LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/04 ts. 2
  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Ditlhogwana
  • Beke e e Simololang ka April 12
  • Beke e e Simololang ka April 19
  • Beke e e Simololang ka April 26
  • Beke e e Simololang ka May 3
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
km 4/04 ts. 2

Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Beke e e Simololang ka April 12

Pina 93

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Dira gore go nne le dipontsho tsa kafa go ka tsamaisiwang ka teng Tora ya Tebelo ya April 15 le Tsogang! ya May 8, go dirisiwa dikakantsho tse di mo go tsebe 4. Mo pontshong nngwe le nngwe dira gore dimakasine di tsamaisiwe tsoopedi le fa go bueletswe e le nngwe fela. Dira gore pontsho nngwe le nngwe e nne le tsela e e farologaneng ya se se ka dirwang fa motho a re “Ke tshwaregile.”—Bona buka ya Go Fetolana, tsebe 19-20.

15 mets: “Go Neela Jehofa se se Molemo go Gaisa.”a Fa o sekaseka serapa 4, kopa bareetsi gore ba akgele ka ditsela dingwe tse re ka bontshang ka tsone gore re rata batho fa re le mo bodireding jwa rona.

20 mets: “O se Ka wa Tlogelela Pelo ya Ngwana wa Gago Fela!” Puo e e theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya February 15, 2003, tsebe 23-7. Dira gore puo e tshwanele maemo a mo phuthegong ya lona. Botsolotsa batsadi bangwe ba ba ileng ba atlega mo go diriseng dikaelo tse di fitlhelwang mo setlhogong seno, fa e le gore ba teng.

Pina 91 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka April 19

Pina 55

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona.

20 mets: “Etsa Boikutlo Jwa Mogopolo Jwa ga Jesu.”b Dirisa dipotso tse di gatisitsweng. Fa o sekaseka serapa 4, kopa baboledi ba e leng babulatsela ba ba thusang go akgela ka masego a ba nnileng le one ka ntlha ya go bula tsela.

15 mets: “A Jehofa o Ela Tlhoko Se o Se Dirang?” Puo le motlotlo le bareetsi o o theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya May 1, 2003, tsebe 28-31. Bontsha gore seno se dira jang mo phuthegong ya lona.

Pina 80 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka April 26

Pina 46

15 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto. Gakolola baboledi gore ba tlise dipego tsa tirelo ya tshimo tsa April. Umaka dikgatiso tse di tsamaisiwang ka May. Dira gore go nne le dipontsho tsa kafa go ka tsamaisiwang ka teng Tora ya Tebelo ya May 1, le Tsogang! ya May 8 go dirisiwa dikakantsho tse di mo go tsebe 4. Mo pontshong nngwe le nngwe dira gore dimakasine tseno di tsamaisiwe tsoopedi le fa go bueletswe e le nngwe fela. Dira gore nngwe ya dipontsho tseno e nne ya mmoledi a rerela motho yo a berekang le ene kgotsa yo a tsenang sekolo le ene.

20 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.

10 mets: “Go Ithuta Tsela ya go Ritibala.” Puo e e theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya June 1, 2003, tsebe 8-11. Akanyetsa maemo a bakaulengwe ba mo phuthegong ya lona. Kgothaletsa ba maemo a bone a ba letlang gore ba akanyetse go tsenela tirelo ya nako e e tletseng.

Pina 38 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka May 3

Pina 48

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona.

20 mets: “Basha—Balang Lefoko la Modimo!”c Rulaganya go sa le gale gore mosha a le mongwe kgotsa ba babedi ba akgele ka thulaganyo ya bone ya go bala Baebele le kafa e ba solegelang molemo ka gone. Kgothaletsa basha go ipeela mokgele wa go bala Baebele yotlhe. Akaretsa le dintlha tse di mo bukeng ya Sekolo sa Bodiredi, tsebe 10, serapa 4.

15 mets: Pego e e Molemo—Lebaka la go Itumela. (Dia. 15:30) Motlotlo le bareetsi o o bontshang se phuthego e kgonneng go se dira ka ntlha ya maiteko a a kgethegileng a a neng a dirwa ka March le April. Kopa phuthego gore e bolele maitemogelo a a molemo a e nnileng le one mo dikarolong tse di latelang: (1) go thusa motho yo o kgatlhegang gore a nne gone mo Segopotsong, (2) go nna mmulatsela yo o thusang, (3) go kgothaletsa mmoledi yo o tsidifetseng gore a simolole go kopanela le phuthego gape, (4) go thusa motho yo o sa tswang go kopanela gore a simolole go rera, le (5) go tlhagolela kgatlhego ya batho ba ba ileng ba nna gone mo Segopotsong. Rulaganyetsa dingwe tsa dikakgelo tseno nako e sa le gone. Akgola phuthego o bo o kgothaletse botlhe gore ba tswelele pele ba dira maiteko ano le mo isagweng.

Pina 164 le thapelo e e konelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Matseno a gago a se fete motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

b Matseno a gago a se fete motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

c Matseno a gago a se fete motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela