Go Dirisanammogo le Motshwari wa Thuto ya Buka ya Phuthego wa Rona
1 Thuto ya Buka ya Phuthego e na le seabe se se botlhokwa thata mo go godiseng bokgoni jwa rona jaaka badihedi ba mafoko a a molemo. Go dirwa ka bomo fela gore ditlhopha di nne tse dipotlana gore seo se tle se kgothaletse gore go nne le boemo jo bo tshwanang le jwa lelapa le jo go nang le lorato jwa go ithuta Bibela le nngwe ya dikgatiso tsa Mokgatlho. Ditlhophanyana tseno gape di dira gore maemo e nne ao a siametseng go re thapisetsa gore re nne batho ba ba atlegang sentle mo bodiheding jwa tshimo. Thulaganyo ya thuto ya buka e dira gore go nne motlhofo gore batho ka namana ba bone kgothatso le go bona tlhokomelo ya sebele. Re ka dirisanammogo ka botlalo jang le motshwari wa thuto gore re solegelwe molemo ke paakanyetso eno?
2 Go Nna le Seabe Ka Tlhoafalo mo Bodiheding jwa Tshimo: Boikarabelo jo bongwe jo bo botlhokwa thata jwa motshwari wa thuto ya buka ke go thusa leloko lengwe le lengwe le le mo setlhopheng go tlhoafalela go nna le seabe mo bodiheding. Mabapi le seno, buka ya Bodihedi jwa Rona e re gakolola jaana mo tsebeng ya 44 gore “go nna gone ka metlha, tlhoafalo le tlhagafalo tseo a di bontshang mo tirong ya tshimo di tla bonala mo baboleding.” Ka dinako tse dingwe motshwari wa thuto o tla dira le balelapa la gagwe mo tirelong, mme o tla rata gape le go ya le ba bangwe kwa dikarolong tse di farologaneng tsa bodihedi fa maemo a gagwe a mo dumelela. A o ka tshegetsa dipokano tsa tirelo ya tshimo ka metlha yotlhe? Motshwari wa thuto ya buka le baboledi ba bangwe ba tla go anaanela thata fa o dira jalo.
3 Dipokano tsa go ya tshimong di rulaganyediwa mo mafelong a a siametseng boemo gore batho botlhe ba tle ba kgone go nna le seabe mo tirong ya go rera. Le mororo setlhopha sengwe le sengwe se tla rata go akanyetsa maemo a lefelo la sone, sengwe le sengwe se tla rata gore se simolole go sa ntse go le nako sentle mo bodiheding. Baboledi ba le bantsi le babulatsela ba atlega sentle thata fa ba tswelela ba ntse ba le mo bodiheding go feta le ka nako ya sethoboloko ka mafelobeke.
4 A o ne o ka rata go thusiwa mo karolong nngwe ya bodihedi? Gongwe motshwari wa thuto ya buka wa gaeno o ka rulaganyetsa gore o dire mmogo le mmoledi mongwe yo o nonofileng mo setlhopheng. Fa kgwedi e fela, dira gore o tlise pego ya gago ya tirelo ya tshimo ka bofefo fela thata. Motshwari wa thuto ya buka le mokwaledi boobabedi ba tla go anaanela thata fa o dirisana le bone le mo karolong eno.—Bapisa Luke 16:10.
5 Fa Molebedi wa Tirelo A Etetse Setlhopha: Gantsi molebedi wa tirelo o etela setlhopha se le sengwe sa thuto ya buka gangwe fela mo kgweding nngwe le nngwe gore a tle a kgothatse batho gore ba tle ba tlhagafale mo bodiheding jwa tshimo le go nna le matswela a a molemo. Tlhwaa tsebe thata jaaka fa a ntse a tsweletse ka go neela puo ya metsotso e 15 kwa bofelong jwa thuto ya buka, jaaka fa e tla ntsha kgakololo e e tsepameng eo e tla thusang setlhopha gore se tokafatse maemo a sone mo dikarolong tse di farologaneng tsa tiro ya go rera. Molebedi wa tirelo o itumelela gape go dira mmogo le batho ba ba farologaneng mo thutong ya buka mo mafelobekeng ao. Tlhomamisa gore o ithuse ka paakanyetso eno e e kgethegileng gore o tle o solegelwe molemo ke boitemogelo jwa gagwe le kgono ya gagwe mo tshimong.
6 Sekao sa rona ka namana sa tirisanommogo le boikemisetso jwa rona go thusa batho ba ba iseng ba nne le maitemogelo di tla thusa gore go nne le moya wa lorato le wa botsalano mo Thutong ya Buka ya Phuthego jaaka fa re ntse re ‘dira se se molemo mo bathong botlhe, me bogolo mo go ba e leng ba ntlo ya tumelo.’—Bagal. 6:10.