LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 5/1 ts. 10-14
  • Leuba le le Bolayang mo Motlheng wa Kgora

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Leuba le le Bolayang mo Motlheng wa Kgora
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Leuba le le Bolayang
  • Ke Motlha wa Kgora Jang?
  • Josefa, Mmoloka-Botshelo
  • Tiragalo e a Ranoga
  • Josefa mo Egepeto
  • “A Diphuthololo ga se Tsa Modimo?”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Jehofa Ga a Ka a Lebala Josefa
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Go Boloka Botshelo mo Motlheng wa Leuba
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • “Ga ba Ketla ba Tlhōla ba Bolawa ke Tlala Gopè”
    Go Falolela mo Lefatsheng je Lesha
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 5/1 ts. 10-14

Leuba le le Bolayang mo Motlheng wa Kgora

“Batlhanka ba me ba tla ya, me lona lo tla bolawa ke tlala.”​—ISAIA 65:13.

1, 2. (a) Merafe e kgaratlhela bothata bofe kwantle ga katlego? (b) Bibela e lebisa pele tsholofelong efe ya mmatota?

LEUBA ga le jese lefatshe lotlhe di welang! Kakgelo ya morulaganyi mo go The Boston Globe fa a bua ka kodumedi eo, o ne a tlhalosa ka gore: “Lefatshe le le nang le batho ba ba ka tshwarang dimilione di le sekete ba ba tshelelang mo e ka nnang mo mmopamong, le tshwanetse go batla ditsela tsa go thusa merafe e e humanegileng go feta e mengwe go itumelela sengwe se se gauti le letlepu le le bonwang ke merafe e e humileng.” Lefa go ntse jalo, le e leng merafe e go tweng ke e e tlhabologileng fela thata, ga e kake ya bolela gore ga e tlhaele dijo gotlhelele Eno le yone e reteletswe ke go tlhagisa thulaganyo ya go tlhomamisa gore baagi ba yone botlhe ba fepiwa. Barata-batho ba ba tshwenyegileng ba sokasokana le bothata jo bo golang jono. A go na le tharabololo?

2 Kakgelo ya morulaganyi e e tsopotsweng fa godimo e ne ya dumalana gore: “Ntlha e e utlwisang botlhoko kaga go sa je sentle . . . ke gore lefatshe le ka kgona ka botlalo go fepa mongwe le mongwe.” Lefa go le jalo, sebetso sa leuba le mmopamo se ntse se tswelela-pele. Ke ka ntlha yang fa go tshwanetse ga nna jalo? Mmopi wa rona yo o lorato o tlametse dimilione tse di diketekete tsa batho ba lefatshe tse di ntsifalang ka dijo tse dintsi. Fa a ne a baakanya lefatshe go nna legae la motho, o ne a le dira gore le kgone go ungwa ka botlalo, go feta selekanyo go kgotsofatsa botlhe. (Pesalema 72:16-19; 104:15, 16, 24) Le e leng mo metlheng eno e e tletseng mathata, re tlhomamisediwa gore Motlamedi wa rona yo Mogolo o tla neela ba ba lebang Motsweding o o siameng dijo tse di lekaneng. O re bolelela jaana, ka Yo a mo neetseng go nna Molaodi yo mogolo wa Dijo: “Batlañ pele bogosi . . . le tshiamō ea [Modimo]; me dilō cotlhe tse [ditlhokafalo tse di bonalang tsa botshelo] lo tla di okelediwa.”​—Mathaio 6:33; 1 Yohane 4:14.

Leuba le le Bolayang

3. Leuba la botlho kwa-tlhokwa ke lefe, mme le ne la bolelelwa-pele jang?

3 Leuba le legolo thata mo lefatsheng gompieno ke le le hutsafatsang la semoya. Le amana ka tlhamalalo le tlhokafalo ya kagiso. Setho se kgarakgatshegela gongwe le gongwe, se batla kgoro ya botso ka go tlhakana tlhogo. Modimo mothatayotlhe o ne a dira gore moperofeti wa gagwe a kwale kaga boemo jono makgolo-kgolo a dingwaga a a fetileng, ka go re: “Bōnañ metlha eè tla, go bua Morèna Modimo, ke tla cosa leuba mo lehatshiñ, e señ leuba ya diyō, leha e le lenyōra ya metse, ha e se leuba ya go utlwa lehoko ya ga Yehofa. Me ba tla kaila kaila ba cwacwe lewatleñ ba ee lewatleñ, ba cwe botsheka ba ee hèla kwa botlhabatsatsi; ba tla nna ba tabogèla kwa le kwa ba senka lehoko ya ga Yehofa, me ga ba ketla ba le bōna.”​—Amose 8:11, 12.

4, 5. (a) Ke ka ntlha yang fa bangwe ba sa bone Modimo ntswa ba mmatla? (b) Jesu o ne a farolo- gana jang le baeteledi-pele ba bodumedi ba motlha wa gagwe? (Mathaio 15:1-14)

4 Lefa go ntse jalo, a go na le phalolo mo go senang kgoro ya botso? Moaposetoloi Paulo o araba ka go re ee, a re kgothatsa ka mafoko a a reng: “Modimo o o dihileñ lehatshe . . . o tlhōmamisitse metlha ea bōnè e e laocweñ, le melelwane ea maagō a bōnè; Gore ba batle Modimo, e tle e re kgotsa ba o apaapè, ba o bōnè, leha o se kgakala le moñwe le moñwe oa rona.”​—Ditihō 17:24-27.

5 Fa Modimo “o se kgakala le moñwe le moñwe oa rona,” ke ka ntlha yang fa ba bantsi ba o apaapa, mme lefa go le jalo ba sa o bone? Ke ka gonne ba o senka go sele. Ke ba le kae ba ba ipitsang Bakeresete bao ka bobone ba balang buka ya motheo ya Bokeresete, Bibela e e Boitshepō? Ke ba le kae ba go tweng ke “badisa” ba ba dirisang Lefoko la Modimo go ruta “dinku”? (Bapisa Esekiele 34:10.) Jesu o ne a bolelela baeteledipele ba bodumedi ba ba boikgodiso ba motlha wa gagwe gore ba ne ba sa itse “dikwalō, leha e le nonohō ea Modimo.” (Mathaio 22:29; Yohane 5:44) Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a itse Dikwalo ebile a di ruta batho, bao a neng a ba tlhomogela pelo “ka ba patikegile ba gasagasame, yaka dinku tse di senañ modisa.”​—Mathaio 9:36.

Ke Motlha wa Kgora Jang?

6. Jehofa o tlhomamisetsa batlhanka ba gagwe jang, malebana le kgora ya semoya jang?

6 Jehofa o tlhomamisetsa le go kgothatsa bao ka boammaaruri ba batlang go mo itse. Fa a kgalemela badisa ba bodumedi ba maaka, o bua jaana ka moperofeti wa gagwe Isaia: “Bōnañ, batlhanka ba me ba tla ya, me lona lo tla bolawa ke tlala: bōnañ, batlhanka ba me ba tla nwa, me lona lo tla nyōrwa: bōnañ, batlhanka ba me ba tla itumèla, me lona lo tla tlhaywa ke ditlhoñ.” (Isaia 65:13, 14) Mme Modimo o tlamela batlhanka ba gagwe ka botlalo jang? Re tshwanetse go dirang go arola ka boitumelo mo go tlameleng ga gagwe go boloka botshelo, go sa kgathalesege leuba la segompieno la semoya?

7. Ke tiragalo efe ya bogologolo e re e neetsweng ka lorato go re kgothatsa gompieno?

7 Ereka poloko e ikaegile ka botlalo thata mo go itseng ditlhokafalo tsa Modimo le go di dira ka tumelo, re tshwanetse ka boitumelo re ye Lefokong la Modimo, re senka go itse thato ya gagwe ka rona le go tlhaloganya mokgwa wa gagwe wa go dirisana le rona. (Yohane 11:8) Re kobile se, jaanong re tla seka-seka tiragalo ya Bibela eo e tshwanang le seo se diragalang gompieno. Motho wa botlhokwa mo tiragalong eno ke tlhogo ya lotso lwa ga Josefa. Fela jaaka Jehofa a ne a tlamela batho ba Gagwe ka botlhale ka Josefa, jalo ka lorato O etelelapele bao ba Mmatlang gompieno.​—Bapisa Baroma 15:4; 1 Bakorintha 10:11 mokwalo o o kwa tlase wa Reference Bible(*); Bagalatia 4:24.

Josefa, Mmoloka-Botshelo

8, 9. (a) Re bona go tshwana gofe mo metlheng ya morago ka Josefa Jakobe le Faro? (b) Rona ka borona re ka kopanyelediwa jang mo tiragatsong?

8 Jaaka mmoloka-botshelo, Josefa morwa Jakobe o ne a dira karolo e kgolo. A seno se tshwantshetsa sengwe mo metlheng ya morago? Ee, elatlhoko boitshoko jwa ga Josefa jwa go sa tshwarwe ka tshwanelo ke bomogolowe, go dirisana ga gagwe le diteko le dikgatelelo mo lefatsheng le eseng la gagabo, tumelo ya gagwe e e sa reketleng, go boloka ga gagwe bothokgami, le go tsholediwa ga gagwe mo boemong jwa go nna molaodi yo o botlhale mo motlheng wa namane e tona ya leuba. (Genesise 39:1-3, 7-9; 41:38-41) A ga re bone se se tshwanang mo tseleng ya botshelo jwa ga Jesu?

9 Jesu o ne a nna Senkgwe sa Botshelo ka go tlhokofadiwa mo lefatsheng le le bolailweng ke tlala ya “go utlwa lehoko ya ga Yehofa.” (Amose 8:11; Bahebera 5:8, 9; Yohane 6:35) Mo kamanong ya bone le Josefa, Jakobe le Faro ka bobedi ba re gakolola Jehofa le seo a se fitlhelelang ka Morwa wa gagwe. (Yohane 3:17, 34; 20:17; Baroma 8:15, 16; Luke 4:18) Go ne go na le ba bangwe gape ba ba neng ba arola mo tiragalong eno ya botshelo jwa mmatota, mme re tla seka-seka dikarolo tsa bone ka kgatlhego. Kwantle ga pelaelo re tla gakololwa go ikaega ga rona ka Josefa yo Mogolo, Keresete Jesu. Abo re leboga jang ne go bo a re boloka mo leubeng le le bolayang mo ‘metlheng eno ya bofelo’ e e senyegelang pele!​—2 Timotheo 3:1, 13.

Tiragalo e a Ranoga

10. (a) Josefa o ne a baakanyediwa karolo e e nang le boikarabelo e a neng a tla tloga a e diragatsa jang? (b) O ne a setse a supile dinonofo dife mo botshelong?

10 Mo motlheng wa ga Josefa, go ne go sena motho ope yo o neng a ka itsetse-pele seo Jehofa a neng a se boloketse batho ba Gagwe. Mme fa Josefa a ne a bilediwa go diragatsa karolo ya gagwe e e botlhokwa, Jehofa o ne a setse a mo thapisitse le go mo itekanedisa mo ditshwanelegong tsa gagwe. Mabapi le botshelo jwa gagwe jwa pele, polelo e balega jaana: “Yosefa a le dinyaga di le shomè le boshupa, a disa lecomane a na le bomogolowè: me a bo a le lekauana a na le bomorwa Bileha, le bomorwa Silepa, basadi ba ga rragwè: me Yosefa a isa polèlō e e boshula kaga bōnè kwa go rragwè.” (Genesise 37:2) O ne a bontsha boikanyego mo dikgatlhegong tsa ga rraagwe fela jaaka Jesu a ne a ikanyega ka go sa hapoge mo go diseng letsomane la ga Rraagwe gareng ga “Losika lo lo sa dumeleñ, lo lo kgōpō.”​—Mathaio 17:17, 22, 23.

11. (a) Ke ka ntlha yang fa bomogoloa Josefa ba ne ba mo ila? (b) Ke boemo bofe jo bo tshwanang le jo bo neng bo kopanyeletsa Jesu?

11 Rraagwe Josefa, lseraele, o ne a mo rata go gaisa bomogolowe botlhe mme a mo supegetsa lorato ka gore a direlwe seaparo se se leele, se se mebala sa seka-hempe. Ka baka la se, bomogoloa Josefa ka rragwe “ba mo ila, ba ne ba sa kake ba bua naè sentlè gopè.” Gape ba ne ba bona lebaka la go mo ila fa a ne a lora ditoro tse pedi tse ba neng ba tlhalosa gore di ne di kaya gore o ne a tla ba laola. Ka tsela e e tshwanang, baeteledi-pele ba Bajuda ba ne ba ila Jesu ka baka la boikanyegi jwa gagwe, go ruta ga gagwe mo go kgothatsang, le tshegofatso e e bonalang sentle ya ga Jehofa mo go ene.​—Genesise 37:3-11; Yohane 7:46; 8:40.

12. (a) Ke ka ntlha yang fa Jakobe a ne a tshwe- nyegile kaga gore bomorwawe ba tshela jang? (b) Re bona tshwano efe gareng ga tsela ya botshelo ya ga Josefa le ya ga Jesu?

12 Fa nako e ntse e ya, bomogoloa Josefa ba ne ba disitse dinku gaufi le Shekema. Rraagwe Josefa o ne a tshwenyegile ka tshwanelo ka gonne e ne e le gone kwa Shekema a neng a leswefaditse Dina teng, mo go neng ga dira gore Simone le Lefi, gammogo le barwa-rraabone, ba bolaye banna ba motse oo. Jakobe o ne a roma Josefa go ya go tlhola gore ba ntse jang le gore a tle go mmolelela. Go sa kgathalesege go mo ila ga bomogolowe, Josefa ka bonako o ne a emelela go ya go ba batla. Ka tsela e e tshwanang, Jesu o ne a amogela kabelo ya ga Jehofa mono lefatsheng ka boitumelo, lemororo go ne go tla raya go boga mo gogolo mo go siamiseng dilo tsa ga gagwe jaaka Mosimolodi wa poloko. Abo Jesu a nnile sekao se se molemo jang ne mo go rona rotlhe mo go itshokeng gagwe!​—Genesise 34:25-27; 37:12-17; Bahebera 2:10; 12:1, 2.

13. (a) Bomogoloa Josefa ba ne ba supa kilo ya bone jang? (b) Go utlwa botlhoko ga ga Jakobe go ka tshwantshanngwa le eng?

13 Bomogoloa Josefa ba ga rraagwe ba ba lesome ba ne ba mmona a tla a santse a le kgakala. Ka bonako fela ba ne ba simolola go mo tenegela, mme ba loga maano a go mo tlosa fa tlase ga bone. La ntlha ba ne ba rulaganyetsa go mmolaya. Mme Rubene, ka baka la go tshaba boikarabelo jwa gagwe jaaka motsalwapele, o ne a ba pateletsa gore ba latlhele Josefa mo sedibeng se se senang metsi, a solofela go boa morago a tla go mo ntsha. Lefa go ntse jalo, fa dilo di eme jalo, Juda o ne a kgothaletsa barwa-rraagwe go mo rekisa jaaka lekgoba mo Baishemaeleng ba ba neng ba feta ka karabene. Morago bomogoloa Josefa ba tsaya seaparo sa gagwe se se leele mme ba se ina mo mading a podi e tonanyana mme ba se romela kwa go rraabone. Fa Jakobe a se seka-seka, a goa ka go re: “Ke kobō ea ga morwaake; sebatana se mo yelè; ga go na pelaèlō Yosefe o gagogancwè.” Jehofa o tshwanetse a bo a ne a utlwa botlhoko jo bo tshwanang fa Jesu a ne a boga fa a ne a diragatsa kabelo ya gagwe mo lefatsheng.​—Genesise 37:18-35; 1 Yohane 4:9, 10.

Josefa mo Egepeto

14. Tiragalo e ya bogologolo e ka re solegela molemo jang gompieno?

14 Ga re a tshwanela go konela ka gore ditiragalo tse di gakgamatsang tseo di kopanyeletsang Josefa di diragala ka go tlhomagana ga nako mo go tsepameng. Go na le moo, re bona mo nakong eo dikao tse di tlhomaganeng tseo di re layang le go re kgothatsa gompieno. Jaaka moaposetoloi Paulo a tlhalosa: “Dilō cotlhe tse di kwadilweñ galè, di kwadilwe gore dire rutè, gore re bōnè cholohèlō ka pelotelele le ka kgomoco ea dikwalō. Me yana a Modimo oa pelotelele, le oa kgomoco, o lo neè gore go nnè pelo e le ñwe hèla mo go lona kaha sekaoñ sa ga Keresete Yesu: Gore lo galaletsè Modimo le Rra Morèna oa rona Yesu Keresete ka boñwe hèla yoa pelo, le ka molomo o le moñwe hèla.”​—Baroma 15:4-6.

15. Ke ka ntlha yang fa Josefa le bantlo ya ga Potifaro ba ne ba atlega?

15 Josefa o ne a isiwa kwa Egepeto, mme koo o ne a rekisediwa Moegepeto yo o neng a bidiwa Potifaro, mogolwane wa maotlana a ga Faro. Jehofa o ne a itshupa a na le Josefa, yo o neng a tswelela go tshela ka melao-metheo e e molemo eo rraagwe a neng a e mo rutile, lemororo a ne a le kgakala le ntlo ya ga rraagwe. Josefa ga a ise a ke a kgaogane le kobamelo ya ga Jehofa. Mong wa gagwe, Potifaro, o ne a anaanela dinonofo tse di tlhomologileng tsa ga Josefa mme a mo dira gore a tlhokomele tsa ntlo ya gagwe tsotlhe. Jehofa o ne a tswelela a segofatsa ba ntlo ya ga Potifaro ka baka la ga Josefa.​—Genesise 37:36; 39:1-6.

16, 17. (a) Josefa o ne a thulana jang le teko e nngwe gape ya bothokgami? (b) Boitemogelo jwa ga Josefa mo kgolegelong bo supa kaelo efe ya dilo?

16 Ke koo kwa mosadi wa ga Potifaro a neng a leka go hepisa Josefa teng. O ne a tswelela go mo gana. Letsatsi lengwe o ne a phamola seaparo sa gagwe, mme ene a sia, a se tlogela mo seatleng sa gagwe. O ne a pega Josefa molato fa pele ga ga Potifaro, wa gore o ne a batla go tsenelela le ene mo boitsholong jo bo sa siamang, mme Potifaro o ne a latlhela Josefa mo kgolegelong O ne a golegwa ka dikeetane ka nako e e rileng. Mme ka boitemogelo jwa gagwe jwa go tlhokofadiwa mo kgolegelong, Josefa o ne a tswelela a itshupa fa a le monna wa bothokgami Ka gone, motlhokomedi wa kgolegelo o ne a mo dira gore a tlhokomele magolegwa otlhe.​—Genesise 39:7-23; Pesalema 105:17, 18.

17 Fa nako e ntse e ya, motshola phafana yo mogolo wa ga Faro le moapei yo mogolo ba ne ba mo itumolola mme ba tsenngwa mo kgolegelong. Josefa a abelwa go ba direla. Gape, Jehofa o ne a rulaganya dilo. Babereki ba babedi bao ba ntlo ya segosi ba ne ba lora ditoro tse di neng di ba gakgamatsa. Morago ga Josefa a sena go gatelela gore ‘diphuthololo ke tsa ga Modimo,’ o ne a ba bolelela gore ditoro di ne di rayang. Mme fela jaaka Josefa a ne a bontshitse, malatsi a le mararo moragonyana (mo letsatsing la botsalo jwa ga Faro) motshola phafana o ne a busediwa mo boemong jwa gagwe, mme moapei yo mogolo a kalediwa.​—Genesise 40:1-22.

18. (a) Josefa o ne a gakologelwa jang? (b) Ke eng se se neng se kaiwa ke ditoro tsa ga Faro?

18 Lemororo Josefa a ne a lopile motshola phafana go mmuelela kwa go Faro, go ne ga feta dingwaga di le pedi pele ga monna yoo a gakologelwa Josefa. Le gone fa a mo gakologelwa, e ne e le fela ka baka la gobo Faro a ne a lorile ditoro tse di gakgamatsang gabedi mo bosigong bo le bongwefela. Fa go sena moperesiti wa maselamose ope wa kgosi yo o neng a ka ranola seo di se rayang, motshola phafana o ne a bolelela Faro gore Josefa o ne a kgona go tlhalosa ditoro. Jalo Faro o ne a re go bidiwe Josefa, yo o neng a tlhalosa Motswedi wa diphuthololo tsa boammaaruri ka boikokobetso, ka go bolela jaana: “Modimo o tla naea Faro phetolō ea kagishō.” Morago ga moo mmusi wa Egepeto o ne a bolelela Josefa ditoro, jaana:

“Ke ne ke eme ha dintshiñ tsa noka: Me bōna, ga tlhatloga dikgomo tse di namagadi di shupa mo nokeñ, di nonne di le mebele mentlè: me tsa hula mo motlhakeñ; Me bōna, dikgomo tse di namagadi di shupa tsa tlhatloga moragō ga cōna, di le mekoduwè, di le mebele e mashwè thata, di le lopatikwō, tse ke e señ ke ke ke bone tse di chwanañ nacō gopè mo lehatshiñ yeotlhe ya Egepeto, ka bomashwè yoa cōna. Me dikgomo tse di namagadi, tse di mekoduwè, tse di mebele e mashwè, tsa ya tsa shwetsa dikgomo tse di namagadi tsa pele tse di nonneñ. Me e rile di sena go di ya di di shwetsa, go no go sa kake ga itsiwe ha di di yelè: me tsa bo di sa nntse di le mebele e mashwè yaka mo tshimologoñ. . . .

“Me ka bōna mo toroñ ea me, me, bōnañ, ga cwa diakō di shupa mo lotlhakeñ lo le loñwe hèla, di tletse, di le molemō: Me bōna, diakō di shupa tse di shwabileñ, tse di senañ sepè, di chubilwe ke phehō ea botlhabatsatsi, tsa tlhoga moragō ga cōna: Me diakō tse di senañ sepè tsa kometsa diakō tse shupa tse di molemo: me ka e bolèlèla diñaka: me go bo go sena opè eo o ka e mpolèlèlañ.”​—Genesise 40:23–41:24.

19. (a) Josefa o ne a supa boikokobetso jang? (b) Go ne ga bolelwa molaetsa ofe ka tlhaloso ya ditoro?

19 A ditoro tse di sa tlwaelegang! Motho o ne a ka kgona jang go di tlhalosa? Josefa o ne a kgona, mme e seng go ikgalaletsa. O ne a re: “Ga go eō mo go nna: Modimo o tla naea Faro phetolō ea kagishō. . . . Tōrō ea ga Faro ñwe hèla: se Modimo o tlogañ o se diha, . . . o se shupeditse Faro.” Go tswa foo Josefa a tswelela go senola molaetsa o o maatla wa boperofeti wa ditoro tseo, ka go re:

“Bōna, go tla dinyaga di shupa tsa letlōtlō ye legolo ya diyō mo lehatshiñ yeotlhe ya Egepeto: Me moragō ga cōna go tla coga dinyaga di shupa tsa leuba; me letlōtlō yeotlhe le tla lebalwa mo lehatshiñ ya Egepeto: me leuba le tla hedisa lehatshe: . . . Me ereka tōrō e le sebedi e dihecwe Faro gabedi, ke ka gonne selō se, se tlhōmamisicwe ke Modimo, me Modimo o tla akoha o se dihatsa.”​—Genesise 41:25-32.

20, 21. (a) Faro o ne a arabela tlhagiso jang? (b) Go fitlha fa, Josefa le Jesu ba ka tshwantshanngwa jang?

20 Faro o ne a tla dirang kaga leuba le le tlogang le tla le? Josefa o ne a akantsha gore Faro a dire paakanyetso ka go tlhoma motho yo o boikanyo le yo o botlhale mo lefatsheng leo go boloka thobo e ntsi ya dingwaga tsa letlotlo. Ka nako e Faro o ne a setse a lemogile dinonofo tse di tlhomologileng tsa ga Josefa. Ka gone Faro ka go ntsha mohitshana wa gagwe wa sekano mo seatleng sa gagwe a ba a o rwesa Josefa, a mo tlhoma go laola lefatshe lotlhe la Egepeto.​—Genesise 41:33-46.

21 Josefa o ne a le dingwaga di le 30 fa a ema fa pele ga ga Faro, dingwaga tse di tshwanang le tsa ga Jesu Keresete fa a ne a kolobediwa mme a simolola bodihedi jwa gagwe jo bo nayang botshelo. Setlhogo se se latelang se tla bontsha kafa Josefa a neng a dirisiwa ke Jehofa ka teng go tshwantshetsa “Kgōsana le Mmoloki” wa ga Jehofa mo motlheng wa leuba la semoya go lebisitswe ka mo go kgethegileng mo motlheng wa rona.​—Ditihō 3:15; 5:31.

O Araba Jang?

◻ Leuba ga le jese lefatshe lotlhe di welang ka ditsela dife tse pedi gompieno?

◻ Josefa o ne a tlhagolela dinonofo dife tse di molemo fa a ne a na le bomogolwe?

◻ Re ka ithutang mo boitemogelong jwa ntlha jwa ga Josefa mo Egepeto?

◻ Go tshwenyega ga ga Jehofa ka Josefa le batho ba ba wetsweng ke leuba go re tlhomamisetsa eng?

[Lebokoso mo go tsebe 13]

Motlhatlheledi wa The Sunday Star (ya Toronto, ya March 30, 1986) o ne a bua jaana ka se se bidiwang dikereke tse dikgolo: “Fa di retelelwang teng thata ke mo go lepa-lepaneng le tlala e kgolo ya semoya ya banna, basadi le basha ba segompieno”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela