Dikgang Tsa Puso ya Modimo
◼ Re itumeletse ngwaga o mongwe gape o o tlhomologileng wa go agiwa ga Diholo Tsa Bogosi. Tota e bile, mo dingwageng tse tharo tse di ntseng di feta, go ile ga itumedisa thata go bona go agiwa ga diholo di ka nna 180. A bo re leboga jang masego a magolo a a tswang kwa go Jehofa!
A o ile wa bontsha moya o o molemo wa go ithaopa ka go tsenya letsogo mo kagong ya Holo ya Bogosi? Fa go ntse jalo o ile wa bona boitumelo jo bo tlisiwang ke go aba. (Dit. 20:35) Kwantle ga baithaopi ba rona ba mono, go ne ga tla baithaopi bangwe ba ba thusang go aga Diholo Tsa Bogosi go tswa kwa moseja ba tla go thusa ka lorato. Ka ntlha ya seno Komiti nngwe ya Kago ya Kgaolo e ne ya kgona go aga Diholo Tsa Bogosi di le 11 mo dikgweding tse 9. Tlhoafalo e e ntseng jalo e naya bosupi jo bogolo ka leina la ga Jehofa, e kgatlha setšhaba thata e bile e ama botlhe ka tsela e e molemo.
Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Go lekalekanya mo go setseng ga lona go tle go tlose go tlhaelelwa ga bone.” (2 Bakor. 8:14) Gompieno, go lekalekanya mo go tshwanang go thusa ka madi a a tlhokegang gore go agiwe Diholo Tsa Bogosi. Diphuthego di le dintsi tse di setseng di ikemetse di ntse di thusa diphuthego tse dinnye ka go di adimela madi a go aga Holo ya Bogosi. Meneelo ya kgwedi le kgwedi e e yang mo Letloleng la Diholo Tsa Bogosi le dituelo tsa kgwedi le kgwedi tsa madi a a adimilweng di anaanelwa thata, mme di dirisiwa go thusa diphuthego tse di tlhokang Diholo Tsa Bogosi ka potlako.
Mo dikgweding tsa bosheng jaana go ne ga neelwa Diholo tseno Tsa Bogosi di le 19: Nkande, Ezakheni East, Incotshane le Klaarwater (KwaZulu-Natal); Amsterdam le Kwamhlanga (Mpumalanga); Mafikeng South, Cassel, Huhudi, Dryharts, Magogoe-Koikoi le Ikhutseng (North West); Club View le Namahadi (Free State); Ginsberg le Nonibe (Eastern Cape); Ncweng (Northern Cape); Boipatong (Gauteng); le Mantabeni (Swaziland).
Botlhe ba kgothalediwa gore ba tswelele pele ba tshegetsa Komiti ya Kago ya Kgaolo ka botlalo. Tlhomamisa gore o latela melao ya tsa tshireletso fa o bereka mo setsheng. Dikomiti Tsa Kago Tsa Kgaolo tse 25 di na le lobaka lo loleele di bereka go sena dikotsi, kwantle ga dikotsi di sekae fela tse dinnye. Dikomiti dingwe Tsa Kago Tsa Kgaolo di ikaeletse go tsamaisa thulaganyo ya tsone ya go aga ka bofefonyana mo ngwageng o mosha wa tirelo gore di thuse diphuthego tse dintsi tse dinnye tse di sa ntseng di tlhoka Diholo Tsa Bogosi. Ka jalo go sa ntse go tlhokega baithaopi ba bangwe ba le bantsi. A go na le tsela epe e o ka thusang ka yone? E kete moya o o boitshepo o ka tswelela pele o tshegetsa maiteko a gago go ya ka thato ya ga Jehofa.—Baheb. 2:4.