LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 9/04 ts. 3
  • Re Tshwanetse go Tlotla Bolaodi Jwa ga Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Re Tshwanetse go Tlotla Bolaodi Jwa ga Jehofa
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ikobele Bolaodi Jwa Modimo ka Boikanyegi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Tlotla Taolo?
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Go Fenya Kgwetlho ya Boikanyego
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Tlotlang ba ba Tlhomilweng go lo Laola
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
km 9/04 ts. 3

Re Tshwanetse go Tlotla Bolaodi Jwa ga Jehofa

Ke eng se se tlang mo mogopolong wa gago fa o utlwa maina ano a batho ba bogologolo, Kora, Dathane le Abirame? Botsuolodi! Ba tsuologela eng? Bolaodi jwa Modimo. Dintlha ka botlalo tsa tsela eno ya bone e e neng ya ba leretse masetlapelo di begilwe mo lekwalong la Dipalo kgaolo 16, mme tshobokanyo ya kgang eno yone re e fitlhela mo setlhogong se se reng, “Ikobele Bolaodi Jwa Modimo ka Boikanyegi” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya August 1, 2002. O tla solegelwa molemo tota fa o ka bala setlhogo seno morago ga moo o bo o leba terama e e tlogelang motho a akanya e e bontshiwang mo bidiong ya Respect Jehovah’s Authority. O tla bona kgotlhang e e nnang gone fa gare ga barwa ba ba ikanyegang ba ga Kora le rraabone wa motsuolodi yo o neng a thulana le Molaodimogolo wa lobopo. (Dipa. 26:9-11) Terama eno e e bontshang tiragalo ya mmatota e e diragetseng e tshwanetse go tlhotlheletsa mongwe le mongwe wa rona gore a godise boikanyegi jwa gagwe mo go Jehofa.

Fa o ntse o lebile bidio eno, leka go bona bosupi jo bo bontshang gore Kora le batsuolodi mmogo le ene ba paletswe ke teko ya boikanyegi mo dintlheng di le thataro tsa botlhokwatlhokwa: (1) Ba ne ba tlontlolola bolaodi jwa Modimo jang? (2) Ba ne ba letla gore boikgogomoso, boikgodiso le lefufa di ba ame jang? (3) Go diregile jang gore ba tlhome mogopolo mo makoeng a batho ba ba neng ba tlhomilwe ke Jehofa? (4) Ba ne ba setse ba na le boikutlo bofe jwa go ngongorega? (5) Ke ka ntlha yang fa ba ne ba sa tlhole ba kgotsofalela ditshiamelo tsa bone tsa tirelo? (6) Go diregile jang gore ba letle ditsala le ba malapa a bone ba tle kwa pele ga go ikanyega mo Modimong?

Ela tlhoko kafa thuto e re ithutileng yone mo terameng eno ya Baebele e dirang ka teng mo tseleng e rona gompieno re lebang bolaodi jwa Modimo ka yone: (1) Re tshwanetse go tsibogela jang ditshwetso tse bagolwane ba phuthego ba di dirang, mme ka ntlha yang? (2) Re ka tlosa jang maitlhomo ape a a sa siamang a re ka nnang le one? (3) Re tshwanetse go tsibogela jang makoa a ba ba tlhomilweng go re etelela pele? (4) Ke eng se re tshwanetseng go se dira fa re simolola go nna le moya wa go ngongorega mo dipelong tsa rona? (5) Re tshwanetse go ikutlwa jang ka ditshiamelo dipe fela tse re di neilweng? (6) Ke bomang ba le ka motlha ba sa tshwanelang go tla pele ga boikanyegi jwa rona mo Modimong, mme ke leng seno e nnang teko e e thata mo go rona?

Fa re sena go sekaseka tshedimosetso eno mo phuthegong ke ka ntlha yang fa o sa lebe bidio eno gape? Dira gore e gatelele mo mogopolong wa gago mabaka a go bo re tshwanetse go tlotla bolaodi jwa ga Jehofa ka metlha!—Pes. 18:25; 37:28.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela