Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
Beke e e Simololang ka September 8
Pina 10
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Kgothaletsa botlhe gore ba boeletse dintlha tsa bone tsa thulaganyo ya kopano ya potologo ya ngwaga o o fetileng wa tirelo go ipaakanyetsa Pokano ya Tirelo ya beke e e tlang. O dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng 4, dira gore go dirwe dipontsho di le pedi tsa maemo a lo tleng lo kopane le one mo tshimong ya lona, tsa kafa go ka buelelwang makasine wa Tora ya Tebelo ya September 15 ka gone le makasine wa Tsogang! ya October 8. Dira gore nngwe ya tsone e nne ya moithuti kgotsa motsadi a neela morutabana bosupi.
10 mets: Lekwalo le le Tswang Kwa Ofising ya Lekala. Mongwe yo e leng bogologolo e le mmoledi, gongwe e bile e le mogolwane, o tlotla le mmoledi yo o sa leng mosha. Mmoledi yono yo mosha o botsa mmoledi yo o nang le maitemogelo gore a o bone lekwalo le le tswang kwa ofising ya lekala mo kgatisong ya rona ya Tirelo ya Bogosi. Mmoledi yo o nang le maitemogelo o mo tlhalosetsa gore mo dingwageng tsa bo1960 le bo1970, Tirelo ya Rona ya Bogosi e ne e tle e nne le lekwalo le le tswang kwa ofising ya lekala. Morago ga moo, ba tlotla ka lekwalo leno le le mo tsebeng ya ntlha, ba tlhomolola dintlha tsa lone tsa konokono.
25 mets: “Basha—Thayang Motheo o o Molemo wa Isagwe.”a E neelwe ke mogolwane, a dirisa dipotso tse di fa tlase. Fa o tlotla ka serapa 5, umaka boitumelo le masego a a tlisiwang ke go tsenela tirelo ya nako e e tletseng.
Pina 170 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka September 15
Pina 199
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto.
10 mets: “Go Ithuta Buka ya Obamela Modimo.” Puo ka molebedi wa thuto ya buka. Bontsha bareetsi thulaganyo ya go ithutiwa ga buka eno. Fa o tlotla serapa sa bonè, akaretsa dintlha dingwe tse di tswang mo bukeng ya Sekolo sa Bodiredi, tsebe 28 serapa 1, le tsebe 70.
25 mets: “Ikanye Jehofa Mme o Dire Molemo.” (Pes. 37:3) Motlotlo le bareetsi o o theilweng mo dipotsong tse di latelang, tse di tlhomololang dintlha tsa konokono tsa thulaganyo ya kopano ya potologo ya ngwaga o o fetileng wa tirelo. Kopa bareetsi go tlhalosa gore ba ile ba dirisa jang dintlha tsa konokono motho ka bongwe le jaaka lelapa. Tlotla ka dipuo tse di latelang tsa thulaganyo: (1) “Go Bontsha Gore re Ikanya Jehofa.” Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go ikanya Jehofa mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo jwa rona? (it-2 ts. 521) Watch Tower Publications Index e ka re thusa jang? (2) “Itise Kgatlhanong le Dilo Tsa Lefela Tsa Botshelo.” (Mor. 2:4-8, 11) Ke dilo dife tsa lefela tse re tshwanetseng go itisa kgatlhanong le tsone, mme re ka dira seo jang? (3) “Ilang se se Bosula—Nnang Badiri Ba se Se Molemo.” Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go ngaparela ditekanyetso tsa ga Jehofa? (Isa. 5:20) Re tshwanetse go tshwarega ka ditiro dife tse di molemo? (4) “Go Nna re Tshepile Jehofa.” Ke eng se se tla re thusang go nna re nitame fa re lebane le diteko le dithaelo? Ke ka ntlha yang fa re ka nna ra tshwanelwa ke go tlogelela dilo dingwe mo diatleng tsa ga Jehofa? (5) “A o Tla Kaiwa o Tshwanelwa ke go Tsena mo Bogosing Jwa Modimo?” (Bakol. 1:10) Ke dikai dife tse di tswang mo Baebeleng tse di re tlhotlheletsang go tswelela re tsamaya kafa go tshwanetseng Jehofa? (6) “Ikanye Ditsholofetso Tsa ga Jehofa.” Go dira jalo go tla ama matshelo a rona jang?
Pina 58 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka September 22
Pina 7
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. O dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng 4, dira gore go nne le dipontsho tse pedi tsa kafa makasine wa Tora ya Tebelo ya October 1 le wa Tsogang! ya October 8 di ka buelelwang ka gone. Dira gore nngwe ya tsone e nne ya mogolwane a le mo tirong ya go neela bosupi ka founo a na le mmoledi yo o bokoa. Tlotla ka dithulaganyo tsa bofelo tsa tshimo e e sa abiwang. E re ka October e le kgwedi ya bofelo ya letsholo la tshimo e e sa abiwang, kgothaletsa botlhe gore ba nne le seabe ka botlalo. Diphuthego di sa ntse di ka nna tsa bereka tshimo ya tsone e e sa abiwang mo mafelobekeng a November 1, 2, fa e le gore di ka kgona go dira jalo.
15 mets: Re Dirile Jang mo Ngwageng o o Fetileng? Molebedi wa tirelo o boeletsa dintlhakgolo tsa pego ya phuthego ya ngwaga wa tirelo wa 2003. Akgolela phuthego tiro e e molemo e e kgonneng go e dira. Akaretsa dintlha dingwe tse di tshwanelang tse di tswang mo pegong ya bofelo ya molebedi wa potologo. Umaka mokgele o le mongwe kgotsa e mebedi e phuthego e ka kgonang go e fitlhelela mo ngwageng ono wa tirelo.
20 mets: A Modimo o Amogela Ditumelo Tsotlhe? Motlotlo le bareetsi o o theilweng mo bukeng ya Go Fetolana. Tlhalosa gore o ka tlotla jang le motho ka kgang eno. (rs-TN ts. 73) Umaka ditsela di le mmalwa tsa kafa bodumedi jwa boammaaruri bo ka bonwang ka gone. (rs-TN dits. 78-80) Bodiredi jwa rona bo thusa ba bangwe gore ba tlhophe mofuta wa kobamelo e Modimo a e amogelang.—Bakol. 1:9, 10.
Pina 39 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka September 29
Pina 194
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Gakolola baboledi gore ba tlise dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa September. Umaka gore go tla bo go tsamaisiwa kgatiso efe ka October. Dira gore go nne le pontsho e khutshwane ya kafa go ka simololwang thuto ya Baebele ka gone ka boroutšhara jwa Re Direng.
15 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.
20 mets: “Aparang Boikokobetso.”b Kopa bareetsi go tlhalosa gore dikwalo di ka dirisiwa jang mo kgannyeng eno.
Pina 224 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka October 6
Pina 170
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Mo kgweding eno, re tla bo re dira boiteko jo bo kgethegileng jwa go simolola dithuto tsa Baebele. Ka bokhutshwane, boeletsa serapa 1 sa Tirelo ya Rona ya Bogosi ya May 2002, mo tsebeng 1 setlhogo sa bobedi.
15 mets: “Tlhomamisa Gore Dilo Tsa Pele di Tle Pele!” Puo le motlotlo le bareetsi, e e theilweng mo setlhogong seno se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya September 1, 1998, tsebe 19-21. Umaka malatsi a ka one go tla bong go dirwa ditiro tsa puso ya Modimo tse di rulaganyeditsweng go dirwa mo dikgweding di le mmalwa tse di tlang, mme o kgothatse botlhe gore ba tshwaye malatsi ao mo dikhalendareng tsa bone. Kopa bareetsi go tlhalosa gore ba dirang gore ba se ka ba foswa ke dilo tsa semoya.
20 mets: Go Emelana le Tlhotlheletso E e Sa Siamang ya Balekane. Botsolotsa mogolwane kgotsa motlhanka wa bodiredi yo o goletseng mo lelapeng la Bakeresete. Umaka dintlha dingwe tse di tlhophilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya February 15, 2003. Mokaulengwe o ile a lebana le tlhotlheletso efe e e sa siamang kwa sekolong? (ts. 24 ser. 3; ts. 25 dir. 4-5) A bangwe ba ile ba mo tlhotlheletsa gore a dire dilo dingwe tse di sa siamang? (ts. 26 dir. 4-6) A o sa ntse a lebana le ditlhotlheletso tse di sa siamang le fa e setse e le mogolo? Ke eng se se mo thusitseng gore a se ka a ineela? Neela puo e khutshwane e e konelang e e theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya August 1, 1999, ditsebe 24-5, mme o umake melemo ya go nna le ditsala tse di molemo.
Pina 26 le thapelo e e konelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.