Go Nna Gone Kwa Dipokanong ka Metlha ke Selo se se Tlang Pele
1 Malapa a Bakeresete a dira gore go nna gone kwa dipokanong ka metlha e nne selo se se tlang pele mo matshelong a bone. Mme gompieno maikarabelo a motho a nang le one mo botshelong e ka nna kgwetlho. A ditiro tsa mo gae, tiro ya go itshedisa kana tiro ya kwa sekolong e simolola go go tseela nako e e beetsweng kwa thoko go obamela Jehofa? Go leba dilo kafa Jehofa a di lebang ka gone go tla re thusa go boloka dilo tse di botlhokwa e le tsone di tlang pele.—1 Sam 24:6; 26:11.
2 Monna mongwe wa Moiseraele o ne a palelwa ke go leba dilo kafa Jehofa a di lebang ka teng fa a ne a rwalela dikgong ka letsatsi la Sabata. Gongwe o ne a ipoleletse gore o ne a direla lelapa la gagwe seno kana gore e ne e le selo se sennye fela. Le fa go ntse jalo, go ya kafa Jehofa a mo atlhotseng ka gone, o ne a bontsha gore go dira dilo tse di seng botlhokwa ka nako e e beetsweng kwa thoko go mo obamela ke kgang e e masisi.—Dipa. 15:32-36.
3 Go Lebana le Dikgwetlho: Ba le bantsi ba go fitlhela go le thata go dira gore tiro ya go itshedisa e se ka ya thulana le nako ya go ya dipokanong. Bangwe ba ile ba rarabolola bothata jono ka go buisana le bathapi ba bone, ka go kopa badiri ba bangwe gore ba bereke ka nako e bone ba tshwanetseng go bereka ka yone, ka go batla tiro e nngwe e e botoka, kana ka go tlhofofatsa matshelo a bone. Eleruri, go intsha setlhabelo jalo ka ntlha ya kobamelo ya boammaaruri go itumedisa Modimo thata.—Baheb. 13:16.
4 Tiro ya sekolo le yone e ka nna kgwetlho. Mosha mongwe o ne a re: “Ke dira tiro e nngwe ya me ya sekolo pele ke ya kwa dipokanong mme ke dire e nngwe fa ke boa.” Fa bana ba sa kgona go dira tiro yotlhe ya sekolo e e direlwang kwa gae ka malatsi a dipokano, batsadi bangwe ba ile ba tlhalosetsa barutabana ba bone gore go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete ke selo se se tlang pele mo malapeng a bone.
5 Fa lelapa le dirisana mmogo e bile le na le thulaganyo ya go dira ditiro tsa mo gae, seno se ka dira gore ba nne le nako e e lekaneng go ipaakanyetsa go ya dipokanong. (Dia. 20:18) Le e leng bana ba bannye ba ka rutiwa gore ka nako e e beilweng ba tshwanetse ba bo ba apere e bile ba siametse go ya dipokanong. Ka go beela bana ba bone sekao, batsadi ba ka ba ruta botlhokwa jwa dipokano.—Dia. 20:7.
6 Fa dikgatelelo tsa tsamaiso eno ya dilo di ntse di oketsega, go botlhokwa gore re nne gone kwa dipokanong tsa phuthego ka metlha. E kete re ka tswelela go leba dilo kafa Jehofa a di lebang ka gone le go dira gore go nna gone kwa dipokanong ka metlha e nne selo se se tlang pele.—Baheb. 10:24, 25.