Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang mo tlhatlhobong e e sa kwalweng mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka April 26, 2004. Molebedi wa sekolo o tla tshwara poeletso ya metsotso e le 30 e e theilweng mo tshedimosetsong e e ileng ya ithutiwa mo dipuong tsa go tloga ka beke ya March 1 go ya go April 26, 2004. [Ela tlhoko: Mo dipotsong tse di se nang ditshupiso, o tla tshwanelwa ke go itirela dipatlisiso e le gore o bone dikarabo.—Bona Sekolo sa Bodiredi, tsebe 36-7.]
BOKGONI JWA GO BUA
1. Fa o neela puo, ke ka ntlha yang fa go le botoka go dirisa aotlelaene go na le go baya puo e e balwang? [be-TN ts. 166 ser. 3]
2. Fa o ipaakanyetsa tirelo ya tshimo, o ka rulaganya dintlha tsa gago jang gore e nne aotlelaene e o e itiretseng mo mogopolong? [be-TN ts. 167 ser. 2]
3. O dirisa Ditiro 13:16-41 le Ditiro 17:2, 3 tlhalosa kafa Paulo a ileng a ‘supa ka teng ka tsela e e utlwalang sentle gore Jesu ke Keresete.’ (Ditiro 9:22) [be-TN ts. 170 ser. 2]
4. Melemo mengwe ya go neela puo o sa bale ke efe? [be-TN ts. 175 ser. 1-4]
5. Ke dikotsi dife tse di ka nnang gone mo puong e e bewang go sa balwe se se kwadilweng, mme ke eng se se ka re thusang go di tila? [be-TN ts. 175 ser. 5–ts. 176 ser. 3]
PUO NO. 1
6. Go ya ka pego e e mo go Genesise 32:24-32, Jakobe wa dingwaga tse 97 o ne a dirang gore a segofadiwe ke Jehofa, mme seno se re ruta eng? [w02-TN 8/1 ts. 29-31]
7. “Bokgoni jwa go akanya” ke eng, mme bo ka re thusa jang gore re se ka ra feteletsa dilo kgotsa ra utlwa botlhoko mo go feteletseng? (Dia. 1:4) [w02-TN 8/15 ts. 21-2]
8. Ba ba nayang dipuo tsa phatlalatsa ba ka thaya dipuo tsa bone mo Dikwalong jang? [be-TN ts. 52 ser. 6–ts. 53 ser. 5]
9. Fa sebui se fetola aotlelaene ya puo gore e nne puo e e nontshitsweng e e tlhalosang Dikwalo, se tshwanetse sa dira ditshwetso dife? [be-TN ts. 54 ser. 2-4]
10. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a fepa Baiseraele ka mana beke le beke, kgwedi le kgwedi, kwa nageng, mme seno se re ruta eng? (Dute. 8:16) [w02-TN 9/1 ts. 30 ser. 3-4]
MMALO WA BAEBELE WA BEKE LE BEKE
11. Jaaka go bontshitswe mo go Genesise 37:12-17, ke dilo dife tse di tshwanang fa gare ga tsela ya ga Josefa ya botshelo le ya ga Jesu? [w87-TN 5/1 ts. 12 ser. 12]
12. Jaaka pego e e mo go Genesise 42:25-35 e bontsha, Josefa o ne a bontsha jang kutlwelobotlhoko e e tshwanang le e Jesu a e bontshang? [w87-TN 5/1 ts. 18 ser. 10; ts. 19 ser. 17]
13. Dithulaganyo tse di dirwang ke setlhopha sa motlhanka gompieno di tsamaisana jang le go abiwa ga mabele mo motlheng wa ga Josefa? (Gen. 47:21-25)
14. Fa Jehofa a ne a re, “Ke tla nna se ke tla nnang sone,” o ne a senola eng malebana le leina la gagwe? (Ekes. 3:14, 15)
15. Go ngongorega go na le dikotsi dife tse di bontshitsweng mo go Ekesodo 16:2, 3? [w93-TN 3/15 ts. 20-1]