Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
Beke e e Simololang ka January 12
Pina 224
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Kgothaletsa botlhe gore ba lebelele bidio ya Transfusion-Alternative Health Care—Meeting Patient Needs and Rights gore ba ipaakanyetse motlotlo o o tla tshwarwang kwa Pokanong ya Tirelo ka beke ya January 26. Dira gore go nne le dipontsho tsa kafa go ka tsamaisiwang ka teng Tora ya Tebelo ya January 15 le Tsogang! ya February 8 go dirisiwa dikakantsho tse di mo go tsebe 4. Mo pontshong nngwe le nngwe dira gore dimakasine di tsamaisiwe tsoopedi le fa go bueletswe e le nngwe fela. Morago ga pontsho nngwe le nngwe gatelela dintlha dingwe tse di mosola ka pontsho eo.
15 mets: “Mosola o Mogolo Thata wa Botlhale Jwa Bomodimo.”a Fa nako e letla, kopa bareetsi gore ba akgele ka ditemana tse di umakilweng mme di sa nopolwa.
20 mets: “Tlhokomela Thata Kafa o Dirisang Nako ka Teng.”b Kopa bareetsi gore ba akgele ka se ba se dirang gore ditiro tse di seng botlhokwa di se ka tsa ba jela nako ya ditiro tsa semoya.
Pina 186 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka January 19
Pina 95
5 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Gakolola botlhe ka Pokano e e kgethegileng ya Tirelo beke e e tlang, e mo go yone re tla sekasekang bidio ya Patient Needs and Rights re bo re tlotla ka karata ya Advance Medical Directive/Release re bo re e aba.
10 mets: Lebokoso la Dipotso. Puo ka mogolwane.
15 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.
15 mets: Dirisa Lefoko la Modimo mo Botshelong Jwa Gago Letsatsi le Letsatsi. Puo le motlotlo le bareetsi. Kgothaletsa botlhe gore ba dirise bukana ya Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2004. Tlotla ka dintlha tse di mo ketapeleng e e mo go tsebe 3-4. Botsa bareetsi gore bone ba bona nako efe e le yone e e molemolemo ya go bala temana ya letsatsi. Tlotla le phuthego ka temana ya letsatsi leo le dikakgelo tsa yone. Kopa bareetsi gore ba akgele ka gore tshedimosetso eo e ka dirisiwa jang ka tsela e e mosola. Kgothaletsa botlhe gore nako le nako fa ba tlotla ka temana ya letsatsi, ba iphe nako ya go sekaseka ka bokhutshwane gore ba ka dirisa tshedimosetso eo jang.
Pina 73 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka January 26
Pina 158
12 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto. Gakolola baboledi gore ba tlise dipego tsa tirelo ya tshimo ya January. Dira gore go nne le dipontsho tsa kafa go ka tsamaisiwang Tora ya Tebelo ya February 1 le Tsogang! ya February 8 ka teng go dirisiwa dikakantsho tse di mo go tsebe 4. Mo pontshong nngwe le nngwe, dimakasine di tshwanetse go tsamaisiwa tsoopedi, le fa go bueletswe e le nngwe fela. Mo go nngwe ya dipontsho tseno, bontsha kafa o ka tsamaisetsang moagelani wa gago dimakasine ka teng.
18 mets: “Bidio e e Bontshang Kgato e e Botlhokwa e e Tsewang mo go Tsa Kalafi.” E tshwarwe ke mogolwane yo o tshwanelegang. Bala Ditiro 15:28, 29 mme o gatelele ka bokhutshwane gore lebaka la konokono la go bo Bakeresete ba gana go tshelwa madi ke ka gonne ba tlotla molao wa Modimo malebana le boitshepo jwa madi. Morago ga moo, tsena ka tlhamalalo mo motlotlong wa bidio ya Patient Needs and Rights o dirisa dipotso tse di gatisitsweng. Konela ka go bala serapa sa bofelo.
15 mets: Go Lebana le Dikgwetlho Tsa Kalafi ka Tshepo. Puo ka mogolwane yo o tshwanelegang, a dirisa aotlelaene e e tswang kwa ofising ya lekala. Boeletsa dintlha tsa botlhokwa go tswa mo setlhogong se se reng “Dithulaganyo Tsa go re Thusa go Ithiba mo Mading.”
Pina 177 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka February 2
Pina 204
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Umaka dikgatiso tse di tsamaisiwang ka February.
15 mets: Etsa Paulo Jaaka a Editse Keresete. (1 Bakor. 11:1) Motlotlo le bareetsi. Fela jaaka Jesu, Paulo o ne a dirisa nako e a e bonang go rerela “ba go neng go direga gore ba bo ba le gone.” (Dit. 17:17) Ke dinako dife tse o ka dirang seno ka tsone mo tshimong ya lona? Ke bomang ba ba a bong “ba le gone” fa re ya mabenkeleng, re le kwa tirong kgotsa kwa sekolong, kgotsa re le mo dipalangweng tsa botlhe? Ke bomang ba re ka kopanang le bone fa re le kwa gae? Kopa bareetsi gore ba bolele maitemogelo a ba nnileng le one fa ba rerela batho ba ba kopaneng le bone ba dira ditiro tsa letsatsi le letsatsi.
20 mets: Go Tlhagolela Botsala le Badumedimmogo. (Dia. 18:24; 27:9) Puo le motlotlo le bareetsi o o theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya December 1, 2000, tsebe 22-3. Lengwe la masego a go nna mo kobamelong ya boammaaruri ke gore o ka kgona go nna le ditsala tsa mmatota. Fa re kopane kwa dipokanong, kwa tirelong ya tshimo le ka makgetlho a mangwe, re a kgothadiwa tota. Re ka dira ditsala jang le ba bangwe mo phuthegong? Boeletsa lebokoso le le reng, “Dikgato Tse Thataro Tsa go Nna le Botsala jo bo Nnelang Ruri,” mme o kope bareetsi go akgela kafa ntlha nngwe le nngwe e ka dirisiwang ka teng fa re dirisana le bakaulengwe ba rona.
Pina 151 le thapelo e e konelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.