Sekaseka Lefoko la ga Jehofa Letsatsi le Letsatsi!
1 Letsatsi lengwe le lengwe le lere dikgwetlho tse disha mo tumelong ya gago. Gongwe motho mongwe yo o mo tlwaetseng wa lefatshe o go emeletse gore o intshe le ene. Morutabana wa gago o batla gore o latelele tiro ya boitshediso kana mong wa gago o batla gore o bereke diura tse di oketsegileng. Boitekanelo jwa gago bo ka tswa bo koafala. Le fa gone diteko tse di ntseng jalo di ka go wela nako nngwe le nngwe, ga o nosi. Jehofa o iketleeditse go go naya botlhale jo bo tlhokegang go di itshokela. Go sekaseka temana ya Baebele le dikakgelo tsa Go Tlhatlhoba Dikwalo ke mokgwa o mongwe wa go tlhatlhoba Lefoko la ga Jehofa ka metlha. A o sola thulaganyo eno molemo?
2 Thuso e Teng: Isaia 30:20, (NW) e tlhalosa Jehofa e le “Motlhatlheledi yo Mogolo Thata” yo batho ba Modimo ba ka lebang kwa go ene go bona thuso. O go naya dilo tse o di tlhokang gore o ka lebana le dilo tse di gwetlhang tumelo ya gago. Jang? Temana e e latelang e tlhalosa jaana : “Ditsebe tsa lona di tla utlwa lefoko kwa morago ga lona le re: ‘Tsela ke e. Tsamayang ka yone.’” Gompieno, Jehofa o romela “lefoko” la gagwe ka Dikwalo le ka dikgatiso tsa “motlhanka yo o boikanngo.” (Math. 24:45) Go na le letlotlo la botlhale mo ditlhogong tsa nako e e fetileng tsa Tora ya Tebelo, tse di tlotlang ka dikarolo tsotlhe tsa botshelo jwa Bokeresete. Go tlhatlhoba tse di nopotsweng mo go Go Tlhatlhoba Dikwalo go go thusa go aga bobolokelo jwa kitso jo bo leng botlhokwa thata mo go dirisaneng le diteko tsa mefuta yotlhe.—Isa. 48:17.
3 Itirele Thulaganyo: Mmè mongwe o ne a tlhomamisa gore ene le morwawe ba bala le go buisana ka temana le dikakgelo fa a ntse a ja sefitlholo, le fa gone mo mosong e le nako e ba tshwaregileng thata ka yone. Mafoko ano mmogo le thapelo e ne e le one a bofelo a morwa yono a neng a a utlwa moso mongwe le mongwe pele ga a ya kwa sekolong. A ne a mo nonotsha gore a gane go lekeletsa tlhakanelodikobo, go ipaya mo boemong jo bo raelang fa a lebane le kgang ya bosetšhaba le go naya bosupi ka bopelokgale mo baithuting le mo barutabaneng. Le fa gone e ne e le ene fela Mosupi kwa sekolong, o ne a se nke a ikutlwa a jewa ke bodutu.
4 Senka thuto le kaelo mo go Jehofa le mo Lefokong la gagwe. Fa o dira jalo, e tla nna motho wa mmatota mo go wena, jaaka tsala e o ikanyang. Senka thuso ya gagwe letsatsi le letsatsi! E kete wena le dimilione tsa batho ba bangwe ba ba tlhatlhobang Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi, lo ka fitlhela gore matlho a lona a nna “matlho a a bonang Motlhatlheledi wa lona yo Mogolo.”