatse.
5 Molebedi wa tirelo o leka thata gore a thuse bakaulengwe ba le bantsi le bokgaitsadi ba le bantsi motho ka namana go ya ka moo thulaganyo ya gagwe e tla mo letlang ka gone. A ka nna a dira dithulaganyo tsa gore a bereke le ba ba farologaneng ba bone mo bodiheding. Fa a ntse a bereka le baboledi ka ntlo le ntlo, a ka nna a ntsha kakantsho e le nngwe kana di le pedi tse di thusang tse di malebana le ditsela tsa go tokafatsa seo ba se buang mo tshimong. Seno ga se a tshwanela gore se dirwe ka mokgwa wa go tshwayakaka diphoso mme lefa go ntse jalo se tshwanetse sa dirwa ka kgakololo e e dirwang ka bopeloephepa ya go ba thusa. Ebile a ka nna a ithaopela go tsamaya le baboledi fa ba ya kwa maetong a bone a go boela le kwa dithutong tsa Bibela. Fa go na le bape fela mo setlhopheng bao ba lebegang ba tlhoka go thusiwa ka namana, a ka nna a dira loeto lwa bodisa mo go yone beke eo gore a tle a ba thuse. Morago ga moo, a ka nna a itsise motshwari wa thuto ya buka ka dikakantsho tseo a di ba neetseng. Thuso e e botsalano eno ya ka namana e kgothaditse bangwe bao ba ileng ba repisa mo tirelong ya bone ya tshimo.
6 Pokano ya Tirelo: Mo go yone beke eo dipokano tsa tirelo ya tshimo di tshwanetse tsa tshwarwa ke molebedi wa tirelo. Di tshwanetse gore di simolole ka nako le eleng lefa go na le ba le mmalwanyana fela. Pokano eno ga ya tshwanela go feta metsotso e le 10 go ya go e le 15 ka boleele. Ga go pateletsege gore go tlotliwe ka temana ya Dikwalo ya letsatsi. Pele ga fa setlhopha se phatlalala, mongwe le mongwe o tshwanetse go itse gore o tla bo a bereka kae le gore o tla bo a bereka le mang. (1 Bakor. 14:33, 40) Molebedi wa tirelo o tshwanetse go kgothaletsa mongwe le mongwe go ya tirelong ya tshimo kwantle ga tiego epe.
7 Maeto ao molebedi wa tirelo a a dirang ka metlha a etela ditlhopha tsa thuto ya buka a ka nna lesego la mmatota mo phuthegong. Bodihedi jwa rona e tla nna jo bo rulaganeng sentle thata le jo bo nang le matswela ka gore mongwe le mongwe wa rona a dirisane mmogo nae ka nako ya fa a etile. Go feta moo, o tla ipedisiwa ke tiro ya gagwe. (Baheb. 13:17) Batho ba sekadinku ba tla phuthwa, ebile re tla ipedisiwa ke go itse gore re diragaditse thomo ya rona ya go rerela batho botlhe bao ba tla re utlwang.—Isa. 61:1, 2; Esek. 9:11; Yoh. 17:26.