Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
ELA TLHOKO: Tirelo ya Rona ya Bogosi e tlile go nna le thulaganyo ya Pokano ya Tirelo ya beke nngwe le nngwe ka nako ya dikopano. Diphuthego di ka nna tsa dira diphetogo tse di tlhokegang gore di kgone go nna gone kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Nayang Modimo Kgalalelo.” Fa go tshwanela, dirisang metsotso e le 15 mo Pokanong ya Tirelo ya bofelo pele ga lo ya kopanong go boeletsa dikgakololo tse di tswang mo tsenyeletsong ya October tse di tshwanelang phuthego ya lona. Ka kgwedi ya February 2004, go tla nna le Pokano ya Tirelo e go tla boelediwang dintlhakgolo tsa kopano mo go yone. E le gore re ipaakanyetse puisano eo, rotlhe re ka kwala dintlha tsa botlhokwa kwa kopanong, go akaretsa le lenaane la dintlha tse re ka ratang go di dirisa ka namana mo botshelong jwa rona le mo bodireding jwa tshimo. Ka jalo re ka kgona go kgothatsa ba bangwe ka go tlhalosa gore re dirisitse dikakantsho tseo jang.
Beke e e Simololang ka November 10
Pina 212
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona le Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Akgola botlhe ba ba ileng ba nna le seabe mo letsholong la tshimo e e sa abiwang. Bega ka tiro e e dirilweng mme o anele maitemogelo ape a a kgatlhang. Dira gore go nne le dipontsho di le pedi tsa maemo a a ka diregang mo tshimong ya lona tsa kafa go ka dirisiwang ka teng dikakantsho tse di mo go tsebe 4 fa go tsamaisiwa Tora ya Tebelo ya November 15 le Tsogang! ya December 8. Mo pontshong nngwe le nngwe, dimakasine di tsamaisiwe tsoopedi le fa go bueletswe e le nngwe fela. Dira gore pontsho e nngwe e nne le tlhaloso ya kafa tiro ya rona ya lefatshe lotlhe e tshegediwang ka teng ka madi.—Bona Tora ya Tebelo, ts. 2, kgotsa Tsogang! ts. 5.
15 mets: “Itshupeng lo Iketleeditse.”a Kopa bareetsi gore ba tlhalose gore ke eng se se ba thusang gore ditlhobaelo le dilo tse di itayang tsebe tsa tsamaiso eno ya dilo di se ka tsa ba tseela nako e go neng go ka nna molemo bogolo fa ba e dirisetsa dilo tsa semoya.
20 mets: O Tlhopha go Tsalana le Batho ba ba Ntseng Jang? Motlotlo le bareetsi o theilwe mo bukeng ya Obamela Modimo, tsebe 47-9. O dirisa dipotso le ditemana tse di mo serapeng sa 13, kopa bareetsi gore ba akgele ka melaometheo ya Baebele e e tshwanetseng go re kaela fa re tlhopha batho ba re tsalanang le bone.
Pina 127 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka November 17
Pina 96
12 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikgang Tsa Puso ya Modimo. Botsolotsa baboledi ba le babedi kgotsa ba le bararo ba ba nnileng le maitemogelo a a kgatlhang fa ba ne ba tsamaisa kgatiso e e tsamaisiwang kgwedi eno. Bangwe ba ka tswa ba kgonne go simolola dithuto tsa Baebele.
15 mets: Tlhagolela Moya wa go Aba. Puo eno e neelwe ke mogolwane, e theilwe mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya November 1, 2003, tsebe 27-30. Akaretsa le kitsiso malebana le meneelo e e dirwang ngwaga le ngwaga e direlwa Thulaganyo ya go Thusa mo Diholong Tsa Bogosi.
18 mets: “Go Akgolwa go a Kgothatsa.”b Akaretsa le dintlha tse di tswang mo bukeng ya Boitumelo mo Lelapeng, tsebe 49-50, serapa 21. Kopa gore batho ba ba ileng ba kgothadiwa ke mafoko a ba bangwe a kakgolo ba akgele ka bokhutshwane.
Pina 58 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka November 24
Pina 213
12 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto. Dira gore go nne le dipontsho tse pedi tse di farologaneng di bontsha kafa go ka dirisiwang ka teng dikakantsho tse di mo go tsebe 4 go tsamaisa Tora ya Tebelo ya December 1 le Tsogang! ya December 8. Go ka dirisiwa temana epe fela le fa e se e e akantshitsweng mo go tsebe 4. Mo pontshong nngwe le nngwe, dimakasine di tsamaisiwe tsoopedi le fa go bueletswe e le nngwe fela. Pontsho e nngwe e nne ya go tsamaisa dimakasine ka tsela e e seng ya tlwaelo mo dipalangweng tsa botlhe kgotsa mo maemong ape fela a a tshwanelang tshimo ya lona.
10 mets: Lebokose la Dipotso. Puo eno e neelwe ke mogolwane.
23 mets: “Go Tokafatsa Kamano ya Rona le Jehofa.”c Dirisa dipotso tse di gatisitsweng. Dira gore bareetsi ba akgele kafa ditemana di dirang ka gone. Rulaganya go sa le gale gore motho a le mongwe kgotsa ba le babedi ba akgele ka se se ba thusitseng go tokafatsa tsela e ba ithutang Baebele ka yone.
Pina 202 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka December 1
Pina 138
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Gakolola baboledi go tlisa dipego tsa tirelo ya tshimo ya November. Umaka dikgatiso tse di tsamaisiwang ka December. Boeletsa ka bokhutshwane puisano e le nngwe kgotsa di le pedi tse di akantshitsweng. Tlhalosa kafa baboledi ba ka dirisang Watch Tower Publications Index ka teng gore ba bone dipuisano tse dingwe.—Bona Tirelo ya Rona ya Bogosi ya September 2001, ts. 2.
15 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.
20 mets: Go Tshwanelegela Sentle go Ruta ba Bangwe. Motlotlo le bareetsi o o theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya June 1, 2000, tsebe 16-17, serapa 9-13. Mokgele wa rona o mogolo mo bodireding ke gore re kgone go ruta sentle. Re ka atlega go thusa batho ba ba jaaka dinku fa re kgona go ba naya molaetsa wa Bogosi ka tsela e e ba sedimosetsang le e e ba rotloetsang. Tlotla ka dipotso tse di latelang: (1) Pharologanyo fa gare ga go rera le go ruta ke eng? (jv-TN ts. 572, ser. 5) (2) Ke ka ntlha yang fa bangwe ba etsaetsega fa ba tshwanetse ba simolola thuto ya Baebele le mongwe? (3) Re ka tokafatsa jang bokgoni jwa rona jwa go ruta? (4) Re ka tlhomamisa jang gore moithuti wa rona o tlhaloganya se a se ithutang? (5) Re tshwanetse ra leka go thusa moithuti gore a fitlhelele mokgele ofe?
Pina 70 le thapelo e e konelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
c Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.