LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/03 ts. 11
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
km 10/03 ts. 11

Dikitsiso

◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka October: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Tsamaisetsa batho ba ba kgatlhegang boroutšhara jwa Re Direng mme o dire boiteko jwa go simolola dithuto tsa Baebele. November: Modimo o Batla Gore re Direng? kgotsa Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Fa e le gore batho ba setse ba na le dikgatiso tseno, ba ka nna ba newa buka ya Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri kgotsa kgatiso nngwe ya bogologolo. December: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. Gape go ka nna ga tsamaisiwa Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela kgotsa Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? Go ka nna ga tsamaisiwa buka ya O Ka Tshelela Ruri Mo Lefatsheng la Paradaise fa phuthego e na le yone mo setokong. January: Buka epe fela e e gatisitsweng pele ga 1988 e phuthego e ka tswang e na le yone mo setokong. Fa e le gore ga lo na epe ya dibuka tseno mo setokong, tsweetswee tlholang gore a diphuthego tse di fa gaufi di ka tswa di na le dibuka tseno tsa bogologolo di le dintsi gore lo ka di dirisa. Diphuthego tse di se nang dibuka tsa bogologolo di ka tsamaisa buka ya Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo kgotsa Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng.

◼ Nngwe ya ditsenyeletso tsa kgatiso eno ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ke “Thulaganyo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ya 2004” mme e tshwanetse go bewa sentle gore e dirisiwe mo ngwageng otlhe wa 2004.

◼ Bagolwane ba ba mo diphuthegong tse di abetsweng go ya kopanong ya ditšhabatšhaba ba ka dira tshwetso ya gore a ba nne le thuto ya buka mo masimologong a beke eo kgotsa ba rulaganye gore halofo ya thuto e e abetsweng go dirwa beke eo e dirwe mo bekeng ya pele ga kopano mme halofo e nngwe e dirwe mo bekeng ya morago ga kopano. Itsise phuthego go sa le gale. Diphuthego tse di nang le kopano ya kgaolo di tshwanetse go nna le thuto ya buka mo bekeng ya kopano. Pokano ya Sekolo le Tirelo ga e ne e tshwarwa ka beke ya kopano.

◼ Fa e le gore nako ya dipokano tsa phuthego ya lona e tlile go fetoga ka January 1, mokwaledi wa phuthego o tshwanetse go itsise ofisi ya lekala ka go romela foromo ya Congregation Meeting Information (S-5). Go ka nna ga otariwa dipampitshana tse disha tsa taletso fa di tlhokega, ka go romela foromo ya Handbill Request (S-16). Dipampitshana tsa taletso di tshwanetse go kopiwa bobotlana dibeke di le robedi pele ga nako e lo di batlang ka yone.

◼ Diphuthego di tshwanetse tsa simolola go kopa temana ya ngwaga wa 2004 mo kopong ya tsone ya dibuka ya October. Tse di tla bong di le teng fela ke tsa lomatsana (board) lwa bogolo jwa 1 000 mm x 350 mm. Temana ya ngwaga e tla bo e le teng ka Seburu, Seesemane, Sesotho, Sexhosa le Sezulu. Diphuthego di ka se ka tsa kopa ditemana tsa ngwaga di le pedi tsa puo e le nngwe fela. Go akantshiwa gore diphuthego di pege temana e ntšha ya ngwaga ka January 1, 2004.

◼ Ofisi ya lekala ga e romele dikopo tsa dibuka tse baboledi ba di kopang ka bobone. Molebedi yo o okamelang o tshwanetse go rulaganya gore go balwe kitsiso kgwedi nngwe le nngwe pele ga kopo ya kgwedi le kgwedi ya dibuka tsa phuthego e romelwa kwa lekaleng gore botlhe ba ba ratang go otara dibuka tsa bone ba kgone go itsise mokaulengwe yo o tshwarang dibuka. Tsweetswee gakologelwang gore ke dikgatiso dife tse e leng dilwana tsa dikopo tse di kgethegileng.

◼ Puo e e kgethegileng ya phatlalatsa ya nako ya Segopotso sa 2004 e tla neelwa ka Sontaga, April 18. Setlhogo sa puo se tla itsisiwe moragonyana. Diphuthego tse di tla bong di na le ketelo ya molebedi wa potologo kgotsa kopano mo mafelobekeng ao di tla nna le puo e e kgethegileng mo bekeng e e latelang. Ga go phuthego epe e e tshwanetseng ya nna le puo e e kgethegileng pele ga April 18, 2004.

◼ Dikgatiso Tse Disha Tse di Leng Teng:

Watch Tower Publications Index 2002—Seesemane

◼ Dikhasete Tse Disha Tse di Leng Teng:

Singing Kingdom Songs—No. 3—Sezulu

◼ Dikhasete Tse Disha Tsa Bidio Tse di Leng Teng:

Elementary Bible Teachings—On Videocassette, Bolumo 1—Puo ya Diatla ya Amerika

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela