LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • su kgao. 10 ts. 75-81
  • “Ga ba Ketla ba Tlhōla ba Bolawa ke Tlala Gopè”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Ga ba Ketla ba Tlhōla ba Bolawa ke Tlala Gopè”
  • Go Falolela mo Lefatsheng je Lesha
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “EAÑ KWA GO YOSEFE”
  • GO KGORISA TLALA YA RONA LE LENYORA JAANONG
  • Leuba le le Bolayang mo Motlheng wa Kgora
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Go Boloka Botshelo mo Motlheng wa Leuba
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Jehofa Ga a Ka a Lebala Josefa
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • “A Diphuthololo ga se Tsa Modimo?”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Go Falolela mo Lefatsheng je Lesha
su kgao. 10 ts. 75-81

Kgaolo 10

“Ga ba Ketla ba Tlhōla ba Bolawa ke Tlala Gopè”

1. Kamego ya lefatshe ka dijo e masisi go le kana kang?

JO BONGWE jwa mathata a magolo a a lebaneng le lefatshe gompieno ke dijo. Ditlhwatlhwa tse di ntseng di ya magoletsa di direla ba le bantsi mathata. Tlala tota tota e setse ebile e itebagantse le bangwe. Go ne go sa tswa go begwa bosheng jaana gore mo ngwageng nngwe le nngwe batho ba le dimilione tse 40—mo dingwageng dingwe ba le bontsi jo bo ka tshwarang dimilione tse 50—ba a swa ka jaana ba sena dijo tse ba di tlhokang. Mo e ka nnang ga makgetlo a le some go feta palo eo ba bolawa ke mmopamo o o botlhoko. Lemororo dinaga dingwe di tlhagisa selekanyo se se fetang se ba ka se jang, kgadikano ya sepolotiki le bogagapa jwa papadi gantsi di kgaupetsa maiteko a go dira gore tse di setseng di neelwe ba ba di tlhokang thata.—Bapisa Tshenolō 6:5, 6.

2. Le e leng mo mafatsheng a a nang le letlotlo, ke ka ntlha yang fa batho ba na le lebaka la go amega?

2 Le e leng mafatshe ao go bonalang a na le letlotlo la tsone a lebane le isagwe e e tshwenyang maikutlo. Ka baka lang? Methale e e tlhagisang dijo ya jaanong gantsi e ikaegile ka peterole, mme eo e ka bonwang mo lefatsheng lotlhe ga se gore ga e na go fela. Go ikaega mo go golo ka menontshane e e rekwang go kgotlela metsi a bone. Tiriso e e feteletseng ya dibolaya diji, tseo di diretsweng go sireletsa dijalo, ebile gape e senya ditshidinyana tseo monono wa mmu o ikaegileng ka tsone. Mo e ka nnang mo maitekong mangwe le mangwe a batho, mathata a a masisi a ntse a tswelela ka go ntsifala. Aurelio Peccei, mookamedi wa lekgotla la merafe yotlhe la batlhale, o ne a tshwantshanya lefatshe le “lerumo le le ntseng le konopegela kwa le kwa jaaka fa le ntse le ya kafa le kafa go tloga mo kudumeding e nngwe go ya go e nngwe.” A go a utlwala gore motho a beye ditsholofelo tsa gagwe tsa isagwe mo lefatsheng le le nang le rekoto e e ntseng jalo?—Yeremia 10:23; Diane 14:12.

3. Ke mang yo o kgonang go tlhomamisetsa gore setho se tla nna le letlotlo la dijo, mme ke eng seo se go neelang tsholofelo e e ntseng jalo?

3 Ka mo go utlwalang, dimilione tsa batho di ile tsa dumalana le kafa di tlhokang ka teng thuso eo eleng Modimo fela a ka e neelang. Morago ga go tlhatlhoba boperofeti jwa Bibela, ba itse gore Jehofa Modimo o setse a tlhomile Morwawe wa selegodimo Jesu Keresete mo setilong sa bogosi mme ebile o mo neetse lefatshe lotlhe go nna thuo ya gagwe. (Pesalema 2:7, 8) O na le botlhale le kgono ya go tlhomamisetsa gore setho sotlhe se tla newa tsotlhe tse di ungwang mo lefatsheng. (Pesalema 72:7, 8, 16; Bakolosa 1:15-17) Fa tsamaiso ya jaanong e e bogagapa e sena go tlosiwa, Keresete o tla kaela maiteko a bafalodi ba batho e le gore lefatshe lotlhe le tle le nne Paradaise e e ungwang.

4. Go solegelwa molemo ke dipaakanyetso tse di ntseng jalo tse di bonalang, ke eng se re tshwanetseng go se dira jaanong?

4 Lefa go ntse jalo, bao ba tla solegelwang molemo ruri ke puso ya gagwe, ke bao ba lemogang gore motho ga a tshele ka senkgwe se le sosi, batho bao ba lemogang molemo wa semoya le tlhokafalo e e botlhokwa-tlhokwa ya go bona nonofo mo go ithuteng le mo go direng thato ya Modimo. Bibela gangwe le gape e ntse e sedimosa botlhokwa jwa seno. (Yohane 4:34; 6:27; Yeremia 15:16) Jesu o ne a gatelela seo fa a ne a re: “Go kwadilwe, ga twe, Motho ga a tshele ka senkgwè se le shosi, ha e se ka lehoko leñwe le leñwe ye le cwañ mo molomuñ oa Modimo.” (Mathaio 4:4) Re tlhoka dijo tse di ntseng jalo tsa semoya gone jaanong, fa e le gore re tla falola bofelo jwa lefatshe la jaanong. Tsela eo re ka di bonang ka yone re e tshwantshediwa mo polelong ya Bibela mabapi le Josefa le bomorwarraagwe.

“EAÑ KWA GO YOSEFE”

5. Josefa o ne a tla go nna lekgoba jang mo Egepeto?

5 Modimo o ne a neela Josefa, ngwana wa ngwana wa ga Aberahame, ditoro tseo di neng di supa gore Josefa o ne a tla nna yo o nang le seabe se se tlhomologileng mo botshelong. Ka ntlha ya seno, gammogo le lebaka la gore o ne a ratiwa thata ke rraagwe, bomorwarra Josefa ba ba lesome ba ne ba mo ila. Ba ne ba rera go mmolaya mme ya re kgabagare ba mo rekisa jaaka lekgoba, mme a isiwa kwa Egepeto. Boikaelelo jwa Modimo mabapi le Josefa bo ne bo tla diragala jang jaanong?—Genesise 37:3-11, 28.

6. (a) Ke jang tlhokomelo ya ga Faro e neng ya isiwa kwa go Josefa? (b) Ke ditoro dife tse di neng tsa tshwenya Faro?

6 Fa Josefa a se na go nna dingwaga tse 30 ka go gola, Jehofa o ne a dira gore Faro, mmusi wa Egepeto, a nne le ditoro tse pedi tse di neng tsa mo tshwenya. Mo go ya ntlha o ne a bona dikgomo tse supa “di le mebele e mentlè, di nonne,” le tse dingwe tse supa “di le mebele e mashwè, di le mekoduwè.” Go tswa foo dikgomo tse di bopamang tsa simolola go metsa tse di nonneng. Mo torong e nngwe Faro o ne a bona diako tse supa tsa mabele mo lotlhakeng lo le longwe, “di nonne, di le molemō,” le diako tse dingwe tse supa “tse di senañ sepè, tse di chubilweñ ke phehō ea botlhabatsatsi.” Mme gape, tse di senang sepe tsa kometsa tse di nonneng. Seno sotlhe se ne se rayang? Go ne go se ope wa batlhale ba Egepeto yo o neng a kgona go phutholola ditoro. Mme motshola-phafana wa ga Faro o ne a gakologelwa gore, e ne ya re fa a ne a sa ntse a le kwa kgolegelong, mogolegwa-ka-ene, ebong Josefa, abo a ile a tlhalosa ditoro ka boammaaruri. Ka bonakonyana Faro a re go bidiwe Josefa.—Genesise 41:1-15.

7. (a) Josefa o ne a nna molaodi wa dijo mo Egepeto jang? (b) Fa leuba le sena go gakala, ke eng seo Baegepeto ba neng ba se dira e le gore ba tswelele ba ntse ba tshela?

7 Ka go sa ikgalaletse ka tsela epe fela, Josefa o ne a raya Faro a re: “Tōrō ea ga Faro ñwe hèla: se Modimo o tlogañ o se diha, o se boleletse Faro.” (Genesise 41:16, 25) Josefa o ne a tlhalosa gore toro ya bobedi e ne e raya se se tshwanang le ya ntlha mme a gatelela tlhomamisego ya tsone. Dingwaga tse supa tsa letlotlo mo Egepeto di ne di tla latelwa ke tse supa tsa leuba. O ne a gakolola Faro gore a tlhome banna ba ba tshwanelegang sentle go boloka thobo mo dingwageng tsa letlotlo go ipaakanyetsa leuba. Ka go lemoga gore Modimo ka boene ka phepafalo o ne a senoletse Josefa dilo tseo, Faro a tlhoma Josefa jaaka molaodi wa dijo, a mo neela thata eo e neng e fetwa ke ya ga Faro ka boene mo Egepeto fela. Fela jaaka go ile ga bolelelwa pele, dingwaga tse supa tsa letlotlo le le sa tlwaelegang di ne tsa tla, mme Josefa a dira gore go bolokwe selekanyo se segolo sa dijo. Go tswa foo leuba leo le neng le boleletswe pele la itelekela mo lefatsheng. Fa batho ba ne ba ikuela mo go Faro go bona dijo, a araba a re: “Eañ kwa go Yosefe; se o se lo raeañ, lo se dihè.” Jalo Josefa a ba rekisetsa thobo—lantlha ba e duela ka madi, mme morago ka loruo la bone, mme kgabagare ka go ithekisa ga bone le lefatshe la bone. Go tswelela ba ntse ba tshela, ba ne ba tshwanelwa ke go ineela gotlhe gotlhe go direla Faro.—Genesise 41:26-49, 53-56; 47:13-26.

8. (a) Go bona dijo tse ba di tlhokang, ke eng seo se neng sa tlhokwa go bomorwarra Josefa? (b) Ke ka ntlha yang fa rekoto ya seno e ile ya bolokiwa?

8 Leuba le ne la ama gape le mafatshe a a dikologileng Egepeto. Kgabagare bomorwarraagwe Josefa ba tla go tswa Kanana. Go ne go setse go fetile dingwaga tse 20 fa e sale ba rekisa morwarraabone mo bokgobeng, mme ebile ba sa tlhole ba mo lemoga. Ba ne ba khubama fa pele ga gagwe, jaaka ditoro tsa ga Josefa di ne di sa bolo go bolelela pele bogologolo pele, mme ba kopa go fiwa dijo. (Genesise 37:6, 7; 42:5-7) Josefa ka botlhale a ba baya mo tekong mme a bona bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa boikutlo jwa bone malebana le ene le rraabo gore ruri ba ne ba fetogile. Labofelo o ne a ba ipolelela a bo a ba tlhalosetsa gore tota tota e ne e le “go boloka botshelō” go bo Modimo a ile a mo romela mo Egepeto kwa pele ga bone. Ka taolo ya gagwe, ba ne ba fudusetsa rraabo le malapa a bone mo Egepeto. (Genesise 45:1-11) Seno sotlhe se ne sa kwalelwa go re solegela molemo, mme bokao jwa sone jwa boperofeti bo kopanyeletsa ditiragalo tsa mo motlheng wa rona.—Baroma 15:4.

GO KGORISA TLALA YA RONA LE LENYORA JAANONG

9. (a) Ke eng seo se bakang leuba la semoya le le mo lefatsheng gompieno? (b) Ke ka baka lang fa seno e le jo bongwe jwa mathata a a mo moding a setho?

9 Sengwe sa dilo tse di mo moding tseo di bakang mathata a setho ke tlala ya semoya. Ka go bo ba huraletse Jehofa, ga a ba tlhogonolofatse ka kutlwisiso ya Lefoko la gagwe, mme, ka ntlha ya gone moo, ba itemogela “e señ leuba ya diyō, leha e le lenyōra ya metse, ha e se leuba ya go utlwa lehoko ya ga Yehofa.” (Amose 8:11) Batho ba ba mo leubeng la semoya ba ntse ba tlabatlabela go bona dikarabo tsa dipotso tse di botlhokwatlhokwa jaaka: Mosola wa botshelo ke eng? Ke eng fa batho ba a swa? A go na le tsholofelo ya mmatota ka isagwe? Ba tlhakantswe tlhogo ke tlala ya semoya, batho ba ba ntseng jalo gantsi ba a ikgobatsa kana ba gobatse ba bangwe jaaka ba tshwarega mo boitshwarong jo bo sa siamang le jwa bokebekwa go kgotsofatsa dikeletso tsa bone.

10. (a) Tiragatsong ya Isaia 65:13, 14, ke maemo afe a a leng gone gareng ga batlhanka ba ga Jehofa? (b) Dipaka tsa leuba la semoya le lwa letlotlo di leng?

10 Phapaanong le seo, Jehofa o neetse batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang letlotlo la semoya le lorato lwa mmannete le gone gareng ga bone. O dirile gore ba tlhaloganye boammaaruri jo bo kgotsofatsang jwa semoya, mo Lefokong la gagwe le le tlhotlheleditsweng mme ebile o ba file tiro gore ba e dire jaaka basupi ba gagwe. Ba abalana boammaaruri jono ka boitumelo le ba bangwe ba ba mo tlaleng ya semoya mme ebile ba senka botshelo kamanong le Modimo. (Isaia 65:13, 14; Luke 6:21) Morago kwa Egepeto wa bogologolo dingwaga tse supa tsa leuba di ne tsa latela tse supa tsa letlotlo. Mme mo motlheng wa rona dipaka tsa leuba la semoya le letlotlo la semoya di tsamaela magongwe.

11. (a) Ke bomang ba ba tshwantshediwang ke Faro le Josefa, mme ka ntlha yang go ntse jalo? (b) Ke jang tsela eo e ileng ya tsewa ke “boidiidi yo bogolo” e tshwanang le ya Baegepeto ba ba neng ba gamotswe ke tlala?

11 Gompieno ga se Faro yo o busang. Jehofa Modimo, Faro yo Mogolwane, ke Molaodi wa Lobopo Lotlhe. O file Jesu Keresete thata e e tlhomaganang le ya gagwe fela. Jaaka Josefa yo Mogolwane, Jesu ke Ene yo Jehofa a mo fileng boikarabelo jwa go aba dijo tsa semoya tse di tshegetsang botshelo. Matlhale a sedumedi le a batho fela a lefatshe a tlogetse setho se gamolwa ke tlala ya semoya. Ke fela ka go ya kwa go Jesu Keresete le go bona dijo tsa semoya ka tsela eo a kaelang ka gone ba ka tshegediwang. Dimilione tsa batho, tseo di tshwantsheditsweng ke Baegepeto ba ba neng ba tlhasetswe ke leuba, di dira seo. Ka Jesu Keresete ba ineela ka botlalo go Jehofa ka dipaka tsotlhe, mme ka gone ba akarelediwa mo boidiiding jo bogolo jwa ba ba tla falolang letsatsi je le tlang la bogale jwa bomodimo.

12. (a) Ke jang Jesu kwa legodimong a dirang gore re nne le dijo tsa semoya gone mono lefatsheng? (b) Ke eng seo se go tlhatswang pelo kaga sebopego sa “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale”?

12 Mme Jesu o kwa legodimong. O baakanyetsa jang ka dijo tsa semoya go re solegela molemo mo lefatsheng? O ne a bolelela pele gore o tla dira jalo ka “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” wa gagwe. (Mathaio 24:45-47) Yono ke “motlhanka” yo o kopaneng, yo o dirilweng ka phuthego ya gagwe ya ba ba tloditsweng ka moya fa ba santse ba le mo lefatsheng. (Bapisa Isaia 43:10.) Masalela a bano a santse a le mo lefatsheng. Phuthego eno ya Bokeresete ya boammaaruri e lemosega ga motlhofo ka go bapisa Bibela le dithuto tsa yone le ditlwaelo tsa yone. E ruta ka mmannete tota se Jesu a ileng a se laola. Ka gone ga e itshunye mo dikgannyeng tsa sepolotiki tsa lefatshe, mme maloko otlhe a yone ke baboledi ba phatlalatsa ba Bogosi jwa Modimo. Ga ba a farologana ka makoko a La-Bodumedi. Ba bangwefela, fela jaaka Jesu a rile ba tla nna—botlhe ke Basupi ba ga Jehofa ka go etsa Morena wa bone. (Bona Yohane 17:16, 20, 21; Mathaio 24:14; 28:19, 20; Tshenolō 1:5.) Ba ipelela letlotlo la semoya mme ebile ba ikemiseditse tota tota go le abalana le ba bangwe.

13. (a) Ke ka ditsela dife batho ba le bantsi ba ileng ba itshupa ba tshwana le bomorwarra Josefa ba ba lesome? (b) Ke jang rona rotlhe re ka solegelwang molemo ke dijo tsa semoya tse di baakanyediwang ke Keresete ka setlhopha sa “motlhanka”?

13 Batho ba le bantsi ba ile ba kgala Bakeresete bano ba ba tloditsweng, ba re: ‘A lo gopola gore lo botoka mo go rona? A lo akanya gore ke lona fela ba lo mo boammaaruring?’ Mme fa go ntse go ya bangwe ka boikokobetso ba ile ba lemoga gore Jehofa ele ruri o na le basupi mo lefatsheng le gore ruri ba bolela lefoko la Gagwe. Ba nna le go lemoga gore Bibela e bontsha gore go tla nna le phuthego e le nngwe fela ya Bokeresete le gore maloko a yone a tla nna kutlwano. (Baefesia 4:5; Baroma 12:5) Tlhatlhobo e e ikanyegang le e e boikokobetso ya mabaka e ba gogetse mo phuthegong eo. Bomorwarra Josefa ba ba some ba ne ba tshwantshetsa batho ba ba ntseng jalo, bao pele ba neng ba bogisa balatedi ba ba tloditsweng ba ga Jesu kana bao ba neng ba ema nokeng babogisi ba ba ntseng jalo mme jaanong ba bontsha phetogo ya mmatota mo dipelong. (Yohane 13:20) Ka boitumelo ba amogela dijo tsa semoya tse di baakanyeditsweng ke Jesu Keresete ka setlhopha sa ‘motlhanka yo o boikanngo’ sa gagwe. Ba bona nonofo ya semoya jaaka fa ba ntse ba ja boammaaruri jwa Bibela jo go buisanngwang ka jone mo dikgatisong tsa Watch Tower, ba nna gone ka metlha mo dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa le go abalana ka tlhoafalo mo go direng thato ya Modimo. A o mongwe wa ba ba boikokobetso bano?—Bahebera 10:23-25; bapisa Yohane 4:34.

14. Ke maemo afe a semoya ao a ipelelwang ke bao ba tshelang tumalanong le melao-metheo eo e ithutilweng mo tiragalong eno ya Bibela?

14 Bao ba ineelang matshelo a bone go Mmopi wa bone ka lorato ka Jesu Keresete ba ipelela tapologo e e itumetseng. Kafa semoyeng, “ga ba ketla ba tlhōla ba bolawa ke tlala gopè, leha e le lenyōra: . . . Gonne Kwana [Jesu Keresete] eo o ha gare ga setulō sa bogosi o tla nna modisa oa bōnè, me o tla ba gōgèla kwa mecwediñ ea metse a botshelō.”—Tshenolō 7:16, 17; Isaia 25:6-9.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela