LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 9/91 ts. 4
  • Karolo 3—Lefelo la Bodihedi Jwa Tshimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Karolo 3—Lefelo la Bodihedi Jwa Tshimo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Dirisanammogo le Motshwari wa Thuto ya Buka ya Phuthego wa Rona
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Dipokano Tsa Tirelo ya Tshimo Tse di Diragatsang Boikaelelo Jwa Tsone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2015
  • Thuto ya Buka ya Phuthego E Rotloetsa Ditiro Tsa go Ruta
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Karolo 1: Boikarabelo jwa Motshwari wa Thuto
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
km 9/91 ts. 4

Thulaganyo ya Thuto ya Buka ya Phuthego

Karolo 3—Lefelo la Bodihedi Jwa Tshimo

1 Mo godimo ga go nna lefelo la thuto ya setlhopha, lefelo la Thuto ya Buka ya Phuthego le ka dira jaaka lefelo leo go kopanelwang mo go lone fa go iwa tirelong ya tshimo. Dinako tsa dipokano tse di ntseng jalo di tshwanetse go bo di siametse bontsi jwa baboledi, mme dipokano di tshwanetse tsa neela thuso e e mosola mo go rulaganyetseng baboledi go ya tirelong ya tshimo.

2 Ditlhopha tseo di rulaganyeditsweng thuto le tirelo sentle di aga bomoya. Ke mang yo o se kileng a solegelwa molemo ke kgothatso kana dikakantsho kaga gore a ka araba jang dikganetso, a ka simolola jang motlotlo, a ka simolola jang thuto ya Bibela kana gore a ka reng mo loetong lwa go boela? Baboledi ka wena le babulatsela bao ba kopanelang kwa lefelong la thuto ya buka ba neela thuso e e ntseng fela jalo.—Bagal. 6:9, 10.

3 Seabe sa Motshwari: Motshwari wa Thuto ya Buka ya Phuthego o etelela pele mme o na le boikarabelo jwa go rulaganya tiro ya setlhopha. O bereka le baboledi mo tshimong ka metlha. (1 Pet. 5:2, 3) Dipokano tsa tirelo tseo di baakanyeditsweng sentle di neela taelo ya Dikwalo ebile e le e e mosola go tlhomelela setlhopha go ya tshimong. Gantsi go molemo gore setlhopha sengwe le sengwe sa thuto ya buka se nne le pokano ya sone ya tirelo ya tshimo go na le gore ditlhopha tsotlhe di kopane mmogo mo lefelong le le lengwe. Lefa go ntse jalo, fa go tlhokega ditlhopha tse pedi tse dipotlana di ka nna tsa kopanngwa. Fa tirelo ya tshimo e tla morago ga Thuto ya Tora ya Tebelo, pokano ya tirelo ya tshimo e tshwanetse go nna khutshwane. Morago ga foo, motshwari mongwe le mongwe wa thuto ya buka o tla tlhokomela setlhopha sa gagwe.

4 Dithulaganyo tsa ka metlha tsa tirelo ya tshimo di kgothaletsa batho go tsaya karolo ka metlha mo bodiheding. Fa dipokano tsa tirelo di tshwarwa ka nako ebile di tshwarelwa kwa lefelong le le rulaganyeditsweng, baboledi ba rulaganyetsa seo, ba kgothalediwa ke go itse gore go tla bo go na le tshimo e e ka berekiwang ebile go na le bao go ka berekiwang le bone. (Bapisa Luke 10:1.) Le eleng le fa motshwari wa thuto a ka se ka a nna gone, o aba tshimo a bo a direla setlhopha dithulaganyo. (omTN dits. 44-5) Fa go sena mokaulengwe yo o tshwanelegang go tshwara pokano ya tirelo, motshwari a ka abela kgaitsadi mongwe go dira jalo. (omTN dits. 77-8; kmTN 3/88 ts. 3) Tlhakatlhakano ga e nne teng fa setlhopha se kopana ka metlha go ya tirelong ka nako e e tlwaelegileng le kwa lefelong le le tlwaelegileng. Phetogo epe ya nakwana e e ka dirwang mo go seno e tshwanetse ya itsisiwe go santse go setse beke fa go ka kgonega.

5 Go Tlhokega Tirisanommogo: Botlhe ba tshwanetse ba leka go nna le seabe se segolo mo dikarolong tse di farologaneng tsa bodihedi jwa tshimo. Kwantle ga go bolelelwa ke ope baboledi ba ka baakanyetsa mmogo ba dirile dithulaganyo tsa go ikatisa, ba dirisa dikganetso tsa mmatota le maemo a mmatota ao a ka nnang a direga mo tshimong ya bone.—Dia. 27:17.

6 A o ka rata gore mmoledi mongwe yo o nang le maitemogelo a go thuse gore o nne le bokgoni jo bo oketsegileng mo tirelong ya go dira barutwa? Fa go ntse jalo, bua le motshwari wa lona wa Thuto ya Buka ya Phuthego. A ka nna a kgona go rulaganyetsa gore mmoledi mongwe yo o tshwanelegang a go thuse. E le gore o solegelwe molemo, dirisa dikakantsho tseo o di neelwang ka tlhoafalo mme o tshegetse ditumalano tseo lo di dirang.

7 Bao ba abetsweng ke motshwari wa thuto ya buka gore ba thuse ba tshwanetse go bo ba iketleeditse go thusa gape ba sa lebelela matswela a a kwa godimo thata. Boitemogelo bo ile jwa bontsha gore bao ba nang le pono e e siameng ebile e lekalekane kaga tirelo ya tshimo mme ba tsaya dilo jaaka di ntse ke bone ba kgonang go thapisa ba bangwe botoka. (kmTN 8/79 dits. 1, 4; kmTN 10/79 ts. 3) Go tshwanetse ga neelwa dikakgolo fa kgatelopele e ntse e dirwa. Go tswa foo go ka tlhongwa mekgele e mengwe.—Bapisa Luke 19:17-19.

8 Re batla go thusana gore re nne le matswela mo go rereng mafoko a a molemo le mo go direng barutwa. Maemo a lefatshe ao a ntseng a nnela maswe go ya pele a bontsha kafa tiro eno e potlakileng ka gone. Matshelo a batho a a amega, mme Jehofa o akofisa tiro ya go phutha. (Isa. 60:22) Fa re ntse re akanya ka bodihedi jo re bo neetsweng, re tla bereka mmogo le setlhopha sa rona sa Thuto ya Buka ya Phuthego gore re wetse kabelo ya rona ka botlalo re ntse re laana le go kgothatsana.—Bar. 12:6-8; 2 Tim. 4:1, 2, 5.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela