LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/04 ts. 2
  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Ditlhogwana
  • Beke e e Simololang ka March 8
  • Beke e e Simololang ka March 15
  • Beke e e Simololang ka March 22
  • Beke e e Simololang ka March 29
  • Beke e e Simololang ka April 5
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
km 3/04 ts. 2

Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Beke e e Simololang ka March 8

Pina 37

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Gakolola botlhe gore ba tle le boroutšhara jo bosha jwa ‘Bona Lefatshe le le Molemo’ mo Pokanong ya Tirelo ya beke e e tlang. Dira gore go nne le pontsho ya kafa go ka tsamaisiwang ka teng Tora ya Tebelo ya March 15 le Tsogang! ya April 8 go dirisiwa dikakantsho tse di mo go tsebe 4.

15 mets: Go Dirisa Dipampitshana go Simolola Motlotlo. Motlotlo le bareetsi. Gantsi karolo e e thata go gaisa ya go neela bosupi ke go simolola motlotlo. Dipampitshana di ka nna tsa dirisiwa go simolola motlotlo fa go neelwa bosupi ka ntlo le ntlo, mo tshimong ya kgwebo le mo mafelong a botlhe. Boeletsa ka bokhutshwane dipampitshana di le pedi kgotsa di le tharo tse di ka nnang tsa kgatlha batho ba mo tshimong ya lona. Ke matseno afe a a ka dirisiwang fa go tsamaisiwa dipampitshana tseno? Ditshwantsho di ka dirisiwa jang? Ke dipotso dife tse di ka bodiwang ka tsela e e botlhale? Tlhopha serapa sengwe mo pampitshaneng nngwe le nngwe se se ka sekasekiwang fa mong wa ntlo a bontsha kgatlhego. Dira pontsho ya kafa motlotlo o ka simololwang ka gone go dirisiwa pampitshana. Dira gore mmoledi ka bokhutshwane fela a sekaseke serapa se le sengwe go tswa mo pampitshaneng mme morago ga moo a bo a konela motlotlo ka go tsamaisa buka ya Kitso.

20 mets: “Ratang Jehofa, Lona Lotlhe Batho ba Gagwe ba ba Ikanyegang.”a Fa o sekaseka serapa 3, kopa bareetsi gore ba akgele kafa ba laleditseng batho ka gone gore ba tle Segopotsong.

Pina 131 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka March 15

Pina 121

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Boeletsa dintlha tsa konokono mo lebokoseng la “Dikgakololo Tsa Segopotso.” Itsise gore Thuto ya Tora ya Tebelo e tla tshwarwa leng mo bekeng ya Segopotso.

15 mets: Go Itsisiwe ka Ditiro Tse di Kgethegileng Tsa Nako ya Segopotso. Motlotlo le bareetsi o o tla tshwarwang ke molebedi wa tirelo. Umaka dithulaganyo tse di kgethegileng tse di setseng di dirilwe. Bolela maitemogelo a le mmalwa a go nnilweng le one. Kgothaletsa ba ba ka kgonang go nna babulatsela ba ba thusang ka April le May gore ba ikwadise. Boeletsa ka bokhutshwane dintlha di le mmalwa go tswa mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya February.

20 mets: Solegelwa Molemo ke ‘Bona Lefatshe le le Molemo.’ Boroutšhara jono jo bosha bo ka dira gore mmalo wa rona le go ithuta ga rona Lefoko la Modimo go nne le bokao le go feta. Selo sa botlhokwa se se ka re thusang ke go dirisa intekese ya jone. Bala Isaia 63:1, e e tlhalosang Jehofa a tswa kwa Bosera. Kopa botlhe gore ba batle kwa Bosera e tlhagang gone mo intekeseng ya ‘Lefatshe le le Molemo.’ Tlhalosa gore “Bosera 11 G11” e bolelang, o dirisa lebokose le le mo go tsebe 34, mme o batle Bosera le Edoma mo mmapeng o o bontshitsweng. O dirisa intekese, batla tsela e Jesu a neng a e tsaya go tswa Jerusalema go ya Sikara. (Joh. 4:3-5) Dirisa intekese gape go batla mogobe wa Bethesatha. (Joh. 5:1-3) Tlhopha sekai se le sengwe kgotsa di le pedi gape go tswa mo mmalong wa Baebele wa beke le beke wa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Kopa bareetsi go bolela kwa mafelo ano a fitlhelwang gone mo boroutšhareng le gore re solegelwa molemo jang ke go dirisa dimmapa. Gatelela dimmapa dingwe tse di mo boroutšhareng jono ka bokhutshwane, o bontsha gore ke dimmapa tsa ditiragalo tsa lobaka lofe. Mmapa o o mo go tsebe 18-19 o bontsha mafelo a le mantsi a a mo Baebeleng. Kgothaletsa botlhe gore ba dirise ka botlalo boroutšhara jono jwa ‘Bona Lefatshe le le Molemo.’

Pina 63 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka March 22

Pina 191

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto. Gakolola botlhe gore ba latele mmalo wa Baebele wa nako ya Segopotso o o rulaganyeditsweng go balwa ka March 30–April 4, jaaka fa o bontshitswe mo bukeng ya Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2004 le mo go 2004 Calendar.

15 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.

20 mets: “Tlhaselo ya Masomo a Bapagami ba Dipitse E e Go Amang.”b Bala o bo o tlotle ka dikwalo tse di umakilweng fa nako e go letla.

Pina 181 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka March 29

Pina 129

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikgang Tsa Puso ya Modimo. Gakolola baboledi gore ba tlise dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa March. Umaka dikgatiso tse di tla tsamaisiwang ka April. Dira gore go nne le pontsho ya kafa go ka tsamaisiwang ka teng Tora ya Tebelo ya April 1 le Tsogang! ya April 8, go dirisiwa dikakantsho tse di mo go tsebe 4.

15 mets: Dirisa 2004 Yearbook ka Botlalo. Puo le motlotlo le bareetsi. Umaka dintlhakgolo tsa “Lekwalo le le Tswang go Setlhopha se se Laolang,” dipalopalo tse di tlhomologileng tse di tswang mo pegong ya lefatshe lotlhe le maitemogelo a le mmalwa a a nonotshang mo tumelong. Kgothaletsa botlhe gore ba bale buka eno yotlhe mo ngwageng ono.

20 mets: Boammaaruri bo Kopanya Malapa. Puo le motlotlo le bareetsi. Ka dinako tse dingwe batho ba ba kgatlhegang ba tshaba go direla Jehofa ka gonne ba ganediwa ke ba malapa a bone. Kopa bareetsi go akgela ka mangwe a maitemogelo ano: Tora ya Tebelo ya January 1, 2002, tsebe 14-15; Tora ya Tebelo ya December 1, 2000, tsebe 8; Tora ya Tebelo ya September 1, 1999, tsebe 32; Tora ya Tebelo ya January 1, 1999, tsebe 4; le Tsogang! ya February 22, 1998, tsebe 31 (ka Seesemane).

Pina 130 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka April 5

Pina 126

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona.

20 mets: Go Nna Phepa mo Mmeleng Go a Re Buelela. Puo e e theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya June 1, 2002, tsebe 19-21. Dira gore go nne le pontsho e mo go yone mogolwane a bontshang mmulatsela kafa a ka thusang moithuti wa Baebele ka tsela e e botlhale ka gone go bona botlhokwa jwa go boloka legae la gagwe le jarata di le phepa, a dirisa thuto 9, serapa 5, mo boroutšhareng jwa Re Direng.

15 mets: Bolela maitemogelo a a ileng a nna gone malebana le go ketekiwa ga Segopotso le tiro e e oketsegileng ya tirelo e e dirilweng ka March.

Pina 25 le thapelo e e konelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela