LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/04 ts. 11
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
km 10/04 ts. 11

Dikitsiso

◼ October: Tora ya Tebelo le Tsogang! Fa motho a bontsha kgatlhego, mo tsamaisetse boroutšhara jwa Re Direng, mme o dire maiteko a a kgethegileng go simolola dithuto tsa Baebele. November: Ithute mo Morutising yo Mogolo kana Modimo o Batla Gore re Direng? December: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. January: Buka epe fela e e gatisitsweng pele ga 1990 e phuthego e ka tswang e na le yone mo setokong. Fa lo se na epe ya dibuka tseno mo setokong, tsweetswee tlholang gore a diphuthego tse di gaufi di ka tswa di na le dibuka tseno tsa bogologolo di le dintsi gore lo ka di dirisa.

◼ Tsenyeletso e e mo kgatisong eno ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ke “Thulaganyo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ya 2005” mme e tshwanetse go bewa sentle gore e dirisiwe mo ngwageng otlhe wa 2005.

◼ Puo e e kgethegileng ya phatlalatsa ya nako ya Segopotso sa 2005 e tla neelwa ka Sontaga, April 10. Setlhogo sa puo se tla itsisiwe moragonyana. Diphuthego tse di tla bong di etetswe ke molebedi wa potologo kana tse di tla bong di na le kopano ka mafelobeke ao di tla nna le puo e e kgethegileng mo bekeng e e latelang. Ga go phuthego epe e e tshwanetseng go nna le puo e e kgethegileng pele ga Sontaga, April 10, 2005.

◼ Diphuthego di tshwanetse go simolola go kopa temana ya ngwaga ya 2005 le kopo ya bone ya dibuka ya October. Temana ya ngwaga e tla bo e le gone ka Seburu, Seesemane, Sesotho, Sexhosa le Sezulu. Diphuthego di ka kopa temana ya ngwaga e le nngwe fela ka puo e le nngwe. Go akantshiwa gore diphuthego di pege temana e ntšha ya ngwaga ka January 1, 2005.

◼ TSWEETSWEE ELA TLHOKO: Matlha a dikopano tse di latelang tsa kgaolo a fetotswe:

December 3-5:

Bloemfontein (Seburu, Seesemane)

December 17-19:

Butterworth (Sexhosa)

◼ Dikgatiso Tse Disha Tse di Leng Gone:

Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri—Mokwalo o Mogolo—Secibemba

◼ Di-DVD Tse Disha Tse di Leng Gone:

Transfusion Alternatives—Documentary Series ka Searabia, Se-Dutch, Seesemane, Sefora, Sejapane, Sejeremane, Se-Malagasy, Sentadiana, Sepotokisi (Portugal), Sepotokisi (Brazil), Se-Russia, Se-Spain. DVD eno e le nngwe e tla nna le dibidio tse tharo tsa Transfusion-Alternative Strategies-Simple, Safe, Effective; Transfusion-Alternative Health Care-Meeting Patient Needs and Rights le No Blood-Medicine Meets the Challenge.

Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela—Puo ya Diatla ya Amerika

◼ Di-Compact Disc Tse Disha Tse di leng Gone:

Atamela le Jehofa—Seesemane

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela