Go Ipaakanya ka Tsela e e Bontshang Boitsheko Le e E Tlotlegang
1. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go akanya go sa le gale ka tsela e re tla lebegang ka yone fa re ntse re baakanyetsa kopano ya kgaolo?
1 “Basupi ba ga Jehofa ke batho ba ba molemo thata! Batho ba lona ba pelonomi, ba apara sentle mme ba tlotlo tota.” Moemedi mongwe wa hotele o ne a bolela jalo ka bakaulengwe le bokgaitsadi kwa kopanong nngwe ya kgaolo mo ngwageng o o fetileng. Kwa kopanong e nngwe modiri mongwe wa mo hoteleng o ne a re: “Go a bonala gore batho ba lona ba apara ka tsela e e kgatlhang Modimo.” Ee, batlakopanong ba lemogiwa ke batho ba bangwe. Ka jalo, re batla go apara “ka mokgwa o o tshwanelang dikgang tse di molemo” mme gantsi seno se dira gore batho ba e seng Basupi ba re bake mme go bonale sentle gore re badiredi ba Modimo. (Bafil. 1:27) Fa re ntse re baakanyetsa kopano ya kgaolo, re tshwanetse go akanyetsa go sa le gale tsela e re tla lebegang ka yone.
2. Ke ka ntlha yang fa e le kgwetlho go apara le go ikgabisa ka tsela e e bontshang boikgapo?
2 Morutwa Jakobe o ne a kwala jaana: “Botlhale jo bo tswang kwa godimo sa ntlhantlha bo itshekile.” (Jak. 3:17) Go bontsha boitsheko mo tseleng e re lebegang ka yone e ka nna kgwetlho. Lefatshe leno le le tlhokang boitsholo la ga Satane le tlhotlheletsa batho gore ba latele ditaele tse di sa tshwanelang tse di bontshang go tlhoka bori, bolefatshe e bile e le tse di sa tlwaelegang. (1 Joh. 2:15-17) Ka jalo, fa re dira tshwetso ka moaparo le go ikgabisa, re tshwanetse go tsaya tsia kgakololo ya Baebele ya gore “re gane boikepo le dikeletso tsa selefatshe mme re tshele ka go itekanela sentle ga mogopolo . . . mo gare ga tsamaiso eno ya jaanong ya dilo.” (Tito 2:12) Le ka motlha ga re batle go kgopisa ba bangwe ka tsela e re lebegang ka yone, e ka tswa e le bakaulengwe ba rona, badiri ba mo hoteleng le mo resetšhurenteng kgotsa batho ba bangwe ba ba re lebileng.—1 Bakor. 10:32, 33.
3. Ke dipotso dife tse di tla re thusang go tlhatlhoba tsela e re lebegang ka yone?
3 Diaparo Tse di Rulagantsweng Sentle le Tse di Bontshang Bori: Fa o ntse o baakanyetsa go ya kopanong ipotse jaana: ‘A diaparo tsa me di bontsha bori kgotsa di ngoka tlhokomelo e e sa tlhokegeng? A di supa gore ke tlotla maikutlo a ba bangwe? A bolaose jwa me bo bulegile thata kwa godimo kgotsa bo bokhutshwane thata kwa tlase? A mesese ya me ke e e bonaletsang kgotsa e e ntsimpang? A diaparo tsa me di phepa mme ga di na menko e e ka kgopisang ba bangwe? Fa ke iketlile morago ga thulaganyo, a tsela e ke lebegang ka yone e tla supa gore ke modiredi yo o sethakga le yo o phepa, kgotsa diaparo tsa me di tla bo di latlheletswe fela, e le tsa feshene mme di sa tshwanele motho yo o tlileng kopanong yo o tsentseng betšhe? A diaparo tse ke di aparang ka nako ya fa ke iketlile fela di dira gore ke tlhabiwe ke ditlhong go neela bosupi jo e seng jwa tlwaelo?’—Bar. 15:2, 3; 1 Tim. 2:9.
4. Batho ba bangwe ba ka re thusa jang gore re apare ka tsela e e bontshang bori?
4 Re ka solegelwa molemo ke go reetsa kgakololo ya Bakeresete ba ba godileng semoyeng. Basadi ba tshwanetse go botsa banna ba bone gore batho ba bangwe ba tla leba jang diaparo tse ba di apereng. Batsadi ba Bakeresete ba ka thusa basha ba bone mo kgannyeng eno. Mo godimo ga moo, basadi ba ba godileng ba ba boifang Modimo ba ka nna ‘ba tsibosa makgarebe go nna ba itekanetse sentle mo mogopolong, ba itshekile’ mo tseleng e ba lebegang ka yone “gore lefoko la Modimo le se ka la buiwa ka go kgojwa.” (Tito 2:3-5) Dikgatiso tsa rona di na le dikai tsa ditshwantsho tsa moaparo o o bontshang bori le o o rulagantsweng sentle.
5. Rotlhe re ka tlisetsa Jehofa pako jang ka nako ya kopano?
5 Bakang Jehofa: Dikopano tsa kgaolo di neela botlhe, e seng fela ba ba nang le seabe mo thulaganyong, tshono ya go baka Jehofa. Eleruri boitshwaro jwa rona jwa Bokeresete le tsela ya rona ya go bua e tla supa gore re a mo tlotla. Mme gone selo sa ntlha se batho ba ba re lebileng ba se lemogang ka rona ke tsela e re aparang le go ipaakanya ka yone. E kete rotlhe re ka baka Jehofa ka go ipaakanya ka tsela e e itshekileng le e e tlotlegang.—Pes. 148:12, 13.
[Box on page 10]
Dilo Tse Di ka Re Thusang go Lebega ka Tsela e e Tlotlegang
◼ Lefoko la Modimo
◼ Go itlhatlhoba
◼ Dilo tse ba bangwe ba di buang
◼ Dikgatiso tsa Bokeresete