LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 7/03 ts. 3
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
km 7/03 ts. 3

Dikitsiso

◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka July le August: Go ka tsamaisiwa epe fela ya diboroutšhara tse di latelang tsa ditsebe tse 32: A o Tshwanetse Wa Dumela Tharonngwe?, A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?, “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha,” Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala, Go Direga Eng ka Rona fa re Swa?, Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe? O Ka Le Bona Jang?, Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri, le Puso Eo e Tla Tlisang Paradaise. September: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. October: Tora ya Tebelo le Tsogang! Fa go bontshiwa kgatlhego, tsamaisa boroutšhara jwa Re Direng, o dira boiteko jo bogolo go simolola dithuto tsa Baebele.

◼ Go simolola ka September, balebedi ba potologo ba tla neela puo ya phatlalatsa ya setlhogo se se reng “Ke Eng fa re Tshwanetse go Boifa Modimo wa Boammaaruri?”

◼ Diphuthego di tshwanetse tsa simolola go kopa diforomo tse di lekaneng tsa ngwaga wa tirelo wa 2004 fa di romela kopo ya tsone ya dibuka ya July. Dilo tse di latelang ga di a tshwanela go kopiwa ka gonne di tsenngwa mo diforomong tse phuthego e di newang ngwaga le ngwaga: Congregation Report (S-1), Report Card Envelopes (rce), Foromo ya go Romela Meneelo (S-20), Pego ya go Tlhatlhoba Diakhaonto Tsa Phuthego (S-25), Pampiri ya Diakhaonto (S-26) le Pego ya Diakhaonto Tsa Phuthego ka Kgwedi (S-30). Tsweetswee dirisang diforomo tsotlhe ka tshomarelo. Di tshwanetse go dirisediwa boikaelelo jwa tsone fela.

◼ TSWEETSWEE ELA TLHOKO: Go na le phetogo mo dikopanong tse di latelang tsa ditšhabatšhaba:

December 4-7:

Durban (Seesemane, Puo ya Diatla; Seburu ga se tlhole se le teng)

Durban (Sezulu; kopano e ntšha)

◼ Baboledi le batho ba ba kgatlhegang ba ba buang Sezulu ba kgothalediwa go ya kopanong ya ditšhabatšhaba kwa Durban, ka gonne go tla bo go na le manno a mantsi, mme kwa Johannesburg le Pretoria go tla bo go na le manno a a lekanyeditsweng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela