Karolo 3: Go Dirisa Dikwalo ka Tsela e e Nang le Matswela
Go Tshwara Dithuto Tsa Baebele Tse di Gatelang Pele
1. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go gatelela Dikwalo fa re tshwere thuto ya Baebele?
1 Fa re tshwara dithuto tsa Baebele, boikaelelo jwa rona ke go ‘dira barutwa’ ka go thusa batho go tlhaloganya le go amogela dithuto tsa Lefoko la Modimo ba bo ba di dirisa mo matshelong a bone. (Math. 28:19, 20; 1 Bathes. 2:13) Ka jalo, thuto e tshwanetse go nna e e theilweng mo Dikwalong. Sa ntlha, go ka nna ga thusa go bontsha moithuti kafa a ka bonang ka teng ditemana tse di rileng mo Baebeleng ya gagwe. Mme gone, re ka dirisa jang Dikwalo go thusa batho ba ba ntseng jalo go gatela pele semoyeng?
2. Re swetsa jang gore ke ditemana dife tsa Baebele tse re ka di balang le go tlotla ka tsone?
2 Tlhopha ditemana tse o ka di balang: Fa o baakanyetsa, sekaseka go bona gore temana nngwe le nngwe e e umakilweng mo thutong eo e amana jang le ntlha e e tlotliwang, o bo o swetsa gore o tla bala le go tlotla ka ditemana dife fa o tshwere thuto. Gantsi go molemo go bala ditemana tse di bontshang mabaka a Dikwalo a dilo tse re di dumelang. Ditemana tse di dikologileng kgang e go tlotliwang ka yone di ka nna tsa se ka tsa tlhoka go balwa. Akanyetsa dilo tse moithuti mongwe le mongwe a di tlhokang le maemo a gagwe.
3. Mosola wa go dirisa dipotso ke ofe, mme re ka di dirisa jang?
3 Dirisa dipotso: Go na le gore o tlhalosetse moithuti ditemana tsa Baebele, dira gore e nne ene a di go tlhalosetsang. O ka mo rotloetsa go dira jalo ka go dirisa dipotso ka tsela e e molemo. Fa tsela e temana e dirang ka yone e utlwala sentle, o ka nna wa mmotsa fela gore temana eo e amana jang le se go buiwang ka sone mo serapeng. Mo maemong a mangwe, o ka nna wa tlhoka go botsa moithuti potso kana dipotso dingwe ka tlhamalalo gore a tle a fitlhe mo karabong e e tshwanetseng. Fa go tlhokega gore o tlhalose mo go oketsegileng, o ka nna wa dira jalo fa moithuti a sena go araba.
4. Re tshwanetse go tlhalosa ditemana tse re di balang go le kana kang?
4 Dira gore thuto e nne motlhofo: Gantsi motho yo o setswerere go hula motswi o tlhoka motswi o le mongwe fela gore o ye go tlhaba se a neng a se hula. Ka tsela e e tshwanang, morutisi yo o setswerere ga a tlhoke mafoko a mantsi go gatelela ntlha nngwe. A ka kgona go fetisa tshedimosetso ka tsela e e motlhofo, e e utlwalang sentle e bile e nepile. Ka dinako dingwe, o ka nna wa tlhoka go dira dipatlisiso mo dikgatisong tsa Bokeresete go tlhaloganya temana nngwe le go e tlhalosa sentle. (2 Tim. 2:15) Mme gone, tila go tlhalosa ntlha nngwe le nngwe ya temana fa o tshwere thuto. Akaretsa fela se se tlhokang go tlhalosiwa gore ntlha e go buiwang ka yone e utlwale sentle.
5, 6. Re ka thusa jang baithuti go dirisa Lefoko la Modimo mo matshelong a bone, mme gone re tshwanetse go tila go dirang?
5 Mmontshe kafa ditemana di ka mo thusang ka gone: Fa go tshwanela, thusa moithuti go bona kafa ditemana tsa Baebele di dirang ka teng mo go ene ka boene. Ka sekai, fa o bala Bahebera 10:24, 25 le moithuti yo o iseng a ye dipokanong tsa Bokeresete, o ka nna wa tlotla ka nngwe ya dipokano o bo o mo laletsa go nna gone kwa go yone. Mme gone o se ka wa dira gore a ikutlwe e kete o a mo pateletsa. Dira gore Lefoko la Modimo le mo rotloetse go tsaya kgato e a tlhokang go e tsaya gore a itumedise Jehofa.—Baheb. 4:12.
6 Fa re ntse re dira thomo ya rona ya go dira barutwa, e kete re ka “tsweledisa kutlo ka tumelo” ka go dirisa Dikwalo ka tsela e e nang le matswela.—Bar. 16:26.