LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 2/05 ts. 8
  • Karolo 6: Fa Moithuti a Botsa Potso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Karolo 6: Fa Moithuti a Botsa Potso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tshwara Dithuto Tsa Baebele Tse di Gatelang Pele
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Go Tshwara Thuto ya Bibela ya Legae
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Thusa Batho ba o Ithutang le Bone Gore ba Kolobediwe—Karolo ya Bobedi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • Thusa Batho ba o Ithutang le Bone Gore ba Kolobediwe—Karolo ya Ntlha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
km 2/05 ts. 8

Karolo 6: Fa Moithuti a Botsa Potso

Go Tshwara Dithuto Tsa Baebele Tse di Gatelang Pele

1 Fa thuto ya Baebele e setse e tshwarwa ka metlha, gantsi go botoka gore dithuto tsa Baebele di ithutiwe ka go latelana go na le gore go buiwe ka dilo di le dintsi ka nako e le nngwe. Seno se thusa moithuti gore a nne le kitso ya boammaaruri le go gatela pele semoyeng. (Bakol. 1:9, 10) Le fa go ntse jalo, gantsi baithuti ba botsa dipotso tse di farologaneng fa go tshwerwe thuto. Ke eng se se tshwanetseng sa dirwa mo kgannyeng eno?

2 Nna le Temogo: Dipotso tse di amanang le se se ithutiwang gantsi di ka arabiwa ka yone nako eo. Fa e le gore go tla tlotliwa ka potso eo moragonyana mo bukeng, o ka nna wa mo tlhalosetsa jalo fela. Le fa go ntse jalo, fa potso e sa amane le se se ithutiwang kana go tla tlhokega gore go dirwe dipatlisiso go araba potso eo sentle, go ka nna botoka go tlotla ka kgang eo morago ga thuto kana ka nako e nngwe. Bangwe ba fitlhela gore go kwala potso go dira gore moithuti a tlhomamisege gore potso ya gagwe e tsewa masisi mme gape go thusa le gore lo se ka lwa tlhoma mogopolo mo dintlheng tse di sa amaneng le thuto.

3 Dithuto di le dintsi tsa Baebele di tlotlwa fela ka bokhutshwane mo dikgatisong tse re ithutang Baebele le batho ka tsone. Go tweng fa e le gore moithuti o na le bothata jwa go dumela thuto nngwe kana ga a kgone go tlogela tumelo nngwe ya maaka? Go ka nna mosola gore re bale kgatiso nngwe e e tlhalosang sentle gore Baebele ya reng ka kgang eo. Fa e le gore moithuti ga a ise a tlhatswege pelo le ka nako eo, tswelelang ka thuto mme lo tlotle ka kgang eo ka nako e nngwe. (Joh. 16:12) Fa kitso ya gagwe ya Baebele e ntse e oketsega e bile a gatela pele semoyeng, a ka nna a simolola go tlhaloganya dithuto tsa Baebele.

4 Nna Boikokobetso: Fa o sa tlhomamisega ka karabo ya potso nngwe, o se ka wa e araba ka tsela e wena o akanyang ka yone. (2 Tim. 2:15; 1 Pet. 4:11) Mo tlhalosetse gore o tla e batlisisa mme o boe go tla go araba potso eo. Gongwe o ka dirisa tshono eo go ruta moithuti kafa a ka dirang dipatlisiso ka gone. Fa nako e ntse e ya, mmontshe kafa a ka dirisang dilwana tse di farologaneng tse re dirang dipatlisiso ka tsone tse re di neilweng ke phuthego ya ga Jehofa. Ka go dira jalo kgabagare moithuti o tla kgona go araba dipotso tse a nang le tsone.—Dit. 17:11.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela