Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo
Mo ‘dinakong tseno tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone’ re tlhoka botlhale jo bo tswang kwa Modimong gore Jehofa a re amogele. (2 Tim. 3:1) Thulaganyo ya kopano ya potologo ya ngwaga wa tirelo wa 2005 e tla re naya kgakololo e e molemo le kgothatso fa go ntse go tlotlwa ka setlhogo se se reng “Kaelwa ke ‘Botlhale jo bo Tswang Kwa Godimo.’”—Jak. 3:17.
Puo ya ntlha ya neeletsano e e reng, “Go Bontsha ‘Botlhale jo bo Tswang Kwa Godimo’ mo Botshelong Jwa Rona,” e tla re thusa go tlhaloganya gore ke eng se se tlhokegang gore re itsheke, re nne kagiso, re nne tekatekano re bo re iketleeletse go utlwa. Mme molebedi wa potologo o tla re bontsha dintlha dingwe tse tharo tse re ka bontshang botlhale jo bo tswang kwa Modimong ka tsone. Molebedi wa kgaolo ene o tla konela letsatsi la ntlha ka go bontsha kafa badiredi ba Bakeresete ba tlhomeletsweng ka gone go bolela botlhale jwa Modimo, lefa bangwe ba ba leba e le “ba ba sa rutegang e bile e le batho fela.”—Dit. 4:13.
Mo letsatsing la bobedi dipuo tsa neeletsano tsa setlhogo se se reng “Latelela Dilo Tse di Agang,” di tla re thusa go lemoga le go tila dilo tse di ka re koafatsang semoyeng. Gape di tla re bontsha gore re ka kgona jang go aga ba bangwe kwa dipokanong tsa phuthego, kwa bodireding jwa tshimo le mo malapeng. Puo ya phatlalatsa e e reng “Kafa Botlhale Jwa Modimo bo re Solegelang Molemo ka Gone” e tla re thusa go anaanela botokanyana melemo e re e bonang fa re ntse re dirisa melaometheo ya Modimo mo matshelong a rona. Puo e e konelang e e reng, “Go Dira Tumalanong le Botlhale Jwa Modimo Go a Re Sireletsa,” e tla nonotsha boikemisetso jwa rona jwa gore re batle botlhale kwa go Jehofa mo malatsing ano a bofelo.
Selo se se itumedisang thata mo kopanong nngwe le nngwe ke go kolobediwa ga barutwa ba basha. Gape mo thulaganyong go tla bo go na le Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo le Thuto ya Tora ya Tebelo tsa beke eo. Jehofa o batla gore rotlhe re solegelwe molemo ke botlhale jo a re nayang jone. Re tla nonotshiwa thata semoyeng ke kgakololo le kgothatso tse re tla di amogelang kwa kopanong ya rona ya potologo.—Dia. 3:13-18.