LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/03 ts. 10
  • Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
km 10/03 ts. 10

Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo

Go tla sekasekwa dipotso tse di latelang mo tlhatlhobong e e sa kwalweng mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka October 27, 2003. Molebedi wa sekolo o tla tshwara poeletso ya metsotso e le 30 e e theilweng mo tshedimosetsong e e ileng ya ithutiwa mo dipuong tsa go tloga ka beke ya September 1 go ya go October 27, 2003. [Ela tlhoko: Mo dipotsong tse di senang ditshupiso, o tla tshwanelwa ke go itirela dipatlisiso e le gore o bone dikarabo.—Bona Sekolo sa Bodiredi, dits. 36-7.]

BOKGONI JWA GO BUA

1. Kgakololo e e mo go 1 Timotheo 2:9 ya gore motho a ikgabise ka “diaparo tse di rulagantsweng sentle,” e kaya eng, mme seno se ka ama jang dipuo tse re di neelang mo seraleng kana tiro ya rona ya bodiredi jwa tshimo? [be-TN ts. 132 dir. 4-5]

2. Melaometheo ya Baebele e e mo go 1 Johane 2:15-17, Baefeso 2:2, le Baroma 15:3 e tshwanetse go tlhotlheletsa jang tsela e re lebegang ka yone? [be-TN ts. 133 dir. 2-4]

3. Ke eng fa go le botlhokwa gore re wele dibete fa re bua, mme ke eng se se ka re thusang go wela dibete fa re le mo seraleng kana re le mo bodireding? [be-TN ts. 135 lebokoso; ts. 136 ser. 5, lebokoso]

4. E re ka Jesu e le “mosupi yo o ikanyegang le yo o boammaaruri,” o ile a re tlhomela sekao jang mo go diriseng Baebele mo bodireding? (Tshen. 3:14) [be-TN ts. 143 dir. 2-3]

5. Re ka nna jang ditswerere mo go diriseng Baebele? (Tito 1:9) [be-TN ts. 144 ser. 1, lebokoso]

PUO NO. 1

6. Go ithuta go akaretsa eng, mme mengwe ya melemo ya go ithuta Lefoko la Modimo ka metlha ke efe? [be-TN ts. 27 ser. 3; ts. 32 ser. 3]

7. Go ya ka Jakobe 1:5, 6, ke eng sa botlhokwa se re tshwanetseng go se dira fa re lebane le ditshwetso tse di masisi? [w01-TN 9/1 ts. 28 ser. 4]

8. Matlha a pinagare ke eng, mme ke eng fa a le botlhokwa? [si-TN ts. 282 ser. 27]

9. Motho “yo o tlisang pego e e bosula” o sematla ka tsela efe? (Dia. 10:18) [w01-TN 9/15 ts. 25 ser. 3]

10. Mo lefatsheng le lesha, batho ba tla tlhaloganya jang ka botlalo tsela e Jehofa a lebang nako ka yone? [si-TN ts. 283 ser. 32]

MMALO WA BAEBELE WA BEKE LE BEKE

11. Boammaaruri kana Maaka: Mo go 1 Bakorintha 2:9, moaposetoloi Paulo o bua ka dilo tse Jehofa a di baakanyeditseng batho ba gagwe ba ba ikanyegang gore e nne boswa. Tlhalosa. [ip-2-TN ts. 366 lebokoso]

12. Ke dithaelo dife tse 1 Bakorintha 10:13 e buang ka tsone, mme Jehofa o re direla jang “tsela ya go tswa” mo go tsone? [w91-TN 10/1 dits. 10-11 dir. 11-14]

13. Sekai sa ga Jesu sa bopelotshweu se ama Bakeresete jang? (2 Bakor. 8:9) [w92-TN 1/15 ts. 16 ser. 10]

14. Molao e ne e le ‘mogogi yo o isang kwa go Keresete’ ka tsela efe? (Bagal. 3:24) [w02-TN 6/1 ts. 15 ser. 11]

15. “Dilo tsa tshimologo tsa lefatshe” tse re tshwanetseng go itisa mo go tsone e le gore re se ka ra timediwa ke dife? (Bakol. 2:8)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela