Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang mo tlhatlhobong e e sa kwalweng mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka February 28, 2005. Molebedi wa sekolo o tla tshwara poeletso ya metsotso e le 30 e e theilweng mo tshedimosetsong e e ileng ya ithutiwa mo dipuong tsa go tloga ka beke ya January 3 go ya go February 28, 2005. [Ela tlhoko: Mo dipotsong tse di se nang ditshupiso, o tla tshwanelwa ke go itirela dipatlisiso e le gore o bone dikarabo.— Bona Sekolo sa Bodiredi, ts. 36-7.]
BOKGONI JWA GO BUA
1. Re ka dirang gore puo ya rona e nne e batho ba kgonang go e tlhaloganya sentle? [be-TN ts. 226 ser. 1–ts. 227 ser. 1]
2. Ke mafoko a a ntseng jang a a tlhokang tlhaloso e e oketsegileng? [be-TN ts. 227 ser. 2–ts. 228 ser. 1]
3. Ke mokgwa ofe o o tla re thusang go neela dintlha tsa rona ka tsela e e tla rutang bareetsi ba rona tota? [be-TN ts. 231 dir. 1-3]
4. Fa re bala temana e bareetsi ba rona ba e itseng sentle, re ka dira eng gore tsela e re e dirisang ka yone e nne e e rutang? [be-TN ts. 231 dir. 4-5]
5. Go kgothaletsa bareetsi ba rona go tlhokomela dintlha mo tiragalong nngwe ya Baebele e ba e itseng go ka ba thusa jang? [be-TN ts. 232 ser. 2-4])
PUO NO. 1
6. Go ruta batho go ‘boifa Modimo wa boammaaruri le go boloka ditaelo tsa gagwe’ go akaretsa eng? (Mor. 12:13) [be-TN ts. 272 ser. 3–ts. 273 ser. 1]
7. Re ka dira jang gore batho ba se ka ba itse fela leina la ga Jehofa mme le gore ke Modimo wa mofuta ofe? (Joel 2:32) [be-TN ts. 274 dir. 3-5]
8. Go ithuta ka Jesu le go neela bosupi ka ene go botlhokwa go le kana kang? (Joh. 17:3) [be-TN ts. 276 ser. 1]
9. Go nna le kamano e e siameng le Modimo le go tlhaloganya Baebele go amana jang ka tlhamalalo le seabe sa ga Jesu mo maikaelelong a Modimo? [be-TN ts. 276 ser. 2]
10. Re ka bontsha jang gore ruri re dumela gore Jesu Keresete ke Kgosi? [be-TN ts. 277 ser. 4]
MMALO WA BAEBELE WA BEKE LE BEKE
11. A rraagwe Aborahame, e bong Tera, o ne a obamela medingwana? (Josh. 24:2)
12. A Gidione o ne a se na bopelokgale jwa go diragatsa thomo e Jehofa a neng a mo file yone? Ke ka ntlha yang fa o araba jalo? (Baatlh. 6:25-27)
13. Re ka ithuta eng mo tseleng e Gidione a neng a bua ka yone le lotso lwa Eferaime? (Baatlh. 8:1-3)
14. Ke eng se se neng se bontshiwa ke lebaka la go bo batho ba Gibea ba ne ba gana go bontsha moya wa go amogela baeng? (Baatlh. 19:14, 15)
15. Fa e le gore “mongwe le mongwe o ne a tlwaetse go dira se se neng se siame mo matlhong a gagwe,” a seno se ne sa dira gore go nne le go tlhoka taolo? (Baatlh. 21:25)