LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/04 ts. 2
  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Ditlhogwana
  • Beke e e Simololang ka May 10
  • Beke e e Simololang ka May 17
  • Beke e e Simololang ka May 24
  • Beke e e Simololang ka May 31
  • Beke e e Simololang ka June 7
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
km 5/04 ts. 2

Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Beke e e Simololang ka May 10

Pina 193

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Fa e le gore dikakantsho tse di mo go tsebe 4 di ka dira mo tshimong ya phuthego ya lona, di dirise go bontsha kafa go ka tsamaisiwang ka teng makasine wa Tora ya Tebelo ya May 15 le Tsogang! ya June 8. Go ka dirisiwa le ditsela tse dingwe. Mo pontshong nngwe le nngwe, bontsha ditsela tse di farologaneng tsa go buisana le motho yo o thibelang puisano a re “Ke na le bodumedi jwa me.”—Bona buka ya Go Fetolana, tsebe 18-19.

15 mets: Dikgatiso Tse Disha Tse re Itumeletseng go di Amogela! Motlotlo le bareetsi. Re ne ra itumelela go amogela dikgatiso tse disha tse pedi kwa Dikopanong Tsa Ditšhabatšhaba le Tsa Kgaolo Tsa “Nayang Modimo Kgalalelo.” ‘Bona Lefatshe le le Molemo’ ga e tshwane le kgatiso epe e re nang le yone mo laeboraring ya rona. Tsebe nngwe le nngwe ya kgatiso eno e na le tshedimosetso e e go tlhalosetsang sentle ka karolo nngwe ya Naga e e Solofeditsweng. Bontsha dingwe tsa dintlha tse di mo dimmapeng tse di farologaneng. Akantsha ditsela tse di mosola tse kgatiso eno e ka dirisiwang ka tsone. Ithute mo Morutising yo Mogolo e tla fa bana ba rona botsogo jo bo botoka jwa semoya. Umaka dingwe tsa dikgang tse di mo nakong tse di tlhalosiwang mo bukeng eno, o bontsha kafa e ka solegelang batsadi le bana molemo ka teng. Kopa bareetsi gore ba akgele kafa ba ntseng ba dirisa dikgatiso tseno sentle ka teng.

20 mets: “Pitlologang.”a Akaretsa le dikakgelo go tswa mo bukeng ya Obamela Modimo, tsebe 150, serapa 14.

Pina 18 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka May 17

Pina 188

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikgang Tsa Puso ya Modimo.

15 mets: “Bontsha Gore O na Le Tebogo.”b Fa nako e letla, kopa bareetsi go akgela ka ditemana tse di umakilweng. Fa lo tlotla ka serapa 3, dira gore a le mongwe kgotsa ba le babedi ba ba kileng ba nna babulatsela ba ba thusang bosheng ba akgele ka masego a ba nnileng le one ka ntlha ya go dira jalo.

20 mets: Re Amega ka ba Bangwe. (1 Bakor. 12:25, 26) Puo le motlotlo le bareetsi e e theilweng mo bukeng ya Bodihedi jwa Rona, tsebe 157-9, kafa tlase ga setlhogwana se se reng “Go Amega ka yo Mongwe.” Le fa batho ba ga Jehofa ba nna mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe, re utlwana tota. Rotlhe re tshwanetse go rapelela bakaulengwe ba rona letsatsi le letsatsi. Gape re bofefo go thusa fa go na le bangwe ba ba tlhokang dilwana ka potlako. Bala ditemana tsa konokono o bo o di tlhalose, mme o bue maitemogelo a le mangwe kgotsa a le mabedi a a tswang mo dikgatisong tsa rona.

Pina 100 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka May 24

Pina 128

12 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto. Bontsha kafa go ka tsamaisiwang ka teng Tora ya Tebelo ya June 1 le Tsogang! ya June 8. Dira gore pontsho nngwe le nngwe e tshwanele mongwe wa bodumedi bongwe jo bo leng teng mo lefelong la lona.

15 mets: “Mmino o o Lapolosang.” Puo le motlotlo le bareetsi. Akgela le ka dintlha tse di tswang mo 2002 Yearbook, tsebe 175 le Tora ya Tebelo ya February 1, 1997, tsebe 27, serapa 1-2.

18 mets: Ipaakanyetse go Rera ka Tsela e e Seng ya Tlwaelo. Puo le motlotlo le bareetsi e e theilweng mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya June 2003, tsebe 3. Rulaganya go sa le gale gore ba se kae ba neele maitemogelo a ba nnileng le one fa ba neela bosupi jo e seng jwa tlwaelo. Dira pontsho e khutshwane ya kafa go ka dirisiwang ka teng pampitshana ya A o Ka Rata go Itse mo go Oketsegileng ka Baebele? le bukana ya Good News for All Nations fa go neelwa bosupi jo e seng jwa tlwaelo.

Pina 211 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka May 31

Pina 26

8 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Gakolola baboledi go tlisa dipego tsa tirelo ya tshimo ya May.

17 mets: Botshelo—Mpho e e Tshwanetseng go Somarelwa. Motlotlo le bareetsi o o theilweng mo bukeng ya Go Fetolana, tsebe 177-179. Akaretsa le dikakgelo go tswa go Tsogang! ya June 8, 1993, tsebe 31-32. O ka tlhalosa jang tsela e Jehofa a lebang go senya mpa ka yone fa o bua le motho yo o dumelang gore mosadi o na le tshwanelo ya go itirela tshwetso mo dikgannyeng tse di amang mmele wa gagwe? Anela maitemogelo a a mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya January 1, 2000, tsebe 4, serapa 4-5.

20 mets: “Fa re Tsamaisa Buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo.” Re tla bo re tsamaisa kgatiso eno ka June. Bua ka dikarolo tse di tlhalositsweng mo bukeng eno mo go tsebe 7, serapa 1-3. Kopa bareetsi gore ba akgele ka se ba se ratang ka yone. Boeletsa ditsela tse di akantshitsweng tsa go e tsamaisa. Bontsha kafa o ka dirisang ditshwantsho ka teng fa o tsamaisa buka eno. Dira gore mosha mongwe a dire pontsho ka kakantsho ya ntlha, mme mogolo a dirise nngwe ya tse dingwe. Fa e le gore mo tshimong ya lona, tsela e sele ke yone e ka dirang botoka, o ka e tlhalosa mme wa dira gore go nne le pontsho ya yone mo boemong jwa nngwe ya tse pedi tsa bofelo.

Pina 24 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka June 7

Pina 136

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Tlhalosa dintlha tsa konokono tsa “Tshedimosetso e e Thusang Batho.” Bolela dingwe tsa dipuo tse di leng teng mo tshimong ya lona.

15 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.

20 mets: Dirisa Ditshwantsho Tse di Mosola fa o Ruta. Puo le motlotlo le bareetsi e e theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa September 1, 2002, tsebe 22-4. Ke dintlha dife tse nnè tse di dirang gore setshwantsho se nne le mosola? Ke eng fa go le molemo go dira gore ditshwantsho e se ka ya nna tse di raraaneng? Re ka bona kae ditshwantsho tse di tshwanelang? Sekaseka dingwe tsa dikai tse di mo lebokoseng le le mo go tsebe 23, mme o tlhalose gore ke eng se se dirang gore setshwantsho sengwe le sengwe se nne le mosola.

Pina 133 le thapelo e e konelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela