Thulaganyo ya Thuto ya Buka ya Phuthego
Karolo 1: Boikarabelo jwa Motshwari wa Thuto
1 Thuto ya Buka ya Phuthego e na le seabe se se botlhokwa thata mo go goleng semoyeng ga batho ba ga Jehofa. Mo dikgweding tse di tla latelang, re tlile go tlhatlhoba dikarolo tse di farologaneng tsa Thuto ya Buka ya Phuthego mme re tlhatlhobe kafa re ka solegelwang molemo ka gone. Mo tokololong eno re batla go ela tlhoko thata ditsela tseo motshwari wa thuto ya buka a ka dirang gore thuto e nne e e kgothatsang le go nonotsha tumelo ka tsone.
2 E le gore a tle a kgone go ruta ka tsela e e nang le matswela, motshwari o tshwanetse go baakanyetsa sentle. Jaaka seithuti se se tlhoafetseng sa Lefoko la Modimo, ga a tshwanela fela go itse karabo ya potso nngwe le nngwe mme o tshwanetse gore gape a bo a tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa karabo eo e siame. O tshwanetse gore a leke go thusa botlhe bao ba leng gone mo thutong gore ba itse mabaka a dikarabo tse di ntshiwang. (1 Pet. 3:15) Seno se tla dira gore ba tlhaloganye tshedimosetso ka mo go oketsegileng.
MEKGELE YA FA O TSHWERE THUTO
3 Mokgele o mongwe wa motshwari wa thuto ke gore a dirise tshedimosetso eo e ithutiwang go nonotsha tumelo ya botlhe bao ba leng gone mme a ba tlhotlheletse gore ba batle go dira thato ya Modimo ka botlalo ka mo go oketsegileng. (Pes. 110:3; 2 Bathes. 1:3-5) E le gore a fitlhelele seno, motshwari wa thuto o tshwanetse go kgwa moya mo mafelong a a tshwanetseng gore a ‘gatelele’ dintlha tseo di dirang gore motho a ikanye Jehofa, Lefoko la gagwe, le phuthego ya gagwe go tswa mo pelong. (Bagal. 6:6, ntlhanyana e e kwa tlase go NW.) Dipotso tseo di bodiwang ka botlhale di ka dirisiwa go tlhomolola dintlha tseno tse di agang mo tumelong fa nako e letla.
4 Mokgele o mongwe ke go thusa botlhe gore ba bone gore ba ka dirisa tshedimosetso jang ka tsela e e mosola. Ba ka e dirisa jang mo bodiheding jwa tshimo? Mo go kgothatseng bakaulengwe mmogo le ba basha go kopanela? Mo go inonotsheng ka bobone mmogo le malapa a bone? Jaaka batshwari ba Thuto ya Buka ya Phuthego ba baakanyetsa thuto nngwe le nngwe, ba tshwanetse ba leka go lemoga kafa dintlha tse di rileng tsa thuto di ka dirisiwang ka tsela e e ka solegelang molemo ka gone.
5 Tshedimosetso e e rileng e ka nna ya dirisiwa go thusa ba losika, balekane ba sekolo, kana badirimmogo bao ba sa dumeleng. Tshedimosetso e nngwe e ka thusa bao ba leng mo malapeng a a kgaoganeng ka bodumedi kana gongwe mo malapeng a motsadi a le mongwe fela. Motshwari wa thuto a ka nna a dira gore bao ba leng gone ba arabe ba gololesegile ka go ba thusa go akanya le go bona kafa ba ka dirisang tshedimosetso eo e ithutiwang ka gone. Motshwari wa thuto o tshwanetse go leka go boloka thuto e kgatlhisa, a dira gore e se ka ya nna go akaretsa tshedimosetso ka dipotso le dikarabo fela.—Bapisa 1 Bakorintha 14:9, 19.
BONTSHA GO KGATLHEGELA BATHO KA NAMANA
6 Ka go kgatlhegela ka namana mongwe le mongwe yo o leng gone mo setlhopheng, motshwari wa thuto a ka ba kgothaletsa gore ba tseye karolo ka botlalo. Ba ba boi ba ka abelwa go bala ditemana nako e santse e le gone, kana e ka nna ya re nako e santse e le gone ba neelwa potso gore ba ipaakanyetse go e araba. Botlhe ba tshwanetse ba leka go araba ka mafoko a bone. Ka go reetsa dikakgelo ka kelotlhoko, motshwari wa thuto a ka lemoga fa e le gore bangwe ba tlhoka thuso ka namana. O ka nna a dirisa ba bangwe mo setlhopheng bao ba nang le maitemogelo gore ba thuse ka go neela tlhokomelo e e ntseng jalo go motho ka bongwe.
7 Thuto ya Buka ya Phuthego ke lesego mo go rona. E re fa tshono ya go kopana ka ditlhopha tse dipotlana le go thusa motho ka namana ka mo go oketsegileng. Le ka motlha ga re a tshwanela go e leba e le e e seng botlhokwa thata mo dipokanong tse dingwe. Motshwari wa Thuto ya lona ya Buka ya Phuthego o tsaya boikarabelo jwa gagwe jwa go dirisa thuto nngwe le nngwe gore a nonotshe tumelo ya lona mo go Jehofa le go aga kanaanelo ya lona mo dipaakanyetsong tsa Modimo tsa semoya, ka bomasisi.