LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/05 ts. 7
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
km 5/05 ts. 7

Dikitsiso

◼ May: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! June: Nnang lo Disitse! July le August: Nngwe le nngwe fela ya diboroutšhara tsa ditsebe di le 32, kwantle ga tsa Basupi ba ga Jehofa le Thuto, Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang?, Basupi ba ga Jehofa—Ke Bomang? Ba Dumela Eng? le ‘Bona Lefatshe le le Molemo.’

◼ Molebedi yo o okamelang kgotsa mongwe yo o tlhophilweng ke ene o tshwanetse a tlhatlhoba diakhaonto tsa phuthego ka June 1 kgotsa ka bonako fela morago ga moo. Fa e le gore madi a go tlhokomelwa ga holo kgotsa a tsa kago a na le akhaonto ya one e e kwa thoko, go tshwanetse ga dirwa dithulaganyo tsa gore akhaonto eo le yone e tlhatlhobiwe. Phuthego e tshwanetse ya itsisiwe fa tlhatlhobo ya diakhaonto e weditswe mo pegong e e latelang ya diakhaonto.

◼ TSWEETSWEE ELANG TLHOKO: Fa lo founela ofisi ya lekala, tsweetswee nnang lo gakologetswe dintlha tse di latelang: (1) Ka kopo founelang maloko a lelapa la Bethele morago ga diura tsa tiro, ntle le fa e le mo maemong a tshoganyetso. (2) Fa o founa mabapi le bothata bongwe kgotsa o na le potso, tsweetswee bolela ka botlalo gore o founa o le kwa kae o bo o bolele le se o ka ratang go tlotla ka sone. Re kopa gore bagolwane ba se ka ba bitsa mokaulengwe ope ka leina ba re ba kopa go bua le ene e re ka a ka tswa a abetswe go dira mo lefapheng le lengwe kgotsa a seyo gore a ka ba thusa. Kgaitsadi yo o amogelang megala o tla kgona go go fetisetsa kwa lefapheng le le tshwanetseng. Tsweetswee leka go khutshwafatsa puisano ya gago ka mo go ka kgonegang ka teng gore nako ya botlhokwa e se ka ya senngwa. (3) Fa e le gore o na le bothata jo bo go amang ka namana jo o batlang go tlotla ka jone, tsweetswee tlotla ka jone le bagolwane ba phuthego ya lona pele ga o founela ofisi ya lekala. Ke bone ba ka kgonang go araba dipotso tsa gago kgotsa go go thusa ka mathata a o nang le one. Fa e le gore ke kgang e e potlakileng, re kgothaletsa BOTLHE, go akaretsa le bagolwane, gore ba kwale lekwalo go tlhalosa bothata jwa bone. Re tla itumelela go lo thusa ka bothata jono ntle le go diega.—Bona Letlole la Dipotso mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya December 1992, tsebe 5.

◼ Dikgatiso Tse Disha Tse di Leng Gone:

Elementary Bible Teachings—Kwangali

◼ Di-DVD Tse Disha Tse di Gone:

They Bore Thorough Witness to the Good News—Puo ya Diatla ya Amerika

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela