Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka April le May: Tsamaisa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Fa o dira maeto a go boela mo bathong ba ba kgatlhegang, ba ba ka akaretsang le ba ba nnileng gone kwa Segopotsong le mo ditiragalong tse dingwe tsa phuthego mme ba sa kopanele ka metlha le phuthego, leka ka natla go tsamaisa buka ya Obamela Modimo. Leka ka natla go simolola thuto ya legae ya Baebele, bogolo jang fa e le gore batho bangwe ba setse ba ithutile buka ya Kitso le boroutšhara jwa Re Direng. June: Ithute mo Morutising yo Mogolo. Fa batho ba bolela gore ga ba na bana, ba tsamaisetse boroutšhara jwa Re Direng. Fa o dirisa boroutšhara jono, leka thata go simolola dithuto tsa magae tsa Baebele. July le August: Go ka tsamaisiwa epe fela ya diboroutšhara tsa ditsebe tse 32, kwantle ga jwa Thuto le jwa Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang?
◼ Diphuthego di tshwanetse tsa simolola go kopa dibolumo tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! tsa 2003. Dibolumo tseno di tla bo di le gone ka Seesemane, Sejeremane le Sepotokisi. Go fitlha dibolumo tseno di nna gone le go romelwa, di tla tlhaga mo lenaaneng la dilwana tse di pakilweng tsa phuthego e le “Tse di Iseng di Romelwe.” Dibolumo tseno ke dilwana tsa kopo e e kgethegileng.
◼ Go botlhokwa gore ofisi ya lekala e nne le rekoto e e mo nakong ya diaterese le dinomore tsa thelefouno tsa balebedi botlhe ba ba okamelang le bakwaledi. Fa go ka direga gore go nne le diphetogo le fa e le leng fela, Komiti ya Tirelo ya Phuthego e tshwanetse go tlatsa foromo ya Presiding Overseer/Secretary Change of Address (S-29) e bo e e saena le go e romela kwa ofising ya lekala ka bonako. Seno se akaretsa diphetogo dipe tse di amanang le khouto ya thelefouno.
◼ Di-DVD Tse Disha Tse di Leng Gone:
Elementary Bible Teachings—Puo ya Diatla ya Amerika. DVD eno e na le tshedimosetso le dipotso tse di bodiwang ba ba yang kolobetsong tse di fitlhelwang mo bukeng ya Bodihedi jwa Rona tsebe 171-218 mme e na le dikwalo tse di nopotsweng di feta 300. Fela jaaka kgatiso ya bidio, bosusu ba ba kgatlhegang le ba ba eletsang go kolobediwa ba tla thusiwa thata ke tshedimosetso eno fa ba ipaakanyetsa go bodiwa dipotso tseno pele ga ba kolobediwa. Bagolwane le bone ba tla thusiwa ke tsela e DVD eno e rulagantsweng ka gone fa ba tlhatlhoba dipotso tseno le batho ba ba batlang go ya kolobetsong.