Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
Beke e e Simololang ka September 13
Pina 43
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Fa e le gore dikakantsho tse di mo go tsebe 4 di ka dira mo tshimong ya phuthego ya lona, di dirise go bontsha kafa go ka tsamaisiwang ka teng makasine wa Tora ya Tebelo ya September 15 le Tsogang! ya October 8. Go ka dirisiwa le ditsela tse dingwe. Morago ga pontsho nngwe le nngwe, gatelela ntlha e e thusang mo pontshong eo.
20 mets: “Boloka Leitlho la Gago le sa Raraana.”a Dirisa dipotso tse di mo setlhogong seno. Fa nako e letla, gatelela dikwalo tse di umakilweng.
15 mets: Lefoko la ga Jehofa le a Tshela. Puo. Go re thusa gore thulaganyo ya mmalo wa Baebele wa beke le beke e e mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo e re solegele molemo ka botlalo, motseletsele wa ditlhogo tse di reng “Lefoko la ga Jehofa le a Tshela,” o simolotse go tlhaga mo ditokololong dingwe tsa Tora ya Tebelo. O dirisa makasine wa Tora ya Tebelo ya September 15, 2004, ditsebe 24-7, bontsha dikarolo tse di farologaneng tsa setlhogo seno. Fa se sena go ntsha tshobokanyo e e rileng ka buka nngwe ya Baebele, karolo e e reng, “Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo” e tlhalosa ditemana dingwe tse di thata tsa Dikwalo. Dikakgelo tse di latelang kafa tlase ga setlhogwana se se reng “Se re Ithutang Sone,” di re thusa go bona gore tshedimosetso e re e balang e re thusa go le kana kang. Tlotla ka dikai di le mmalwa tse o di tlhophileng go bontsha kafa metseletsele eno e tla re thusang ka gone gore re tlhaloganye Lefoko la Modimo botoka. Kgothaletsa botlhe gore ba dirise thulaganyo eno ka botlalo fa re tla bo re simolola go bala buka ya Duteronome.
Pina 162 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka September 20
Pina 88
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Boeletsa dintlhakgolo tsa lekwalo le le tswang kwa lekaleng le le tlhagang mo tsebeng ya ntlha ya kgatiso eno ya Tirelo ya Rona ya Bogosi. Kgothaletsa botlhe gore ba bale Dipalo 16:1-35 mme morago ga moo ba lebe bidio ya Respect Jehovah’s Authority, e le go ipaakanyetsa Pokano ya Tirelo ya beke ya October 4. Kwa metseselegaeng bagolwane ba tshwanetse go leka ka natla gore bidio eno e bontshiwe malapa a a se nang didirisiwa tsa bidio. Seno se ka dirwa ka gore ba rulaganye gore bidio eno e bontshiwe kwa Holong ya Bogosi ka maitseboa a e seng letsatsi la dipokano kgotsa ka gore ba e lebe morago ga thuto ya buka. Le fa go ntse jalo, ga ba a tshwanela go leba bidio mo boemong jwa puo ya phatlalatsa. Diphuthego tsa kwa magaeng tse di se kitlang di kgona go bona bidio ka gonne ba se na didirisiwa tsa bidio, ba tshwanetse go dirisa nako eo go tlotla ka dilo tse phuthego ya bone e tlhokang go di ela tlhoko.
15 mets: Re Dirile Jang mo Ngwageng o o Fetileng? Puo e e neelwang ke mogolwane e e theilweng mo pegong ya phuthego ya ngwaga wa tirelo wa 2004. Bua ka dintlha tse di molemo tsa pego eo mme o akgolele phuthego tiro e e molemo e ba kgonneng go e dira. Gatelela tsela e babulatsela ba dirileng ka natla ka yone. Umaka karolo e le nngwe kana di le pedi tse phuthego e tlhokang go tokafatsa mo go tsone mo ngwageng o o tlang.
20 mets: “Dirisa Baebele ka Tsela e e Molemo.”b Dirisa dipotso tse di mo setlhogong seno. Mo matsenong a gago dirisa dintlha tse di mo bukeng ya Sekolo sa Bodiredi, tsebe 145, dirapa 2-3. Dira gore go nne le dipontsho tse pedi tse dikhutshwane, ya loeto lwa ntlha mme e nngwe e nne ya loeto lwa go boela, go bontsha kafa dikakantsho tseno di ka dirisiwang ka gone.
Pina 103 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka September 27
Pina 221
15 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Pego ya diakhaonto. Gakolola baboledi go tlisa dipego tsa tirelo ya tshimo ya September. Molebedi wa tirelo o tshwanetse go tlotla ka dithulaganyo tsa bofelo tsa tshimo e e sa abiwang. E re ka October e le kgwedi ya bofelo ya letsholo la tshimo e e sa abiwang, kgothaletsa botlhe gore ba nne le seabe ka botlalo. Bontsha kafa Tora ya Tebelo ya October 1 le Tsogang! ya October 8 di ka tsamaisiwang ka gone ka nako ya letsholo le le kgethegileng.
15 mets: Basupi ba ba Boneng ka Matlho ba Ditiro Tsa Rona Tse di Molemo. (1 Pet. 2:12) Puo le motlotlo le bareetsi o o theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya November 1, 2002, tsebe 12-14, dirapa 14-20. Kopa bareetsi gore ba akgele kafa batho ba lefelo la lona ba neng ba amega ka gone fa ba ntse ba lebile ditiro tsa rona tse di molemo.
15 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.
Pina 38 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka October 4
Pina 5
5 mets: Dikitsiso tsa phuthego.
15 mets: Go Itshoka mo Ditirong Tse di Molemo. (Bagal. 6:10) Botsolotsa baboledi ba le babedi kgotsa ba le bararo ba e leng babulatsela ba nako e e tletseng kgotsa ba gangwe le gape ba tsayang bobulatsela jo bo thusang. Ke mathata afe a ba neng ba kopana le one fa ba ntse ba direla Jehofa, mme ba ne ba dirang gore ba kgone go a fenya? Ke eng se se ba thusitseng gore ba itshoke mo go direleng ba bangwe se se molemo? Maiteko a ba a dirang mo bodireding jwa Bokeresete a solegetse bone mmogo le ba bangwe molemo jang? Fa go kgonega, dira gore baboledi ba akgele gore ke eng se se dirilweng mo phuthegong ya lona go fitlhelela batho ba ba buang dipuo tse dingwe ka dikgang tse di molemo. Akgolela botlhe ‘tiro ya bone ya bonatla, ya lorato le boitshoko jwa bone.’—1 Bathes. 1:2, 3.
25 mets: “Re Tshwanetse go Tlotla Bolaodi Jwa ga Jehofa.” Bala Juda 11, mme matseno a gago a se ka a feta metsotso e le mebedi. Morago ga moo o bo o simolola motlotlo le bareetsi o dirisa dipotso tsotlhe tse di mo setlhogong seno. Gatelela ntlha ya gore e le gore Jehofa a nne a ntse a re amogela, re se ka ra ba ra tshwana le Kora wa motsuolodi mme re etse sekao sa bomorwawe, ba ba neng ba se ka ba letla sepe gore se tle kwa pele ga boikanyegi jwa bone mo go Jehofa.
Pina 99 le thapelo e e konelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.