Dikgang Tsa Puso ya Modimo
◼ Go sa tswa go neelwa Diholo Tsa Bogosi tse pedi tse disha. Phuthego ya Castle Rock (Mount Fletcher) le ya Shayandima (Venda) di itumelela go nna le mafelo a a tlotlegang a kobamelo.
◼ Mo dikopanong di le 65 tsa kgaolo tsa “Tsamayang le Modimo” tse di neng di tshwerwe mo Afrika Borwa le dinaga tse di mabapi, palo ya ba ba nnileng teng mo go tsone fa e kopantswe yotlhe e nnile 160 821 mme ga kolobediwa ba le 2 322. Re anaanela thata tiro ya bonatla e e dirilweng ke bakaulengwe botlhe ba ba nnileng le seabe mo go neeleng thulaganyo eno e e molemolemo mmogo le ba le diketekete ba ba neng ba ithaopela go dira ditiro tse di botlhokwa go thusa ba ba tlileng kopanong.