LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 5/1 ts. 15-20
  • Go Boloka Botshelo mo Motlheng wa Leuba

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Boloka Botshelo mo Motlheng wa Leuba
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tlamelo ya Dijo tsa Semoya
  • Ipusolosetso, Kotlhao, kana Kutlwelo-botlhoko?
  • Letlepu la Dijo tsa Semoya
  • “A ke Mo Boemong Jwa Modimo?”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Jehofa Ga a Ka a Lebala Josefa
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Leuba le le Bolayang mo Motlheng wa Kgora
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Go Itshwarela go Bula Tsela ya Poloko
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 5/1 ts. 15-20

Go Boloka Botshelo mo Motlheng wa Leuba

1. Josefa o ne a tsaya kgato efe e e botlhale mo dingwageng tsa kgora, mme ka phelelo efe?

KA BONAKO fela morago ga a sena go tlhomiwa go nna molaodi wa dijo, Josefa o ne a ralala lefatshe la Egepeto go le bona. O ne a setse a rulagantse dilo sentle fa dingwaga tsa kgora di simologa. Ka nako eo lefatshe le ne la ntsha totahalo ya jone ka botlalo! Josefa o ne a nna a kgobokanya dijo mo masimong a a dikologileng motse mongwe le mongwe, a di boloka mo motse-mogolong O ne a nna a “kgobokanya mabèlè a nna yaka moshawa oa lewatlè, a le magolo thata, a ba a tla a lesa go bala: gonne a na a sena palō.”​—Genesise 41:46-49.

2. Batho ba ne ba bona dijo ka go intsha setlhabelo gofe ga botho?

2 Dingwaga tse supa tsa kgora di ne tsa khutla, mme leuba le ne la simologa jaaka Jehofa a ne a boleletse-pele-leuba eseng fela mo Egepeto mme ‘mo lefatsheng lotlhe fela.’ Fa batho ba ba bolailweng ke tlala mo Egepeto ba ne ba simolola go lelela dijo mo go Faro, Faro o ne a ba raya a re: “Eañ kwa go Yosefe; se o se lo raeañ, lo se dihè.” Josefa o ne a rekisetsa Baegepeto mabele go fitlhela madi a bone a bo a fela. Go tswa foo a dumela gore ba duele ka leruo la bone. Labofelo, batho ba ne ba tla kwa go Josefa, ba re: “Re rèkè, rona le lehatshe ya rona, ka diyō, me rona, le lehatshe ya rona, re tla nna batlhanka ba ga Farwe.” Jalo Josefa a rekela Faro lefatshe lotlhe la Baegepeto.​—Genesise 41:53-57; 47:13-20.

Tlamelo ya Dijo tsa Semoya

3. Jesu o ne a bolelela-pele morongwa ofe yo o neng a tla tlamela ka dijo ka nako e e tshwanetseng?

3 Fela jaaka mabele a a neng a abiwa ke Josefa a ne a raya botshelo mo Baegepetong, jalo dijo tsa semoya tsa boammaaruri di botlhokwa go boloka Bakeresete ba ba nnang batlhanka ba ga Jehofa ka go ineela mo go Ene ka Josefa yo Mogolo, Jesu Keresete. Ka nako ya bodihedi jwa gagwe jwa selefatshe, Jesu o ne a bolelela-pele gore balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng ba ne ba tla sikara boikarabelo jwa go aba dijo tseno. O ne a botsa a re: “Ana, motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale ea bo e le mañ, eo morèna a gagwè o mo tlhomileñ go laola ba ntlo ea gagwè, go ba abèla diyō ka dipaka tse e leñ cōna? Go segō motlhanka eo e tla reñ morèna oa gagwè a tla, a mo hitlhèle a nntse a diha yalo.”​—Mathaio 24:45, 46.

4. Tlamelo e e neelwang ke setlhopha sa “motlhanka” gompieno e tshwana jang le se se neng sa rulaganngwa mo motlheng wa ga Josefa?

4 Gompieno masalela a a ikanyegang a setlhopha seno sa “motlhanka eo o botlhale” ba dira ka mo ba ka kgonang ka teng go ya ka Dikwalo go bona gore basupi ba ba ineetseng ba ga Jehofa, gammogo le batho ba ba kgatlhegang ka kwantle mo lefatsheng, ba bona dijo tse di bolokang botshelo tsa semoya. Boikarabelo jono bo lebiwa jaaka tiro e e boitshepo mme bo dirwa jaaka tirelo e e boitshepo go Jehofa. Go feta moo, “motlhanka” o rulagantse diphuthego ebile o di abetse dibuka tsa Bibela ka bontsi jo e leng gore ba na le “peo” e e lekaneng go ka e jala phatlalatsa mo masimong a ba a abetsweng. Seno se tshwana le mo motlheng wa ga Josefa, fa a ne a kgobokanya batho mo metseng mme a ba neela mabele e seng fela go a ja mme gape le go a jala ba lebeletse go tla ba a roba.​—Genesise 47:21-25; Mareko 4:14, 20; Mathaio 28:19, 20.

5. (a) “Motlhanka” o tlhokomela ditlhokafalo tsa bantlo jang ka mo go kgethegileng mo motlheng wa khuduego? (b) ‘Letlotlo’ la dipaakanyetso tsa semoya ka 1986 le tshwana jang le dijo tsa motlha wa ga Josefa?

5 Le e leng fa tiro ya go rera phatlalatsa e thibetswe mme Basupi ba ga Jehofa ba bogisiwa, ‘motlhanka yo o boikanngo’ o leba go tlamela ka dijo tsa semoya jaaka boikarabelo jo bo boitshepo. (Ditihō 5:29, 41, 42; 14:19-22) Fa sebetso se itaya, se se tshwanang le ditsuatsue, merwalela, le dithoromo tsa lefatshe, “motlhanka” o tlhokomela gore ditlhokafalo tsa senama gammogo le tsa semoya tsa bantlo ya Modimo di a abiwa. Le e leng ba ba mo dikampeng tsa tlhokofatso ba kgonne go fitlhelelwa ka metlha ka Lefoko le le gatisitsweng. Melelwane ya bomorafe ga e letlelelwe go emisa go abela dijo tsa semoya ba ba di tlhokang. Go tsweledisa kabo go tlhoka bopelokgale, tumelo mo go Jehofa, gantsi le botlhale jo bo rileng. Ka 1986 fela, go kgabaganya lefatshe “motlhanka” o ne a ntsha letlotlo la Dibibela le dibuka tsa khabara e e thata di le 43 958 303, gammogo le dimakasine di le 550 216 455​—ruri di le ‘dintsi thata, jaaka moshawa wa lewatle.’

Ipusolosetso, Kotlhao, kana Kutlwelo-botlhoko?

6, 7. (a) Ke jang leuba le neng la felela ka gore bomogoloa Josefa ba ba lesome ba obame fa pele ga gagwe? (b) Josefa ka boene o ne a le mo tekong ka ditsela dife jaanong?

6 Labofelo leuba le ne la fitlha mo lefatsheng la Kanana. Jakobe o ne a roma bomogoloa Josefa ba ba lesome go ya go reka mabela kwa Egepeto. Mme a seka a ba roma le Benjamine, monaa Josefa yo o esi fela wa ga mmaagwe tota, a tshaba gore, jaaka a ne a bua, “E se re kgotsa tatlhègō ea mo wèla.” Ereka Josefa e ne e le ene a rekisang, bomogolowe ba ne ba tla kwa go ene mme ba obama fa pele ga gagwe. Lemororo ba ne ba sa lemoge monna-a-bone, Josefa ene o ne a ba itse.​—Genesise 42:1-7

7 Jaanong Josefa a gakologelwa ditoro tsa bogologolo malebana le bone. Mme o ne a tshwanetse go dirang? A o tshwanetse go ipusolosetsa? Mo motlheng wa bone wa letlhoko le legolo, a o tshwanetse go itshwarela go sa tshwarwe sentle mo ba kileng ba go mo dira? Go tweng ka kutlobotlhoko e kgolo ya ga rra-a-bone? A e ne e tshwanetse go lebalwa? Bomogolowe ba ne ba ikutlwa jang jaanong kaga phoso e kgolo e ba kileng ba e dira? Josefa le ene, o ne a le mo tekong mo kgannyeng eno. A ditiro tsa gagwe di ne di tla dumalana le boikutlo jo bo neng bo tla bontshiwa ke Josefa yo Mogolo, Jesu Keresete morago, jaaka go tlhalosiwa mo go 1 Petere 2:22, 23: “Eo o se kañ a diha boleo bopè, le boherehere bo se kañ yoa hitlhèlwa mo molomuñ oa gagwè: Eo e rileñ a kgōywa, a se ka a ba a kgōba; eo e rileñ a boga botlhoko, a se ka a bōpa; me a ineèla hèla mo go eo o atlholañ ka tshiamō.”

8. Josefa o ne a tla kaelwa ke eng, se se neng se tshwantshetsa eng mabapi le Jesu le barutwa ba Gagwe?

8 Ereka Josefa a ne a bona seatla sa ga Jehofa mo go diragatseng dilo, o ne a tla nna kelotlhoko mo go tlhokomeleng melao le melao-metheo ya Modimo. Ka tsela e e tshwanang, Jesu ka metlha o ne a tlhoafaletse go ‘dira thato ya ga Rraagwe’ jaaka a ne a abela ‘mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene’ botshelo jo bosakhutleng (Yohane 6:37-40) Jaaka “baroñwa mo boemoñ yoa ga Keresete,” barutwa ba gagwe ba ba tloditsweng le bone ba diragatsa boikarabelo jwa bone jo bo boitshepo mo go ‘bueng le batho botlhe mahoko a botshelo jo.’​—2 Bakorintha 5:20; Ditihō 5:20.

9, 10. (a) Josefa jaanong o ne a tsaya tsela efe, mme ka ntlha yang? (b) Josefa o ne a bontsha kutlwelo-botlhoko jang eo e neng e tshwana le e Jesu a neng a tla e bontsha?

9 Josefa ga ka a itshenolela bomogolowe gone fela foo. Go na le moo, o ne a bua le bone ka bogale a dirisa moranodi, ka go re: “Lo ditlhōla hèla.” Ereka ba ne ba umakile monna-a-bone, Josefa o ne a batla gore ba supe go bua boammaaruri ga bone ka go lere yono mo Egepeto. Josefa o ne a ba utlwa ba bua ka bobone ka go ikotlhaya gore go diragala mo ga dilo e tshwanetse ya bo e le tuelo ya go bo ba rekisitse ene Josefa, go ya go nna lekgoba. Josefa o ne a leba go sele, mme a lela mo go botlhoko. Lefa go ntse jalo, o ne a dira gore Simone a golegwe jaaka setshwarwa go fitlhela ba boa ba na le Benjamine.​—Genesise 42:9-24.

10 Josefa o ne a sa ipusolosetse bosula joo a neng a bo diretswe. O ne a batla go tlhomamisa gore a boikotlhao jwa bone e ne e le jwa mmatota, jo bo tswang mo botennyeng jwa dipelo tsa bone, e le gore ba tle ba utlwelwe botlhoko. (Malaki 3:7; Yakobe 4:8) Ka boikutlo jwa kutlwelo-botlhoko, jo bo tshwanang le joo bo neng bo tla supiwa ke Jesu, Josefa o ne a seka a tlatsa dikgetse tsa bone ka mabele fela mme gape o ne a busetsa madi a bone mo kgetsing ya mongwe le mongwe wa bone. Mo godimo ga moo, o ne a ba neela mofago wa loeto lwa bone.​—Genesise 42:25-35; bapisa Mathaio 11:28-30.

11. (a) Fa nako e ntse e ya, Jakobe o ne a patelesega go dirang, mme ke ka ntlha yang fa labofelo a ne a dumalana? (b) Baroma 8:32 le 1 Yohane 4:10 di re tlhomamisetsa lorato lwa Modimo jang ka go tshwana?

11 Fa nako e ntse e ya, ba ne ba fetsa dijo tse ba neng ba di rekile kwa Egepeto. Jakobe o ne a kopa barwa ba gagwe ba ba robang bongwe go boa go ya go reka gape. Pele ga moo, o ne a kopile ka go re, mabapi le Benjamine: “Morwaake ga a ketla a hologa le lona: gonne mogolowe o shule, ke èna esi eo o setseñ: e tla re ha tatlhègō e mo wèla mo tseleñ e lo e tsamaeañ, hoñ moriri oa me o o thuntseñ lo tla o holosetsa ka bohutsana mo phupuñ.” Lefa go ntse jalo, morago ga go patelediwa gantsi le go ineela ga ga Juda ka boene gore o tla ikarabelela Benjamine, Jakobe ka go ikgolola fela o ne a dumalana go ba letlelela go tsamaya le mosimane.​—Genesise 42:36–43:14.

12, 13. (a) Josefa o ne a dira teko jang go senola boikutlo jwa dipelo tsa bomogolowe? (b) Phelelo e ne ya neela Josefa motheo wa go bontsha kutlwelo-botlhoko jang?

12 Fa Josefa a bona gore Benjamine o tsile le bomogolowe, a ba laleletsa kwa ntlong ya gagwe, koo a neng a dira moletlo wa dijo teng. One a tsholela Benjamine selekanyo sa dijo se se fetang sa ba bangwe ga tlhano. Go tswa foo Josefa a leka bomogolowe labofelo. Gape, a busetsa madi a bone mo dikgetsing tsa bone, mme senwelo sa gagwe se se kgethegileng sa selefera se ne sa tsenngwa mo kgetsing ya ga Benjamine. Fa ba sena go emelela, Josefa o ne a romela molaodi wa ntlo ya gagwe go ba latofatsa ka molato wa bogodu le go senka senwelo sa gagwe mo dikgetsing tsa bone. Fa se ne se fitlhelwa mo kgetsing ya ga Benjamine, bomogolowe ba ne ba ikgagola diaparo. Ba ne ba busediwa kwa morago go ya go lebagana le Josefa. Juda o ne a dira kopo e e amang maikutlo ya gore ba utlwelwe botlhoko, a ineela go nna lekgoba mo boemong jwa ga Benjamine e le gore mosimane a tle a busediwe kwa go rraagwe.​—Genesise 43:15-44:34.

13 Fa Josefa jaanong a tlhatswega pelo kaga go fetoga ga dipelo tsa bomogolowe, a seka a tlhola a kgona go laola maikutlo a gagwe. Morago ga a sena go kobela mongwe le mongwe kwantle go tswa fa go ene, Josefa o ne a re: “Ke Yosefa, monna a lona, eo lo mo rekisitseñ a tlisiwa Egepeto. Me yana lo se ka loa hutsahala, leha e le go ikgalehèla ka go bo lo loa nthekisa ka tla kwano; gonne Modimo o nthomile ha pele ga lona go boloka botshelō. . . . go lo bolokèla masalèla mo lehatshiñ, le go lo tshetsa ka kgololō e kgolo.” Go tswa foo a raya bomogolowe a re: “Itlhaganeleñ, lo tlhatlogèlè kwa go rrè, me lo mo reè, lo re, . . . hologèla kwano go nna, u se ka ua dièga: Me u tla aga mo lehatshiñ ya Goshena; me . . . ke tla gu otlèla gōna: gonne go sa nntse go na le dinyaga di le tlhano tsa leuba; e se re goñwe ua humanèga, wèna, le ba ntlo ea gago, le cotlhe tse u nañ nacō.”​—Genesise 45:4-15.

14. Jakobe o ne a bolelelwa mafoko afe a a itumedisang?

14 Fa Faro a utlwalela dikgang kaga bomogoloa Josefa, o ne a bolelela Josefa gore a tsee dikara mo lefatsheng la Egepeto go ya go lere rraagwe le ba lelapa lotlhe la gagwe mo Egepeto ka gonne ba ne ba tshwanetse go neelwa lefatshe le le nonneng. Fa Jakobe a utlwalela gotlhe mo go diragetseng, o ne a tlhaboga mo moweng mme a goa ka go re: “Go lekanye: Yosefe morwaake o sa tshedile; ke tla ea ke mmōna ke e se ke shwe.”​—Genesise 45:16-28.

Letlepu la Dijo tsa Semoya

15. Jaanong re leba kwa go mang go bona dijo tsa semoya, mme re ka tlhomamisediwa dijo tse dintsi jang.

15 Seno se sotlhe se rayang go rona gompieno? Fa re ntse re tshwenyegile ka tlhokafalo ya rona ya semoya, re leba go Yo mogolo thata go feta Faro yo o pelonomi wa motlha wa ga Josefa. Ke Morena wa Lobopo Jehofa yo o re abelang dijo le go re goga mo metlheng eno ya go tlhoka kitso ga lefatshe le le bolailweng ke tlala ya boammaaruri jwa Bibela. Re ntse re iteka mo dikgatlhegong tsa Bogosi jwa gagwe, re lere di-tsa-bosome tsotlhe tsa rona mo ntlong ya gagwe ya polokelo, jaaka go ne go ka tualo. Abo a re buletse ka bopelontle jang ne “dikgōrō tsa legodimo,” a re tshololela masego ‘ go fitlhela re sa tlhoke sepe’!​—Malaki 3:10.

16. (a) “Diyō” tse di bolokang botshelo di ka bonwa kae fela gompieno? (b) Go jalela setho se se bolailweng ke tlala “mabèlè” go atolositswe jang?

16 Mo letsogong la ga Jehofa le legolo go Molaodi wa gagwe wa Dijo, yo jaanong e leng Kgosi e e tlhomilweng, Jesu yo o galaleditsweng. (Ditihō 2:34-36) Fela jaaka batho ba ne ba tshwanelwa ke go ithekisa jaaka makgoba gore ba nne ba tshele, jalo le gompieno botlhe ba ba batlang go nna ba tshedile ba tshwanetse go tla kwa go Jesu, ba nna balatedi ba gagwe ba ba ineetseng mo Modimong. (Luke 9:23, 24) Fela jaaka Jakobe a ne a kaela barwa ba gagwe go ya kwa go Josefa go batla dijo, jalo Jehofa o goga batho ba ba ikotlhaileng go ya kwa go Morwawe yo o rategang, Jesu Keresete. (Yohane 6:44, 48-51) Jesu o kgobokanyetsa balatedi ba gagwe mo diphuthegong tsa seka-metse​—tse di fetang palo ya 52 000 go kgabaganya lefatshe gompieno-koo ba fepiwang teng ka letlotlo la dijo tsa semoya ba bileng ba abelwa “mabele” a mantsi, jaaka “peo” gore ba e jale mo masimong. (Genesise 47:23, 24; Mathaio 13:4-9, 18-23) Basupi bano ba ga Jehofa ke badiri ba ba ratang eleruri! Bontsi jwa bone ba ntse ba ithaopela tirelo ya nako e e tletseng ya bobulatsela, mo bontsi jwa ba ba 595 896 ba bone ba neng ba arola, jaaka tlhora, mo tshiamelong eno ya tiro mo kgweding nngwe ngogola. Seno se dira palo-gare ya babulatsela ba le 11 mo phuthegong nngwe le nngwe!

17. Ke polelo efe e nngwe ya boperofeti e e tshwanang le go kopanngwa ga bomogoloa Josefa ba ba lesome?

17 Go a lemotshega gore bomogoloa Josefa botlhe ba ba lesome, ba jaanong ba ikotlhaetseng maikutlo a pele le ditiro, ba ne ba kopanngwa le ene kwa Egepeto, yoo, gammogo le Sodoma, di tshwantshetsang lefatshe leo Jesu a bapoletsweng mo go lone. (Tshenolō 11:8) Seno se re gakolola Sekaria 8:20-23, e e felelang ka go tlhalosa “batho ba le shomè” ba ba reng, “Re tla ea le lona,” ke gore, le batlodiwa ba ga Jehofa, bao masalela a bone a santseng a direla mono lefatsheng.

18. Go bontshiwa lorato ka mo go kgethegileng ga ga Benjamine go emelang mo motlheng wa segompieno?

18 Lefa go ntse jalo, go tweng ka monnaa Josefa wa ga mmaagwe yo mongwefela, Benjamine, yo go tsholwa ga gagwe mo go boima go neng ga bolaya mosadi yo o rategang wa ga Jakobe, Ragele? Benjamine o ne a ratwa thata ke Josefa, yoo kwantle ga pelaelo a neng a ikutlwa a atamalane thata le morwa yono wa ga mmaagwe tota. Seno kwantle ga pelaelo se tlhalosa lebaka la go bo Benjamine a ne a fiwa dikarolo tse tlhano fa bomogolowe botlhe ba ba 12 ba ne ba kopana gape kwa moletlong wa dijo mo ntlong ya ga Josefa. A Benjamine ga a tshwantshetse sentle masalela a Basupi ba ba tloditsweng gompieno, bontsi jwa bao ba setseng ba saleng ba nna mo letlhakoreng la Morena fa e sale ka 1919? Setlhopha seno sa “Benjamine” ruri se amogetse karolo e e kgethegileng go tswa kwa go Jehofa, jaaka fa ‘moya wa gagwe o supa le wa bone.’ (Baroma 8:16) Bano, le bone, bothokgami jwa bone bo lekilwe fa “dinku” tsa Morena di ne di ba direla.​—Mathaio 25:34-40.

19. Go tshwanetswe ga elwatlhoko eng gareng ga go fudugela ga bantlo ya ga lseraele kwa Goshena le go kgobokanngwa ga batho ba Modimo gompieno?

19 Go a kgatlhisa go bo, fa Faro a ne a rulaganyetsa go fudusetsa Jakobe le ba ntlo ya gagwe kwa Egepeto, “batho” botlhe ba senna bao ba neng ba agile koo ba ne ba le 70, eleng palo e e bonwalang ka go atisa 7 ka 10 (Genesise 46:26, 27). Dipalo tseno tse pedi di dirisiwa ka mo go tlhomologileng go kgabaganya Dikwalo, “’7” gantsi e supa dilo tsa selegodimo mme “10” botlalo jwa selefatshe. (Tshenolō 1:4, 12, 16; 2:10; 17:12) Seno se tshwana le boemo jwa gompieno, mo re ka solofelang gore Jehofa o tla kgobokanyetsa mongwe le mongwe wa lelapa la gagwe la Basupi mo “lehatshiñ” la gagwe, paradaise ya semoya eo jaanong re e ipelelang. (Bapisa Baefesia 1:10.) “Morena o itse ba e leñ ba gagwè,” le e leng jaanong o ba baya mo ‘lefatsheng le le gaisang ka molemo,’ jaaka Goshena e ne e ntse bogologolo fa go busa Faro.​—Genesise 47:5, 6; 2 Timotheo 2:19.

20. Go sa kgathalesege leuba la semoya gompieno, ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go itumela?

20 Mo motlheng wa ga Josefa, dingwaga tsa leuba di ne tsa latela dingwaga tsa kgora. Gompieno, di tsamaya mmogo. Phapaanong le leuba la semoya mo lefatsheng le le sa ratweng ke Jehofa, go na le dijo tse dintsi tsa semoya mo lefelong la ga Jehofa la kobamelo. (Isaia 25:6-9; Tshenolō 7:16, 17) Ee, lemororo go na le leuba la go utlwa mafoko a ga Jehofa mo go La-bodumedi, jaaka Amose a ne a bolelela-pele, lefoko la ga Jehofa le tswelela-pele go tswa kwa Jerusalema wa selegodimo. Abo seo se re itumedisa jang ne!​—Amose 8:11; Isaia 2:2, 3; 65:17, 18.

21. (a) Re ipelela ditshiamelo tse dikgolo dife gompieno? (b) Re tshwanetse go lebogelang, mme re tshwanetse go supa malebogo a rona jang?

21 Gompieno, tlase ga kaelo ya ga Josefa yo Mogolo, Jesu Keresete, re na le tshiamelo e kgolo ya go kgobokanyediwa mo diphuthegong tsa seka-metse. Koo re ka jang moletlo wa dijo tse dintsi tse di nontshang tsa semoya teng GAPE le ya go jala peo ya boammaaruri le go anamisa mafoko a a molemo a gore go na le dijo tsa semoya. Seno re se dira go sologela molemo botlhe bao ba amogelang ditekanyetso le ditlamelo tse di rulaganngwang ka lorato ke Mmusi yo Mogolo, Jehofa. Abo re ka lebogela Modimo wa rona mpho ya Morwa wa gagwe, Josefa yo Mogolo jang ne, yo o direlang jaaka Molaodi yo o botlhale wa dijo tsa semoya! Ke ene yo o tlhophilweng ke Jehofa go direla jaaka Mmoloka-botshelo mo motlheng ono wa leuba la semoya. Ekete mongwe le mongwe wa rona o ka bontsha botlhaga mo go direng tirelo e e boitshepo re latela sekao sa gagwe le go etelelwa pele ke ene!

[A o Kgona go Bona Tshwano?]

◻ Josefa o ne a tshwana le Jesu jaaka Molaodi wa Dijo jang?

◻ Ke eng mo tiragalong ya ga Josefa se se tshwanang le go nna makgoba a Modimo ka boineelo?

◻ Ke nonofo efe e e bontshiwang ke Josefa le Jesu jaaka sekao mo go rona gompieno?

◻ Jaaka mo motlheng wa ga Josefa, ke thulaganyo efe e e duleng diatla ya go abiwa ga dijo e e leng teng gompieno‘?

◻ Go seka-seka ga rona tiragalo eno go tshwanetse ga re kgoromeletsa go dirang?

[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Mo lefatsheng le le mo leubeng la semoya, Josefa yo Mogolo o tlamela ka botlalo bao ba tlang kwa go ene ka tumelo

Fela jaaka bomogoloa Josefa ba ga rragwe ba ba lesome ba ne ba bontsha boineelo mo go ene, boidiidi jo bogolo gompieno bo bolela kaga Keresete

Jaaka batho ba ba 70 ba ntlo ya ga Jakobe, palo e e tletseng ya “dinku” tsa ga Jehofa ba fitlha kwa ‘lefatsheng’ le le molemo–paradise ya semoya eo re e ipelelang ga jaanong

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Setlhopha sa Benjamine sa motlha wa segompieno se bontshitswe lorato le le Iêkgethegileng ke Keresete, ka go amogela “ diyō [tse dintsi] ka dipaka tse eleñ cōna”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela