Go Neela Jehofa se se Molemo go Gaisa
1 Molao o Jehofa a ileng a o naya Baiseraele o ne o bontsha ka phepafalo gore diphologolo tse ba neng ba di ntsha setlhabelo di ne di tshwanetse tsa bo di “itekanetse sentle.” Phologolo e e nang le bogole e ne e sa amogelwe. (Lefi. 22:18-20; Mal. 1:6-9) Mo godimo ga moo, fa go ne go dirwa setlhabelo, mafura otlhe—e leng karolo e e molemo go gaisa—e ne e le a ga Jehofa. (Lefi. 3:14-16) E re ka Jehofa e ne e le Rraagwe Iseraele le Mong wa gagwe yo Mogolo, o ne a tshwanelwa ke dilo tse di molemo go gaisa.
2 Fela jaaka mo metlheng ya bogologolo, Modimo o sa ntse a kgatlhegela thata boleng jwa ditlhabelo tsa rona gompieno. Tirelo ya rona e tshwanetse ya bontsha gore re tlotla Jehofa ka tsela e e tshwanetseng. Gone ke boammaaruri gore maemo a rona a a farologana go ya ka batho. Mme gone, go molemo gore re itlhatlhobe go tlhomamisa gore re mo neela se se molemo go gaisa.—Baef. 5:10.
3 Tirelo e e Dirwang ka Pelo Yotlhe: Gore bodiredi jwa rona bo tlotle Jehofa le go ama dipelo tsa bareetsi ba rona, ga bo a tshwanela go nna jwa seomodiro fela. Fa re bua ka Modimo wa rona le maikaelelo a gagwe a magolo re tshwanetse ra dira jalo ka dipelo tse di tletseng kanaanelo. (Pes. 145:7) Seno se bontsha botlhokwa jwa go nna le thulaganyo e e molemo ya ka metlha ya go bala le go ithuta Baebele re le rosi.—Dia. 15:28.
4 Go neela Jehofa se se molemo go gaisa, go akaretsa le go etsa tsela e a ratang batho ka yone. (Baef. 5:1, 2) Go rata batho go tla re rotloetsa gore re leke go ba fitlhelela ka bontsi jo bo ka kgonegang ka molaetsa wa boammaaruri o o nayang botshelo. (Mar. 6:34) Go re tlhotlheletsa go bontsha gore re kgatlhegela batho ba re buang le bone. Go re thusa go nna re akantse ka bone fa re sena go kgaogana le bone mo loetong lwa ntlha mme gape go dira gore re boele kwa go bone. Go re tlhotlheletsa gore re dire sotlhe se re ka se kgonang go ba thusa gore ba gatele pele semoyeng.—Dit. 20:24; 26:28, 29.
5 “Setlhabelo sa Pako”: Tsela e nngwe e re ka neelang Jehofa se se molemo go gaisa ka yone ke ka go tlhagafala mo bodireding. Fa re dira dilo ka thulaganyo e bile re tlhomame mo tirong e re e dirang, re ka kgona go fitlhelela se se molemo go gaisa mo nakong e re nang le yone. (1 Tim. 4:10) Go baakanyetsa sentle go dira gore re kgone go bua ka tsela e e utlwalang sentle le e e bontshang gore re tlhatswegile pelo, mme go ka direga thata gore molaetsa wa rona o amogelwe. (Dia. 16:21) Fa re ntse re bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo, se re se buang go tswa pelong se ka bidiwa sentle go twe ke “setlhabelo sa pako.”—Baheb. 13:15.