Thulaganyo ya Lelapa—Temana ya Letsatsi
1 Batsadi ba ba lorato ba dira maiteko a magolo letsatsi le letsatsi gore ba tlamele bana ba bone ka dijo tse di otlang. Go ba tlamela ka dijo tsa semoya tse di tswang mo Lefokong la Modimo go botlhokwa le go feta. (Math. 4:4) Tsela e nngwe e o ka thusang bana ba gago ka yone gore ba nne le keletso e e siameng ya dijo tsa semoya le gore ba “gole go ya polokong” ke go ipha nako letsatsi le letsatsi go tlhatlhoba temana ya letsatsi le dikakgelo tsa yone le lelapa la gago. (1 Pet. 2:2) O ka tsenya seno fa kae mo thulaganyong ya gago ya lelapa?
2 Ka Nako ya Dijo: Go simolola letsatsi la lona ka go tlotla ka temana ya letsatsi go ka thusa lelapa go nna le akantse ka Jehofa letsatsi lotlhe. (Pes. 16:8) Mmè mongwe o ne a tlhomamisa gore o balela morwawe temana ya letsatsi a bo a tlotla le ene ka dikakgelo tsa yone fa morwawe a ntse a ja dijo tsa mo mosong mme morago ga moo a bo a rapela le ene pele ga a ya sekolong. Seno se ne se thusa morwawe gore a se ka a ineela fa a lebane le dikgang tse di malebana le bosetšhaba, a se ka a raelesega go nna le boitshwaro jo bo sa siamang le gore a kgone go rerela baithuti le barutabana ka bopelokgale. Le fa gone e ne e le ene fela Mosupi kwa sekolong, o ne a sa ikutlwe a jewa ke bodutu.
3 Fa e le gore ga lo kgone go tshwara temana ya letsatsi mo mosong, lo ka nna lwa e tlhatlhoba lo le lelapa moragonyana mo letsatsing, gongwe ka nako ya dijo tsa maitseboa. Gape bangwe ba dirisa nako eno go tlotla ka maitemogelo a mo bodireding jwa tshimo le ka dintlha tse ba di ithutileng fa ba ne ba ipalela Baebele. Ba le bantsi ba gakologelwa dinako tseno tsa fa ba ntse mmogo fa tafoleng e le dingwe tsa dinako tse di itumedisang go di gaisa tsotlhe tse ba ileng ba nna le tsone ba na le ba malapa a bone.
4 Bosigo: Mo malapeng mangwe, nako e e siameng ya go tshwara temana ya letsatsi ke pele ga go robalwa. Gape eno e ka nna nako e e molemo ya go rapela mmogo. Fa bana ba gago ba go utlwa letsatsi le letsatsi o bua ka Jehofa e bile o mo rapela, Jehofa o nna motho wa mmatota mo go bone.
5 E kete Jehofa a ka segofatsa maiteko a o a dirang go ruta bana ba gago boammaaruri ka iketlo fa o ntse o dirisa ka botlalo buka ya Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe.