Lebokoso la Dipotso
◼ Re tshwanetse go tlhokomela jang dikabelo tsa rona mo phuthegong?
Go nna seoposengwe ga batho ba ga Jehofa go dira gore dilo di kgone go dirwa ka thulaganyo mo phuthegong. (1 Bakor. 14:33, 40) Akanya fela ka tiro e e tshwanetseng go dirwa mo pokanong e le nngwe fela ya phuthego. Mo godimo ga gore pokano eo e rulaganngwe ka boyone, go na le tiro e ntsi e bakaulengwe le bokgaitsadi ba tshwanetseng go e dira pele le morago ga pokano go tlhokomela dikabelo tsa bone. Ditiro tse dingwe tse ba di dirang ba sa bonwe ke ba bangwe le tsone di botlhokwa. Mongwe le mongwe wa rona a ka tshegetsa thulaganyo eno jang?
Ithaopele go thusa ba bangwe. Batho ba ba ithaopang ba tla fitlhela gore go na le dilo tse dintsi tse ba ka di dirang. (Pes. 110:3) Amega ka ba ba lwalang le ba ba tsofetseng. Thusa go phepafatsa Holo ya Bogosi. Re ka dira ditiro tse dintsi tse di tla solegelang ba bangwe molemo kwantle ga gore re kopiwe. Re tlhoka fela go rata go thusa ba bangwe.
Nna boikokobetso. Batho ba ba ikokobeditseng ba itumelela go thusa ba bangwe. (Luke 9:48) Go ikokobetsa go tla dira gore re se ka ra amogela tiro e e fetang e re ka kgonang go e dira. Mo godimo ga moo, go ikokobetsa go tla dira gore re se ka ra dirisa taolo e re nang le yone ka tsela e e sa tshwanelang.—Dia. 11:2.
Ikanyege. Moshe o ne a laelwa gore a tlhophe “banna ba ba ikanyeng” go sikara maikarabelo kwa Iseraele wa bogologolo. (Ekes. 18:21) Le rona re tshwanetse go nna le nonofo eno gompieno. Dira tiro nngwe le nngwe e o e fiwang ka boikanyegi. (Luke 16:10) Fa o sa kgone go dira tiro nngwe e o e filweng, rulaganya gore e dirwe ke motho yo mongwe fa o seyo.
Dira bojotlhe jwa gago. Bakeresete ba kgothadiwa go dira ka moya otlhe le e leng mo tirong ya bone ya go itshedisa. (Bakol. 3:22-24) Re na le mabaka a a utlwalang a go dira jalo fa re dira ditiro tsa go tsweletsa kobamelo ya boammaaruri pele. Le fa kabelo e re e neilweng e bonala e le ya maemo a a kwa tlase kana e se ya sepe, phuthego e tla solegelwa molemo fa tiro eo e dirwa sentle.
Kabelo nngwe le nngwe e re e fiwang e re naya tshono ya go bontsha gore re rata Jehofa le bakaulengwe ba rona. (Math. 22:37-39) E kete re ka dira tiro nngwe le nngwe e re e fiwang ka boikanyegi.