LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 15 ts. 42-ts. 43 ser. 3
  • Jehofa Ga a Ka a Lebala Josefa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa Ga a Ka a Lebala Josefa
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “A ke Mo Boemong Jwa Modimo?”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Leuba le le Bolayang mo Motlheng wa Kgora
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Go Boloka Botshelo mo Motlheng wa Leuba
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Bomogolowe Josefa ba mo Tlhoile
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 15 ts. 42-ts. 43 ser. 3
Josefa a tlhalosetsa Faro toro ya gagwe

THUTO 15

Jehofa Ga a Ka a Lebala Josefa

Fa Josefa a le kwa kgolegelong, kgosi ya Egepeto e bong Faro o ne a lora ditoro tse go neng go se na ope yo o ka di tlhalosang. Mongwe wa batlhanka ba gagwe o ne a mmolelela gore Josefa o kgona go tlhalosa ditoro. Faro o ne a laela gore Josefa a bidiwe ka bonako.

Faro o ne a mmotsa a re: ‘A o kgona go tlhalosa ditoro?’ Josefa o ne a mo raya a re: ‘Go tla nna le dijo tse dintsi mo Egepeto ka dingwaga di le supa, mme go tswa foo, go tla nna le dingwaga di le supa tsa tlala. Tlhopha mongwe yo o botlhale gore a phuthe dijo gore batho ba se ka ba bolawa ke tlala.’ Faro o ne a re: ‘Ke tlhopha wena! O tla nna monna wa bobedi yo o tlotlegang mo Egepeto!’ Josefa o ne a itse jang gore toro ya ga Faro e kaya eng? Jehofa ke ene a neng a mo thusitse.

Josefa a laela banna gore ba boloke dijo

Josefa o ne a phutha dijo mo dingwageng di le supa tse di latelang. Mme go ne ga nna tlala mo lefatsheng lotlhe, fela jaaka Josefa a ne a buile. Batho ba ne ba tswa kwa mafelong a a farologaneng go tla go reka dijo kwa Egepeto. Rraagwe o ne a utlwalela gore go na le dijo kwa Egepeto, ka jalo, o ne a roma bana ba gagwe ba le lesome go ya go reka dijo.

Bana ba ga Jakobe ba ne ba ya kwa go Josefa mme o ne a ba lemoga ka bonako fa ba goroga. Mme bone ba ne ba sa mo lemoge. Ba ile ba obama fa pele ga gagwe fela jaaka a ne a lorile fa a ne a le monnye. Josefa o ne a batla go bona gore a bomogoloe ba ne ba sa ntse ba mo tlhoile. Ka jalo, o ne a ba raya a re: ‘Lo tlile go tlhola gore a lo ka kgona go tlhasela naga ya rona.’ Ba ne ba re: ‘Nnyaa! Re bana ba motho, re 12 ka palo, re tswa kwa Kanana. Yo mongwe ga a tlhole a tshela, mme yo mmotlana thata o setse le rraarona.’ Josefa a bo a re: ‘Tlang le yo mmotlana mme ke tla lo dumela.’ Morago ga moo, ba boela gae kwa go rraabone.

Fa lelapa la ga Jakobe le felelwa ke dijo, o ne a romela bana ba gagwe gape kwa Egepeto. Mo lekgetlong leno, ba ne ba tsamaya le yo mmotlana e bong Benjamine. Josefa o ne a ba leka ka go tsenya senwelo sa gagwe sa selefera mo bekeng e Benjamine a neng a tsentse dijo mo go yone mme a bo a re ke bone ba se utswileng. Bana ba ga Jakobe ba ne ba gamaregile fa batlhanka ba ga Josefa ba fitlhela senwelo sa gagwe mo bekeng ya ga Benjamine. Ba ne ba kopa Josefa gore a otlhaye bone e seng Benjamine.

Jaanong Josefa o ne a lemoga gore ba ne ba fetogile. Josefa o ne a sa tlhole a kgona go itshoka. O ne a thubega ka selelo a bo a re: ‘Ke nna Josefa, ngwana wa ga rraalona. A rre o sa ntse a tshela?’ Ba ne ba gamaregile tota. O ne a ba raya a re: ‘Lo se ka lwa utlwa botlhoko ka se lo se dirileng. Modimo o nthometse fano gore ke boloke matshelo a lona. Jaanong itlhaganeleng mme lo tlise rre.’

Ba ne ba boela gae go ya go bolelela rraabone dikgang tseno tse di monate le go mo tlisa kwa Egepeto. Josefa le rraagwe ba ne ba kopana gape morago ga dingwaga tse dintsi.

Josefa o dumedisa rraagwe e bong Jakobe

“Mme fa lo sa itshwarele batho maleo a bone, Rraalona le ene ga a kitla a itshwarela maleo a lona.”​—Mathaio 6:15

Dipotso: Jehofa o ne a thusa Josefa jang? Josefa o ne a bontsha jang gore o itshwaretse bomogoloe?

Genesise 40:1–45:28; 46:1-7, 26-34; Pesalema 105:17-19; Ditiro 7:9-15

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela