Dikgang Tsa Puso ya Modimo
◼ Thulaganyo ya go aga Diholo Tsa Bogosi mo tshimong ya rona e ntse e tswelela go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ka dilo tse ba di tlhokang. Go nna le go lekalekanya fa go agiwa Diholo Tsa Bogosi. Re lebogela thata meneelo ya kgwedi le kgwedi e diphuthego di e ntshetsang Letlole la Diholo Tsa Bogosi. Re leboga gape le tsela e diphuthego tse di adimilweng madi ke mokgatlho di ntseng di duela madi ao ka boikanyegi kgwedi le kgwedi, ka gonne madi ao a dirisediwa gape go thusa diphuthego tse dingwe tse di tlhokang Holo ya Bogosi ka potlako.
Re itumelela go lo itsise ka diholo tse dingwe tse 12 tse di neetsweng mo dikgweding tse di sa tswang go feta: Hout Bay le Manenberg, (Cape Town); Protea Glen, (Soweto); Kanana East (Orkney) Emzinoni, Embalenhle East; (Mpumalanga); Metele, (Eastern Cape); Dikebu, Vlaklaagte East, Tweefontein West, (Gauteng); Messina, Mashashane (Limpopo Province).
Seno se raya gore kwa bokhutlong jwa July 2004, re ne re setse re neetse Diholo Tsa Bogosi di le 22. Re tshwanetse go leboga thata Dikomiti Tsa Kago Tsa Kgaolo ka ntlha ya ditiro tsa tsone tsa lorato go thusa diphuthego tse di tlhokang diholo ka potlako. Gape, re leboga thata botlhe ba ba tshegetsang tiro eno ya go aga. Re tshwanetse go boloka lobelo lo re agang Diholo Tsa Bogosi mo tshimong ya rona ka lone. A go na le tsela nngwe e o ka thusang ka yone?